Fetela kwa tshedimosetsong

Mpho E e Sa Lebalesegeng

Mpho E e Sa Lebalesegeng

Ka July 2013, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa kwala lekwalo, se kwalela barongwa le ba bangwe ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Lekwalo leo le ne le ba itsise ka thulaganyo e e dirilweng ya go thusa go nna gone kwa kopanong ya tikologo le ya boditšhabatšhaba. Dikopano tseno di ne di tla tshwarwa ka 2014 le ka masimologo a 2015.

Gape thulaganyo eno e ne e diretswe go ba thusa go ipha nako le ba malapa kgotsa ditsala. Lekwalo leo le ne le tlhalosa gore ba tla duelelwa dithekete tsa go ya le go boa.

Le fa go kile ga dirwa dithulaganyo tse di tshwanang le eno mo nakong e e fetileng, mo lekgetlong leno go ne go tla farologana. Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang e ne ya tlhoma lefapha le lesha kwa ntlokgolong, le le ikarabelelang ka go rulaganya maeto.

Morago ga kitsiso eno, dikopo tsa dithekete di ne tsa simolola go rothegela jaaka marothodi a pula mme ka January 2014, marothodi ao a ne a nna morwalela. Lefapha leno le ne la dira dipatlisiso le bo le rulaganya maeto go ralala lefatshe.

E ne e le kgwetlho go rulaganya maeto a mangwe. Ka sekai, ba ba neng ba le kwa Reykjavík, Iceland, ba ne ba tlhoka go ya kwa Cochabamba, Bolivia. Bangwe kwa Nouméa, New Caledonia, ba ne ba tlhoka go ya Antananarivo, Madagascar. Ba bangwe ba ne ba fofa go tswa kwa Port Moresby, Papua New Guinea, go ya kwa Seattle, Washington, U.S.A., fa ba bangwe go tswa kwa Ouagadougou, Burkina Faso, ba ne ba ya Winnipeg, Canada.

Lefapha leno la batho ba le tlhano le ne la rulaganya maeto a difofane a ka nna 19 000. Ba ne ba dirisa meneelo ya diphuthego e e neng e ntsheditswe thulaganyo eno mme ba romela dithekete di ka nna 4 300 tsa batho ba ba tla yang kwa dinageng di le 176.

Thulaganyo eno e ne ya anaanelwa fela thata. Banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba kwala jaana: “Gompieno re boela kwa re direleng teng kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Re a lo leboga ka diatla tsoopedi ka go re rulaganyetsa loeto lwa go tla gae mo England go tla go bona ba malapa a rona morago ga dingwaga di le tlhano. Fa e ka bo e se ka thulaganyo eno re ka bo re sa kgona. Ka jalo re leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo thulaganyong eno.”

Morongwa yo o direlang kwa Paraguay o ne a kwala jaana: “Nna le mosadi wa me re rata go lo leboga ka tshono e re nnileng le yone ya go ya kopanong ya boditšhabatšhaba kwa New Jersey, U.S.A. Ka 2011, re ne ra ipeela mokgele wa go ya United States go ya go bona ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Re ne re ipeetse madi. Le fa go ntse jalo, ka June wa one ngwaga oo, re ne ra lalediwa gore re etela diphuthego tsa dipuo tsa diatla kwa Paraguay. Go ne go raya gore re tla tsamaya thata. Morago ga go akanya ka yone, re ne ra bona gore go na le go ya United States re reke koloi gore re kgone go diragatsa thomo ya rona. Fa re ntse re ntse re ne ra bona fela re lalediwa kopanong ya boditšhabatšhaba. Jaanong re ne ra kgona go fitlhelela mokgele wa rona! Ruri re leboga Jehofa ka bomolemo le lorato lwa gagwe lo logolo.”

Banyalani bangwe go tswa kwa Malawi ba ne ba kwala jaana, “Re ne re re fela re lo romelele e-mail eno go lo leboga thata! Re a itse gore go dira dithulaganyo tseno e nnile namane e tona ya tiro le gore go dirisitswe nako le madi a mantsi. Re lebogela tiro ya lona ya bonatla, segolobogolo bopelotshweu jwa phuthego ya ga Jehofa, go bo e re thusitse go ya kopanong ya boditšhabatšhaba le gore re nne le nako ya go bona masika le ditsala.”

Ba ba neng ba direla mo lefapheng la go rulaganya maeto ba ne ba itumeletse kabelo ya bone. Mileivi o ne a re: “Go ne go ama pelo tota go thusa barongwa go boela gae go ya go bona ba masika le ditsala.” Dorise ene o ne a re: “Go ne ga mpontsha gore ruri phuthego ya Modimo e rata ba ba direlang kwa dinageng di sele.” Rodney, yo o neng a okametse lefapha leno o ne a re: “Go ne go itumedisa tota go nna le seabe mo porojekeng eno.”

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba itumelela tshono ya go ntsha meneelo ya go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba dirang ka natla.