KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE
Diporojeke Tse di re Tswelang Mosola Mme di Sireletsa Polanete
APRIL 1, 2025
Rona Basupi ba ga Jehofa re a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa Modimo o tlile go baakanya tshenyo e e bakilweng ke batho mo polaneteng ya rona. (Tshenolo 11:18) Le fa gone re itse gore Modimo o tlile go baakanya lefatshe, re dira sotlhe se re se kgonang go le tlhokomela. Ka sekai, dikago tsa rona di agilwe ka tsela ya gore di se ka tsa kgotlela loapi.
Diporojeke tseno tsa go sireletsa polanete di thusa go fokotsa tshenyego ya tikologo. Ke diporojeke dife tse di ntseng jalo tse re setseng re di dirile? Seno se re thusitse jang go dirisa meneelo ka tsela e e siameng?
Tsela ya go Fokotsa Mogote mo Holong ya Dikopano
Fa Holo ya Dikopano ya Matola e e kwa Mozambique e ne e agiwa, go ne go sa agiwa dipota mo matlhakoreng a holo eno e bile go ne go ruletswe ka disenke. Borulelo jono bo ne bo dira gore go nne mogote thata mo holong. Mokaulengwe mongwe wa mo lefelong leo a re: “Mogote ono o ne o dira gore re fufule! Morago ga thulaganyo, bakaulengwe ba ne ba tabogela kwa ntle go ya go fokwa ke phefo.” Re ne ra ipotsa gore re ka dira eng go tokafatsa holo eno gore bakaulengwe ba rona ba kgone go tlhoma mogopolo fa ba reeditse thulaganyo.
Re ne ra tsenya difene tse di fetlhiwang ke phefo, ra bo ra tsenya letsela kgotsa sepontšhe se se fokotsang mogote (insulation), dilo tseno ga di kgotlele loapi. Insulation eno e laola mogote o o tswang kwa letsatsing o tsena mo kagong, mme difene tsone di dira gore go nne go na le phefo e e lekaneng. Difene tseno ga di dirise motlakase mme di dirisa phefo le maatla a tlholego go ntsha phefo e e mogote e e mo holong. Tlhwatlhwa ya fene e le nngwe e ka nna R923,50.
Difene tse di fetlhiwang ke phefo kwa Holong ya Dikopano ya kwa Matola
Phetogo eno e thusitse gore fa bakaulengwe ba le mo Holong ya Kopano ba kgone go hema moya o o phepa. E re ka go nna go na le phefo e e fetang, ga go nne bongola e bile ga go mogote jaaka pele. Sengwe gape ke gore moya wa carbon dioxide o a fokotsega mme jaanong go nna le oxygen e ntsi. Ka ntlha ya seno, bareetsi ba kgona go reetsa sentle. Mokaulengwe yo o buileng pelenyana a re: “Gone jaanong ga re sa tlhole re tabogela kwa ntle fela fa thulaganyo e fela. Go na le moo, ka nako ya dijo tsa motshegare re iketla le ditsala tsa rona mo holong. Fa re le ka fa tlase ga borulelo jono jo bosha, go tshwana le fa re le ka fa tlase ga moriti o o monate wa setlhare se se tona!”
Gone jaanong, bakaulengwe ba rona ba itumelela dikopano
Go Dirisa Mogote wa Letsatsi
Re tsentse di-system tsa photovoltaic (PV) mo bontsing jwa dikago tsa rona lefatshe ka bophara. Thulaganyo eno e dirisa di-solar panel go fetola maatla a letsatsi gore e nne motlakase. Ka ntlha ya seo, ga re ikaege thata ka motlakase o o dirwang ka magala, oli kgotsa gase, e leng dilo tse di kgotlelang loapi. Di-system tsa PV ga di kgotlele loapi thata e bile di re thusa go dirisa meneelo sentle.
Ka 2023 go ile ga tsenngwa system ya PV kwa ofising ya lekala la Slovenia. System eno e dira diperesente di le 30 tsa motlakase o o dirisiwang mo kagong eo. Fa system eno e ka dira motlakase o montsi go feta o o tlhokegang, re letlelela batho ba ba nnang gaufi gore ba ka o dirisa. Tlhwatlhwa ya system eno ke R6 649 200 mme mo dingwageng tse nnê tse di tlang re tla bo re bolokile madi a a fetang a re rekileng system eno ka one.
