Fetela kwa tshedimosetsong

SINGAPORE

Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone

Puso ya Singapore e pateletsa batho go tsenela tirelo ya sesole e bile ga e tlotle ditshwanelo tsa batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Makawana a Basupi a a ganang go tsenela bosole a lebana le katlholo ya go ya kgolegelong dikgwedi di le 39.

Fa mosha wa Mosupi a tshwara dingwaga di le 18, molao wa sesole wa naga wa re mosha yoo o tshwanelegela go ikwadisetsa bosole. Fa a gana, o tsenngwa mo kgolegelong ya sesole ka dikgwedi di le 15. Go tswa foo, o a gololwa a bo a laelwa go apara diaparo tsa sesole e le go ikatisetsa sesole. Fa a gana go dira jalo, o isiwa kwa kgotlatshekelong ya sesole e e tla mo atlholelang dikgwedi di le 24.

Singapore e Gana go Ikobela Ditaelo Tsa UN

Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga le bolo go raya maloko a lone le re: “Go ya ka Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho, tshwanelo ya go gana go tsenela sesole ka ntlha ya segakolodi e tshwana fela le ya kgololesego ya go akanya, ya go dirisa segakolodi le ya bodumedi.” Singapore ga e bolo go nna leloko la UN go tloga ka 1965 mme ga e dumalane le UN mo ntlheng eno. Mo lekwalong la April 24, 2002, le le neng le kwaletswe Khomishene ya UN ya Ditshwanelo Tsa Batho, modiredipuso wa Singapore o ne a re: “Fa tumelo ya motho kgotsa ditiro tsa gagwe di le kgatlhanong le tshireletsego ya naga, tshwanelo ya naga ya go sireletsega e tshwanetse go tla pele.” Modiredi o ne a tswelela ka go re: “Ga re dumalane le tshwetso eo ya gore motho o na le tshwanelo ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi.”

Tatelano ya Ditiragalo

  1. March 10, 2015

    Basupi ba ga Jehofa ba le 17 ba tswalelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole.

  2. December 12, 2014

    Basupi ba ga Jehofa ba le 19 ba tswalelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole, go akaretsa le yo o neng a ganne go nna lesole le le bidiwang fa go tlhokega.

  3. September 16, 2014

    Basupi ba le 15 ba tswalelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole, go akaretsa le yo o neng a ganne go nna lesole le le bidiwang fa go tlhokega.

  4. July 30, 2014

    Basupi ba le 16 ba tswalelwa mo kgolegelong ya Kampa ya Magolegwa a Sesole sa Singapore ka ntlha ya go gana go tsenela bosole.

  5. November 2013

    Basupi ba le 18 ba tswalelwa mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go tsenela bosole.

  6. April 24, 2002

    Modiredipuso o bolela gore Singapore ga e dumalane le gore motho a nne le tshwanelo ya go gana go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi.

  7. February 1995

    Go tlhorontshiwa le go tshwarwa ga Basupi ba ga Jehofa ba mo Singapore go a oketsega.

  8. August 8, 1994

    Kgotlatshekelokgolo ya Singapore e tsholola kgetsi ya boikuelo ya Basupi.

  9. January 12, 1972

    Puso ya Singapore e phimola leina la Basupi semolao.