O a Lalediwa
Segopotso sa Loso Lwa ga Jesu
Labone, April 2, 2026
Re go laletsa go tla mo ditiragalong tseno tse pedi
Puo e e Kgethegileng ya Baebele
“Ke Mang yo o Tla Baakanyang Lefatshe?”
Go tlile go direga eng ka lefatshe le batho? Ithute mo go oketsegileng ka bokamoso.
Segopotso sa Loso Lwa ga Jesu
Mo tiragalong eno e e botlhokwa, Basupi ba ga Jehofa ba gopola loso lwa ga Jesu fela jaaka a laetse.—Luke 22:19.
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Ke mang yo o ka tlang?
Go lalediwa mongwe le mongwe. O ka tla le ba lelapa la gago.
Dithulaganyo tseno di tlile go tsaya lobaka lo lo kae?
Puo e e kgethegileng ya Baebele e tla tsaya metsotso e le 30. Morago ga puo, go tla tlotliwa ka setlhogo se se theilweng mo Baebeleng se se tla tsayang ura.
Thulaganyo ya Segopotso e tla tsaya ura.
Dithulaganyo tseno di tla tshwarelwa kae?
Fa o batla lefelo le dithulaganyo tseno di tla tshwarelwang kwa go lone, ya kwa godimo mme o tobetse “Batla Lefelo le Puo Eno e Tla Tshwarelwang Kwa go Lone” kgotsa “Batla Lefelo le Segopotso se Tla Tshwarelwang Kwa go Lone.”
Fa ke etela Basupi ba ga Jehofa, a ke itlama gore ke tla nna ke ba etela le gore ke tla ithuta Baebele le bone?
Nnyaa.
A go tsewa koleke?
Nnyaa. Ga re tseye koleke.—Mathaio 10:8.
A go na le tsela e ke tlhokang go apara ka yone?
Nnyaa. Mme gone, Basupi ba ga Jehofa ba leka go apara ka tsela e e seriti le e e bontshang tlotlo.
Go tla direga eng kwa Segopotsong?
Thulaganyo e tla simolola le go konelwa ka pina le thapelo. Go tla rapela mongwe yo o tlhophilweng wa Basupi ba ga Jehofa. Thulaganyo eno e tla re tlhalosetsa kafa loso lwa ga Jesu lo leng botlhokwa ka gone le gore se Modimo le Keresete ba re diretseng sone se re solegela molemo jang.
Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Selalelo ka Tsela e e Farologaneng le ya Madumedi a Mangwe?”
Segopotso se tla tshwarwa leng gape?
2026: Labone, April 2
2027: Mantaga, March 22
2028: Sontaga, April 9
Go ithuta mo go oketsegileng, leba dibidio tse di latelang.
Bona kafa Segopotso se tla tshwarwang ka gone, le gore loso lwa ga Jesu lo tla re tlisetsa masego afe mo nakong e e tlang.
O ka tswa o utlwile gore o swetse maleo a rona. Mme gone, a loso lwa motho a le mongwe lo ka solegela batho botlhe molemo?
Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi?
Iponele mo bidiong eno.
Itseele taletso eno.

