Dikgang Tsa Bosheng
Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Russia e Dumalana le Tshwetso ya go Thibela Tiro ya Basupi ba ga Jehofa
Kgotlatshekelo e dumalana le tshwetso ya April 20, 2017. Basupi kwa Russia ba tla ikuela kwa dikgotlatshekelong tse di emelang ditshwanelo tsa batho.
Kazakhstan e Tswala Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa
Kgotlatshekelo ya Almaty ya kwa Kazakhstan e ntshitse katlholo ya go tswala Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Kazakhstan ka dikgwedi tse tharo.
Puso e Leboga Basupi ba ga Jehofa, go Akaretsa le Mosupi wa Kwa Denmark Yo o Mo Kgolegelong
Badiredipuso ya Oryol ba leboga Basupi ba ga Jehofa, go akaretsa le moagi wa Denmark, go bo ba nnile le seabe mo letsholong la go phepafatsa toropo.
Bidio e e Bontshang Mapodise a Russia a Tsena ka Dikgoka mo Holong ya Basupi ba ga Jehofa
Bidio e e bontshang mapodise a Russia a tsena ka dikgoka le go kgoreletsa pokano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Oryol kwa Russia.
Bidio e e Bontshang Mapodise a Russia a Tsena ka Dikgoka mo Holong ya Basupi ba ga Jehofa
Mapodise a a tlhometseng a Russia a tsene ka dikgoka le go kgoreletsa dipokano tsa Basupi ba ga Jehoa kwa Oryol kwa Russia ka May 25, 2017.
Tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Russia e Dira Gore Basupi ba ga Jehofa ba Boge
Tshwetso eo e ile ya senya Basupi leina e bile e dirile gore batho bangwe le badiredipuso ba bogise Basupi le go feta.
Bana ba Babedi ba Basupi ba ga Jehofa ba Boela Kwa Sekolong
Bana ba babedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lelekiwa kwa sekolong fa ba ne ba gana go opela pina ya setšhaba. Botsamaisi jwa sekolo bo dumetse gore ba boele sekolong.
Kgotlatshekelo ya South Korea e Tlotla Ditshwanelo Tsa Batho ba ba Ganang go Tsenela Bosole
Kgotlatshekelo e dirile tshwetso ya gore ofisi ya botsamaisi jwa sesole e se ka ya phasalatsa tshedimosetso ya batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone.
Poresidente Putin o Naya Batsadi ba Basupi ba ga Jehofa Sekgele
Kwa moletlong o o neng o tshwerwe kwa Kremlin, Poresidente Vladimir Putin o ne a naya Basupi ba ga Jehofa ba babedi e bong Valeriy le Tatiana Novik sekgele sa go godisa bana ba le robedi.

