Fetela kwa tshedimosetsong

SEETEBOSIGO 4, 2014
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Basupi ba Simolola Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba

Basupi ba Simolola Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba

NEW YORK—Kopano ya ntlha ya ditšhabatšhaba ya malatsi a le mararo ya Basupi ba ga Jehofa ya setlhogo se se reng “Nnang lo Batle Pele Bogosi Jwa Modimo!” e tla simolola ka Labotlhano mo mosong ka Seetebosigo 6, 2014, kwa Ford Field kwa Detroit, Michigan, USA. Dikarolo tsa thulaganyo eno di tla gasiwa kwa mafelong a mangwe a a kwa Arizona, California, Florida, Illinois, Missouri, New Jersey le North Carolina mme di tla ranolelwa mo dipuong tsa Se-Albania, Se-Korea, Se-Poland le Sepotokisi.

J. R. Brown, mmueledi wa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, a re: “Mo dibekeng tse tharo tse di fetileng, Basupi ba kwa Detroit le kwa ditoropong tse di tla bong di gokagantswe ka bidio ba ntse ba laletsa baagisani ba bone go nna gone mo tiragalong eno e e tlhomologileng. Kwa Detroit, re solofetse batho ba ka nna 45 000 ba ditso tse di farologaneng, go akaretsa le baemedi ba ba fetang 2 000 ba ba tswang kwa Australia, Canada, Jeremane le Taiwan.”

Mo pakeng eno ya selemo, Basupi mo United States ba tla tshwarela dikopano tsa ditšhabatšhaba di le 16 mo ditadiamong tse dikgolo mo dikarolong di le lesome tsa US. Mo mafelong a mangwe thulaganyo e tla neelwa yotlhe kgotsa bontlhanngwe jwa yone ka Puo ya Diatla ya Amerika, Se-Albania, Searabia, Se-Armenia, Se-Canton, Se-Chuuk, Se-Creole sa kwa Haiti, Sefora, Segerika, Se-Hindi, Se-Iloko, Se-Indonesia, Se-Italy, Sejapane, Se-Korea, Se-Mandarin, Se-Marshall, Seperesia, Se-Poland, Se-Romania, Se-Russia, Se-Samoa, Se-Spain, Se-Tagalog, Se-Twi le Se-Vietnam. Go simolola ka Seetebosigo 2014 go fitlha ka 2015, Basupi ba tla tshwarela dikopano tsa ditšhabatšhaba kwa Australia, Ecuador, Engelane, Gerika, Jeremane, Korea Borwa, Mexico le Zimbabwe.

Media Contact(s):

International: J. R. Brown, Office of Public Information, tel. +1 718 560 5000