O Lalediwa go Nna Gone

Kobamelo ya Boammaaruri

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2025

Batla Kopano e e Gaufi le Wena

Go tsenwa mahala Ga go tsewe dikoleke

Se go Tla Buiwang ka Sone

Labotlhano: Go tla bo go na le metseletsele ya dibidio tse di tla go thusang go bona kafa botshelo bo neng bo ntse ka gone kwa mafelong a Jesu a neng a nna kwa go one e bile a rera kwa go one.

Matlhatso: Dilo tse Jesu a neng a di dira fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, di ne di diragatsa dipolelelopele tse di neng di builwe makgolokgolo a dingwaga pele ga di direga. O tla bona kafa dipolelelopele tseo di ileng tsa diragadiwa ka gone.

Sontaga: Mo puong ya setlhogo se se reng “A o Obamela Se o Se Itseng?,” o tla ithuta gore ke eng fa go le botlhokwa gore o dumela eng e bile o tla ithuta gore o ka bona boammaaruri jang.

Terama ya Baebele

Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu: Episode 2 le 3

Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a nna Mesia kgotsa Keresete. Mo dikgweding tse di ileng tsa latela, o ne a raelwa ke Diabolo, a simolola go dira barutwa a bo a dira le dikgakgamatso tsa gagwe tsa ntlha. O tla bona ditiragalo tseno le tse dingwe di tlhaga mo di-episode tse re tla di lebelelang letsatsi le letsatsi mo kopanong eno.

Bona thulaganyo e e feletseng ya kopano mo jw.org/tn, mme o lebelele dibidio di tse latelang:

Go Direga Eng Kwa Dikopanong Tsa Rona?

Bona gore ke eng se o ka solofelang go se bona kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2025 ya: “Kobamelo ya Boammaaruri”

Bona gore ke eng se re tla bong re se ithuta kwa kopanong ya ngwaga ono.

Se se Mo Terameng ya Baebele ya: Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu

Go tloga fela fa Jesu Keresete a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a lekwa ke baba ba gagwe ba batho, ke Diabolo le madimona. A o ne a se ka a ikanyega mo Modimong?