Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu
Ithute mo go oketsegileng ka Jesu Keresete, Morwa Modimo le Mmoloki wa batho ka go lebelela motseletsele wa dibidio tseno.
Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu—Se se Mo Motseletseleng wa Dibidio
Bona motseletsele wa dibidio tse di tsenyang botshelo mo dibukeng tse nnê mo Baebeleng tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu.
EPISODE 1
Lesedi la Boammaaruri le Tla mo Lefatsheng
Josefa le Marea ba newa tlotla ya go godisa Jesu, ngwana yo o sa tshwaneng le ba bangwe.
EPISODE 2
“Yono ke Morwaake”
Johane Mokolobetsi o itsise go nna gone ga ga Mesia. Jesu o simolola bodiredi jwa gagwe.
EPISODE 3
“Ke Nna Ene”
Jesu o ruta Nikodemo, mosadi wa Mosamarea le batho ba kwa Nasaretha. Le fa go ntse jalo, ga ba tsibogele molaetsa wa gagwe ka go tshwana.
EPISODE 4
“Leno ke Lone Lebaka La go Bo ke Tlile”
Jesu o fodisa balwetse, o leleka madimona, o dira barutwa gape o tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12.
EPISODE 5
“Ba ne Ba Tshwarwa ke Kgakge ka Ntlha ya Tsela e a Rutang ka Yone”
Morago ga go fodisa setlhopha se segolo sa batho, Jesu o neela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng—e leng thero ya gagwe e e itsegeng thata.
EPISODE 6
“A ke Wena Yo o Tlang?”
Jesu o tsosa morwa motlholagadi, o ruta a dirisa ditshwantsho tse di motlhofo le go senola maitlhomo a ba ba mo reeditseng.
Dikgang Tse di Molemo Ka ga Jesu—Lemmenyana la Motseletsele wa Dibidio
Bona lemmenyana le le kgatlhang la motseletsele wa dibidio tse di tsenyang botshelo mo dibukeng tsa Diefangele.

