Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Selalelo ka Tsela e e Farologaneng le ya Madumedi a Mangwe?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Selalelo ka Tsela e e Farologaneng le ya Madumedi a Mangwe?

Re latela ditaelo tse di mo Baebeleng ka kelotlhoko tse di malebana le go tshwara Sejo sa Morena sa Maitseboa, se gape se itsegeng e le “selalelo sa Morena.” (1 Bakorintha 11:20; Baebele e e Boitshepo) Ka fa letlhakoreng le lengwe, madumedi a le mantsi ga a tshware tiragalo eno ka tsela e e dumalanang le se Baebeleng e se rutang.

Boikaelelo

Boikaelelo jwa go tshwara Sejo sa Morena sa Maitseboa ke go gopola Jesu le go lebogela setlhabelo se a re se ntsheditseng. (Mathaio 20:28; 1 Bakorintha 11:24) Tiragalo eno ga se sakaramente kgotsa moletlo mongwe wa mautlwelobotlhoko kgotsa wa go itshwarelwa dibe. * Baebele e re ruta gore maleo a rona a ka itshwarelwa e seng ka meletlo ya dikereke, mme fela ka ntlha ya go dumela mo go Jesu.—Baroma 3:25; 1 Johane 2:1, 2.

Se tshwarwa ga kae?

Jesu o laetse barutwa ba gagwe gore ba gopole Sejo sa Morena sa Maitseboa, fela ga a umaka gore ga kae. (Luke 22:19) Bangwe ba akanya gore se tshwanetse go tshwarwa kgwedi le kgwedi, beke le beke, letsatsi le letsatsi, makgetlonyana mo letsatsing kgotsa nako nngwe le nngwe e ba e batlang. * Le fa go ntse jalo, go na le dintlha dingwe tse di tshwanetseng go elwa tlhoko.

Jesu o simolotse Sejo sa Morena sa Maitseboa ka letsatsi la Tlolaganyo ya Bajuda mme a bo a swa moragonyana ka lone letsatsi leo. (Mathaio 26:1, 2) Seo ga se gakgamatse. Dikwalo di tshwantsha setlhabelo sa ga Jesu le kwana ya Tlolaganyo. (1 Bakorintha 5:7, 8) Tlolaganyo e ne e tshwarwa gangwe fela ngwaga le ngwaga. (Ekesodo 12:1-6; Lefitiko 23:5) Ka tsela e e tshwanang, Segopotso sa loso lwa ga Jesu se ne se tshwarwa gangwe fela mo ngwageng ke Bakeresete * ba pele, mme Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao seo se se mo Baebeleng.

Letlha le nako

Sekao se Jesu a ileng a se tlhoma ga se re lemotshe fela gore Segopotso se tshwanetse go tshwarwa ga kae mme gape se re naya letlha le nako ya sone. O ile a tlhoma Segopotso fa letsatsi le sena go tikela ka Nisane 14, 33 C.E., go ya ka khalendara ya Baebele e e lejwang ka ngwedi. (Mathaio 26:18-20, 26) Le rona re tshwara Segopotso ngwaga le ngwaga ka lone letsatsi leo, re latela tsela e Bakeresete ba pele ba neng ba dira ka yone. *

Le fa Nisane 14, 33 C.E., e ne e le Labotlhano, ngwaga le ngwaga letlha la tiragalo eno le ka wela mo malatsing a a farologaneng mo bekeng. Ngwaga le ngwaga, re dirisa mokgwa o o neng o dirisiwa ka motlha wa ga Jesu go batlisisa gore Nisane 14 e ka letsatsi lefe, go na le go dirisa khalendara ya Sejuda ya bosheng. *

Senkgwe le beine

Fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso, o ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e e khibidu tse di neng di setse mo sejong sa Tlolaganyo. (Mathaio 26:26-28) Re latela sekao sa gagwe ka go dirisa senkgwe se se sa bedisiwang kgotsa se se sa tsenngwang sepe, gape re dirisa beine e e khibidu, e seng matute a morara kgotsa beine e e tsentsweng sukiri, tagi kgotsa ditswaiso.

Madumedi a mangwe a dirisa senkgwe se se nang le sebediso kgotsa yeast, mme mo Baebeleng gantsi sebediso se tshwantshetsa boleo le boikepo. (Luke 12:1; 1 Bakorintha 5:6-8; Bagalatia 5:7-9) Ka jalo, senkgwe se se se nang sebediso kgotsa ditsompelo tse dingwe ke sone fela se se ka tshwantshetsang mmele wa ga Jesu Keresete o o se nang boleo. (1 Petere 2:22) Sengwe gape se se sa dumalaneng le Baebele, ke go dirisa matute a morara a a sa bedisiwang mo boemong jwa beine. Dikereke tse dingwe di dira jalo ka ntlha ya melao ya tsone ya go thibela batho go nwa bojalwa e e sa theiwang mo Dikwalong.—1 Timotheo 5:23.

Ke ditshwantshetso, e seng nama le madi a mmatota

Senkgwe se se sa bedisiwang le beine e e khibidu tse di dirisiwang kwa Segopotsong ke ditshwantshetso, di tshwantshetsa mmele le madi a ga Jesu. Ga di fetoge ka tsela ya kgakgamatso go nna nama le madi a gagwe, jaaka bangwe ba akanya. Ela tlhoko gore Dikwalo di a reng ka kgang eno.

