Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
Tsa Basha
Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone.
AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA GENESISE 19:1-14.
Tlhalosa gore o akanya gore baeng ba ga Lote ba ne ba lebega jang.
․․․․․
Batho ba ba neng ba le mo segopeng seo e ne e le ba mofuta ofe?
․․․․․
DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.—BALA GENESISE 13:7-13.
Go tlile jang gore Lote e nne moagi wa kwa Sodoma?
․․․․․
Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a re batho ba motse oo ba tshwanelwa ke go senngwa?
․․․․․
BALA GENESISE 19:15-26.
Jehofa o ne a bontsha Lote bopelotlhomogi ka ditsela dife?
․․․․․
Ke ka ntlha yang fa mosadi wa ga Lote a ne a gadima kwa morago?
․․․․․
Ke ka ntlha yang fa a ne a senngwa?
․․․․․
DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .
Tsela e Jehofa a lebang boikepo ka yone. ․․․․․
Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa.
․․․․․
Lebaka la go bo Jehofa a ne a tlhagisa batho ba gagwe pele a tlisa katlholo.
․․․․․
Ke ntlha efe e o bonang e tla go solegela molemo thata mo pegong eno, le lebaka la seno.
․․․․․