March 23-29
ISAIA 48-49
Pina 89 le Thapelo | Matseno (1 mots.)
1. Ithute O bo O Dirisa se Jehofa A se Go Rutang
(10 mets.)
Jehofa o ruta batlhanka ba gagwe (Isa 48:17; it “Morutisi, Go Ruta” ¶2)
Re tshwanetse go tlhopha go reetsa Jehofa (Isa 48:18a; ijwbq setlhogo 44 ¶2-3)
Fa re dira jalo, kagiso ya rona e tla nna “fela jaaka noka” e bile tshiamo ya rona “e tla nna jaaka makhubu a lewatle” (Isa 48:18b; lv 198 ¶8)
TLHALOSO: Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “kagiso” le ka kaya botsogo jo bo siameng, tshireletsego, go ritibala, go nonofa le botsala jo bo molemo le ba bangwe.
2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(10 mets.)
-
Isa 49:8—Boporofeti jono bo diragaditswe ka ditsela dife tse tharo? (it “Nako e e Siameng” ¶1-3)
-
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?
3. Mmalo wa Baebele
(4 mets.) Isa 48:9-20 (th thuto 11)
4. Fa o Simolola Motlotlo
(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Laletsa mongwe wa losika yo o tsidifetseng go tla go reetsa puo e e kgethegileng le go tla Segopotsong. (lmd thuto 5 ntlha 3)
5. Fa o Dira Maeto a go Boela
(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Tlhalosetsa mongwe yo o kgatlhegelang go tla Segopotsong gore go tla bo go diragala eng. (lmd thuto 9 ntlha 3)
6. Fa o Dira Maeto a go Boela
(5 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Araba dipotso tsa mongwe yo o neng a tlile Segopotsong. (lmd thuto 8 ntlha 3)
Pina 107
7. Solegelwa Molemo ke Letsatsi Leno le le Botlhokwa
(15 mets.) Motlotlo.
Go nna gone ngwaga le ngwaga kwa Segopotsong go bontsha gore re ikobela taelo ya ga Jesu le gore re lebogela mpho ya thekololo e Jehofa a re e neileng. (Luk 22:19) Gape tiragalo eno e re gopotsa kafa Jehofa le Jesu ba re ratang ka gone. (Bag 2:20; 1Jo 4:9, 10) Re ka dira eng gore thulaganyo eno e re solegele molemo? Re ka thusa jang ba ba kgatlhegelang go tla Segopotsong gore le bone ba solegelwe molemo?
-
Bala Mmalo wa Baebele wa Segopotso letsatsi le letsatsi o bo o akanyetsa kwa teng ka one
-
Akanyetsa kwa teng ka mpho ya thekololo le gore o ka tshela jang ka tsela e e bontshang gore o a e lebogela
-
Dira sotlhe se o ka se kgonang go laletsa ba masika, batho ba o ba itseng le batho ba ba mo lefelong le o nnang mo go lone gore ba nne gone kwa puong e e kgethegileng le kwa Segopotsong
-
Amogela ba ba tlang Segopotsong ka lorato. Le fa go na le ba o ba laleditseng, amogela botlhe ba ba tlileng Segopotsong mme fa go kgonega o ba kope gore ba bape le wena
-
Iphe nako ya go araba dipotso tse ba nang le tsone
-
Amogela ba ba tsidifetseng. Bagolwane ba ele tlhoko batho ba ba tlileng Segopotsong ba ba tlositsweng mo phuthegong mme ba ba amogele ka lorato
Tshameka BIDIO ya Jesu ‘O ne A Tletse go Batla le go Boloka se se Neng se Latlhegile.’ Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:
-
Goreng re tshwanetse go amogela ba ba nang le lobaka ba sa tle dipokanong ka lorato kwa Segopotsong?
8. Thuto ya Baebele ya Phuthego
(30 mets.) lfb thuto 72-73

