Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Potso: A o akanya gore seemo sa lefatshe leno se ka bo se le botoka fa batho ba ka bo ba ikobela molaomotheo ono?
Temana: Bah 13:18
Fa o mo naya kgatiso: Baebele e re kgothaletsa go ikanyega mo dilong tsotlhe. Ka jalo, re tshwanetse go ikanyega mo botshelong. Ke yone kgang e go tlotliwang ka yone mo makasineng ono wa Tora ya Tebelo.
TORA YA TEBELO (setlhogo sa bofelo)
Potso: O ka araba potso eno jang? [Bala potso ya ntlha.] Batho bangwe ba dumela gore fa re sena go swa moya wa rona o ya golo gongwe mme bangwe ba dumela gore loso ke bokhutlo jwa sengwe le sengwe. Wena o a reng?
Temana: Mor 9:5
Fa o mo naya kgatiso: Setlhogo seno se tlhalosa gore Baebele ya reng ka kgang eno. Gongwe o ka sala o ipalela, re bo re tlotla gape ka kgang eno mo nakong e e tlang.
DIKGANG TSE DI MOLEMO TSE DI TSWANG KWA MODIMONG!
Fa o mo naya kgatiso: Ke tlile jaana go go bolelela ka thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele le batho mahala. Boroutšhara jono bo bontsha gore o ka dirisa Baebele jang go bona dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa.
Potso: A o kile wa bala Baebele? E re ke go bontshe gore go motlhofo jang go ithuta Baebele ka boroutšhara jono. [Tlotlang ka potso 1 mo thuto 2.]
Temana: Tsh 4:11
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.