MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 13-14
“Emang lo Nitame Mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa”
Jehofa ke Mmoloki yo o kgathalelang batho ba bangwe. O ile a bontsha jang gore o kgathalela Baiseraele fa a ne a ba golola kwa Egepeto?
-
O ile a dira gore ba tsamaye ba tlhomagane. —Ek 13:18
-
O ile a ba kaela le go ba sireletsa. —Ek 14:19, 20
-
O ile a golola batho ba gagwe botlhe. —Ek 14:29, 30
Ke eng se o tlhomamisegileng ka sone fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela?—Isa 30:15