  • Fa Jesu a ka bo a laetse barutwa ba gagwe gore ba nwe madi a gagwe, o ne a tla bo a raya gore ba tlole molao wa Modimo o o kgatlhanong le go ja madi. (Genesise 9:4; Ditiro 15:28, 29) Go ne go ka se nne jalo, ka gonne Jesu o ne a ka se laele batho gore ba tlole molao wa Modimo wa gore madi a boitshepo.—Johane 8:28, 29.

  • Fa e le gore baaposetoloi ba ne ba nwa madi a ga Jesu, Jesu a ka bo a sa bua ka madi a gagwe a re ‘a tla tshololwa,’ mo go rayang gore o ne sa ntse a tla intsha setlhabelo.—Mathaio 26:28.

  • Jesu o ne a intsha setlhabelo “gangwe felafela.” (Bahebera 9:25, 26) Le fa go ntse jalo, fa e le gore senkgwe le beine di ne tsa fetoga go nna nama le madi a gagwe, go raya gore ba ba jang Sejo sa Morena sa Maitseboa ba tla bo ba boeletsa setlhabelo seo.

  • Jesu o ne a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola,” e seng “e le go nkentsha setlhabelo.”—1 Bakorintha 11:24.

Ba ba dumelang gore senkgwe le beine di fetoga ka kgakgamatso go nna mmele le madi a ga Jesu ba dumela jalo ka ntlha ya tsela e ditemana dingwe di balegang ka yone. Ka sekai, dithanolo tse dintsi tsa Baebele tsa re Jesu o bua jaana ka beine: “Gonne se ke madi a me.” (Mathaio 26:28) Le fa go ntse jalo, mafoko ao a ga Jesu a ka ranolwa jaana: “Seno se kaya madi a me,” “Seno se emela madi a me” kgotsa “Seno se tshwantshetsa madi a me.” * Fela jaaka gale, le mo lekgetlong leno Jesu o ne a ruta a dirisa dipapiso.—Mathaio 13:34, 35.

Ke bomang ba ba jang?

Fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwere Sejo sa Morena sa Maitseboa, ke Basupi ba se kae fela ba ba jang senkgwe le beine. Goreng go le jalo?

Madi a setlhabelo sa ga Jesu a ile a tlhoma “kgolagano e ntšha” e e neng ya emisetsa kgolagano e Jehofa Modimo a neng a e dirile le Baiseraele. (Bahebera 8:10-13) Ba e leng karolo ya kgolagano eo e ntšha ke bone ba ba jang kwa Segopotsong. Kgolagano eo ga e akaretse Bakeresete botlhe, mme e akaretsa fela “ba ba biditsweng” ke Modimo ka tsela e e kgethegileng. (Bahebera 9:15; Luke 22:20) Bano ke bone fela ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong, mme Baebele ya re ke batho ba le 144 000 ba ba nang le tshiamelo eo.—Luke 22:28-30; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3.

Go farologana le “letsomanyane” la ba ba tla busang le Keresete, bontsi jwa rona re na le tsholofelo ya go nna karolo ya “boidiidi jo bogolo” jo bo tla nnang mo lefatsheng ka bosakhutleng. (Luke 12:32; Tshenolo 7:9, 10) Le fa rona ba re nang le tsholofelo ya go nna mo lefatsheng re sa je kwa Segopotsong, re nna gone e le go bontsha gore re lebogela setlhabelo se Jesu a re ntsheditseng sone.—1 Johane 2:2.

^ ser. 4 McClintock and Strong’s Cyclopedia, Bolumo IX, tsebe 212, ya re: “Lefoko sakaramente ga le yo mo Tesetamenteng e Ntšha; tota le lefoko la Segerika μυστήριον [my·steʹri·on] ga le dirisiwe fa go buiwa ka kolobetso, Sejo sa Morena kana le fa e le meetlo epe fela.”

^ ser. 6 Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di dirisa mafoko “ka gale” fa di bua ka Sejo sa Morena sa Maitseboa, mme batho ba tsaya gore mafoko ano a kaya makgetlo a sejo seo se tshwanetseng go jewa ka one. Le fa go ntse jalo, tsela e e maleba ya go tlhalosa mafoko ano ke go re “ka nako epe fela” kgotsa “nako le nako.”—1 Bakorintha 11:25, 26; New International Version; Good News Translation.

^ ser. 7 Bona The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge, Bolumo IV, tsebe 43 le 44, le McClintock and Strong’s Cyclopedia, Bolumo VIII, tsebe 836.

^ ser. 9 Bona The New Cambridge History of the Bible, Bolumo 1, tsebe 841.

^ ser. 10 Khalendara ya bosheng ya Sejuda e dirisa ngwedi yo mosha wa baithuta-dinaledi go bona gore kgwedi ya Nisane e simologa leng, mme tsela eo ya go dira dilo ga se yone e e neng e dirisiwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Go na le moo, kgwedi e simologile fa ngwedi yo mosha o ne o simolola go bonala kwa Jerusalema, mo e ka nnang letsatsi kana go feta morago ga go bonala ga ngwedi yo mosha yo o bonweng ka go dirisa thutodinaledi. Pharologano eno ke lengwe la mabaka a go bo e se ka metlha gore Basupi ba ga Jehofa ba tshware Segopotso ka letlha le Bajuda ba motlha ono ba tshwarang Tlolaganyo ka lone.

^ ser. 20 Bona A New Translation of the Bible, ya ga James Moffatt; The New Testament—A Translation in the Language of the People, ya ga Charles B. Williams; le The Original New Testament, ya ga Hugh J. Schonfield.