Ithulaganye

Ithulaganye

Go ithulaganya ga go tlhoke matsapa a a kalo, mme go ka felela ka melemo e mentsi—o nna le nako e e oketsegileng, ga o nne le kgatelelo ya maikutlo e bile o bona maduo a a botoka.

AKANYA o tsena mo lebenkeleng go ya go reka sengwe mme dilo tsotlhe tse di rekisiwang di gasame fela di sa rulaganngwa sentle. Go ne go tla go tsaya lobaka lo lo kae go bona se o se batlang? A o ne o ka se se bone motlhofo fa dilo tse di mo lebenkeleng di ne di beilwe sentle ka thulaganyo mme dikarolo tse dilo di beilweng mo go tsone di tshwailwe sentle? O ka tsaya sekolo ka tsela e e tshwanang. Jang?

Itirele thulaganyo.

Zachary wa dingwaga tse 18 wa kwa United States a re: “Nako nngwe ke ne ka lebala gotlhelele ka tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae—mo godimo ga moo ka se dire ditiro tsa me tsa mo lapeng—ka gonne ke ne ke feditse mafelobeke ke etetse tsala ya me kwa gabone. Ka Mantaga ke ne ka tshwanelwa ke go kopa barutabana ba me gore ke tlise tiro ya me moragonyana. Gone jaanong ke dira manaane a dilo tse ke tshwanetseng go di dira, mme a nthusa go gakologelwa se ke tshwanetseng go se dira.”

Go dira lenaane go ne ga thusa le mosadi mongwe yo mosha wa kwa Papua New Guinea e bong Celestine. Fa a akanya ka dinako tsa fa a ne a tsena sekolo, a re: “Ke ne ke dirile thulaganyo ya ditiro tsa me tsotlhe, go akaretsa tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, ditlhatlhobo le dilo tsa boitapoloso. Go dira jalo go ne ga nthusa gore ke itse dilo tse ke tshwanetseng go di dira pele ga ba ga nthusa gore ke di dire ka nako.”

Ntlha e o ka e dirisang: Kwala lenaane la dilo tse o tshwanetseng go di dira mo bukaneng e nnye, kgotsa o le boloke mo founong ya gago ya selula kgotsa mo sedirisiweng sengwe sa eleketeroniki.

O se ka wa beela dilo nako e e tlang.

Go motlhofo go re, “Ke tla e dira kgantele.” Mme go botoka go dira dilo ka bonako jo bo kgonegang—segolobogolo tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae.

Ntlha e o ka e dirisang: Tlhomamisa gore o dira tiro ya gago ya sekolo e e direlwang kwa gae ka bonako fela fa o sena go fitlha kwa gae, pele o tshuba thelebishene kgotsa o dira sepe fela sa boitapoloso.

Rulaganya dilo tsa gago tsa sekolo sentle.

A o kile wa tsena mo tlelaseng mme wa lemoga gore o lebetse buka ya gago ya go kwala dintlha, pene kgotsa dibuka? O ka kgona go tila mathata ao! Jang? Lekawana lengwe la kwa Myanmar e bong Aung Myo Myat la re: “Ka metlha ke ne ke paka beke ya me ya sekolo go sa le gale.”

Ntlha e o ka e dirisang: Ka metlha boloka beke ya gago ya dibuka e le phepa e bile e rulagantswe sentle gore o kgone go bona dilo tsa gago motlhofo.

Selo sa botlhokwa: Go ithulaganya go tla go thusa gore o se ka wa lebala dilo, o se ka wa nna thari le gore o kgone go nna le nako e e lekaneng ya go dira dilo tse dingwe tsa botlhokwa.

Ke eng fa o sa simolole? Akanya ka sengwe se wena o tlhokang go ithulaganya mo go sone. Go tswa foo, o na le motsadi kgotsa tsala, akanya ka dikakantsho dingwe tse di ka go thusang gore o tokafatse.