KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Leba Mananeo a JW o sa Dirise Internet

Go Leba Mananeo a JW o sa Dirise Internet

APRIL 1, 2021

 Kgwedi le kgwedi re swegaswega pelo go lebelela dibidio le mananeo a a mo JW Broadcasting. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi mo Afrika ga ba kgone go lebelela mananeo ano mo Internet. Goreng?

 Batho ba le bantsi mo Afrika ga ba kgone go nna le Internet. Mme kwa go nang le Internet gone, e bonya kgotsa e tura thata. Ka sekai, molebedi mongwe wa potologo kwa Madagascar o kile a itseela thulaganyo ya JW Broadcasting kwa lefelong lengwe le go duelelwang Internet kwa go lone. Ba ne ba mo duedisa R236,64, madi a a fetang a motho a ka a amogelang ka beke!

 Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gone jaanong mo Afrika ba kgona go lebelela JW Broadcasting ba sa dirise Internet. Go tla jang?

 Go simologa ka 2017, batho mo Afrika ba kgona go lebelela mananeo mangwe a a mo JW Broadcasting mo thelebisheneng e e dirisang satalaete. Mananeo ano ke mahala e bile a tsena letsatsi lotlhe ka dipuo di le 16.

Bakaulengwe kwa Mozambique ba baakanya tšhanele ya satalaete ya Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya bone ya Bogosi ka 2018

 Gore seno se kgonege Basupi ba ga Jehofa ba ile ba duela khampani nngwe ya thelebishene gore ba kgone go tsenya mananeo a JW mo thelebisheneng ya satalaete. Satalaete eno e dirisiwa go gasa mananeo mo dinageng di le 35 mo Afrika. Basupi ba ga Jehofa ba duelela tšhanele eno ya satalaete R177 477,60 kgwedi le kgwedi. Ka dinako tse dingwe, ba duela madi a a oketsegileng gore go kgone go gasiwa mananeo a a diragalang ka yone nako eo mo tšhaneleng eo, a a jaaka dikopano kgotsa mananeo a a kgethegileng a a jaaka fa go etetswe lekala.

Bakaulengwe ba ba direlang mo Lefapheng la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga ba kwa Malawi ba lebeletse tšhanele ya satalaete ya Basupi ka 2018

 Batho ba le bantsi, Basupi le ba e seng Basupi ba kgona go lebelela mananeo a JW mo thelebisheneng ya satalaete mo magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba le bantsi ga ba na madi a a lekaneng a gore ba kgone go ithekela dilo tse di tlhokegang gore ba kgone go go lebelela mananeo a JW mo tšhaneleng ya satalaete. Gore ba kgone go lebelela mananeo ano, Diholo Tsa Bogosi di feta 3 670 di tsentswe dilo tse di tlhokegang gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgone go lebelela JW Broadcasting koo. Fa Holo ya Bogosi e setse e na le thelebishene kgotsa porojeketara, dilo tse di tlhokegang di ka ja R1 035,29. Mme fa Holo ya Bogosi e se na thelebishene kgotsa porojeketara, dilo tseo tsotlhe di ka ja R7 838,59.

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba lebogela mananeo ano a JW a a mo thelebisheneng. Mogolwane mongwe wa kwa Cameroon a re: “Lelapa la rona le e tshwantsha le mana mo sekakeng.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Odebode a re: “Re lebelela lenaneo leno re le lelapa gararo mo bekeng. Bongwanake ba itumelela dinako tseno fela thata. E bile ka dinako tse dingwe ba a tle ba re re lebelele tšhanele ya JW fela.” Rose yo le ene a nnang kwa Nigeria a re: “Ke itumelela gore go na le gore ke lebelele dikgang ka dinako tsotlhe ke kgona go lebelela tšhanele ya JW. Ke ne ke nna ke tenwa ke se ke se bonang mo dikgannyeng e bile haebolate ya me e ne e nna e le kwa godimo. Mme mananeo a JW Broadcasting a a kgothatsa e bile a dira gore ke nne le kagiso. Ke rata tšhanele eno tota. Ke tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa.”

Lelapa kwa Malawi le lebeletse bidio ya bana mo tšhaneleng ya satalaete ya Basupi

 Molebedi mongwe wa potologo kwa Mozambique a re mo potologong e a direlang mo go yone, Diholo Tsa Bogosi di na le dilo tse di thusang bakaulengwe gore ba kgone go lebelela tšhanele eno ya satalaete. Bakaulengwe ba ba mo diphuthegong tseno ba goroga nako e sa ntse e le teng pele ga dipokano di simolola gore ba kgone go lebelela JW Broadcasting ka satalaete.

Ka 2018, phuthego nngwe ya kwa Ethiopia e lebeletse lenaneo la JW Broadcasting go sa dirisiwe Internet

 Ka 2019 kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg mo Afrika Borwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba le kwa mafelong a le robongwe a a farologaneng ba ile ba reetsa dipuo tsa konokono ba dirisa tšhanele eno go akaretsa le puo ya leloko la Setlhopha se se Laolang. Sphumelele, yo o direlang mo Lefapheng la Broadcasting kwa lekaleng la Afrika Borwa a re: “Pele re ne re tla tshwanelwa ke go dira gore dipuo tseno di reediwe ka Internet. Mme go tlhokega Internet e e sa kgaogeng ka bonako le gore e duelelwe. Go dirisa tšhanele ya JW ga go ture e bile ga e kgaoge.”

 Re a lo leboga ka meneelo ya lona e lo e ntshang ka bopelotshweu, go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe. Ka ntlha ya meneelo ya lona bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi mo Afrika ba kgona go lebelela JW Broadcasting mo thelebisheneng ya satalaete. Re lebogela meneelo e lo e ntshang lo dirisa ditsela tse di farologaneng tse di mo donate.jw.org.