Lekala la kwa Slovenia
Ka 2024 re ile ra tsenya di-panel tsa PV le beteri e tona kwa ofising ya lekala la Sri Lanka. Go ile ga dirisiwa R55 410 000 mo porojekeng eno, mme system eno e dira diperesente di le 70 tsa motlakase o o tlhokegang. Mo dingwageng tse tharo, re tla bo re bolokile madi a a fetang a re a dirisitseng go reka di-panel tseno. Mo go one ngwaga oo, re ile ra tsenya system ya PV kwa ofising ya lekala la Netherlands. Tlhwatlhwa ya system eno ke R20 317 000 mme e dira diperesente di le 35 tsa motlakase. Mo dingwageng tse 9, system eo ya PV e tla bo e itueletse madi a a dirisitsweng go e reka.
Lekala la kwa Netherlands
Gape re tsentse di-system tsa PV kwa diofising tsa thanolo (RTO) tse di farologaneng kwa Mexico. Nngwe ya tsone ke RTO ya Tarahumara (Central) e e kwa Chihuahua. Fa go le mariga, dithemperetšha di kgona go nna kwa tlase ga 0 degrees Celsius, mme ka selemo, di kgona go feta 40 degrees Celsius! Ka ntlha ya gore motlakase o a tura, bakaulengwe ba ne ba leka go sa dirise di-aircon. Mokaulengwe Jonathan yo o direlang kwa RTO, a re: “Mariga re ne re apara dikobo le diaparo tse di bothitho mme ka selemo re ne re bula difensetere.”
Ka 2024, system ya PV e ile ya tsenngwa kwa RTO eo. Tlhwatlhwa ya system eno ke R396 735,60, mme mo dingwageng tse tlhano system eno e tla bo e bolokile madi a e rekilweng ka one. Gone jaanong bakaulengwe ba rona ba kgona go dirisa aircon. Mokaulengwe Jonathan yo re buileng ka ene a re: “Re itumelela dikabelo tsa rona e bile re kgona go dira mo go oketsegileng. Mo godimo ga moo, re itumedisiwa ke go itse gore ga re senye meneelo ya bakaulengwe ba rona e bile re sireletsa tikologo.”
Baranodi ba Tarahumara (Central) jaanong ba bereka mo maemong a a monate
Go Dirisa Metsi a Pula
Mo Afrika, dingwe tsa Diholo Tsa Bogosi ga di kgone go nna le metsi a a lekaneng. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe ba tshwanelwa ke go ga metsi kgakala le Holo ya Bogosi. Kwa Diholong tse dingwe, bakaulengwe ba tshwanelwa ke go reka metsi a a tlisiwang ka diteraka mme seo se a tura e bile se senya tikologo.
E le gore bakaulengwe ba rona ba kgone go nna le metsi, re tsentse mekoro (gutters) mo marulelong le ditanka tse dikgolo tsa metsi mo Diholong Tsa Bogosi di le dintsi mo Afrika. Pele go ka dirwa sepe fela, bakaulengwe ba lebelela maemo a bosa a a nnang teng mo lefelong leo go bona gore ke tsela efe e e di gaisang tsotlhe e ba ka e dirisang go boloka metsi mo holong eo. Tlhwatlhwa ya go dira porojeke eno mo Holong ya Bogosi e le nngwe e ka nna R11 082 go ya go R55 410. Le fa gone go tsenya didirisiwa tseno go tura, di fokoditse ditshenyegelo mo Diholong Tsa Bogosi ka gonne bakaulengwe ga ba sa tlhole ba tlhoka go reka le go duelela metsi.
Tanka ya metsi kwa Holong ya Bogosi ya kwa Phuthaditjhaba, South Africa
Didirisiwa tseno di thusitse bakaulengwe ba rona fela thata. Kgaitsadi Noemia wa kwa Mozambique, a re: “Pele re ne re tsamaya sekgala se seleele gore re kgone go bona metsi. Re ne re goroga kwa holong re lapile fela thata. E re ka go ne go se motlhofo go bona metsi, go ne go le thata gore re nne re le phepa. Jaanong mongwe le mongwe o kgona go tlhapa diatla. Re ya kwa Holong ya Bogosi re sa lapa mme jaanong re kgona go itumelela dipokano. Re leboga go menagane!”
Kwa South Africa, kgaitsadi le ngwana wa gagwe wa mosimane ba dirisa metsi a ba a bolokileng a pula
Ditshenyegelo tsa diporojeke tseno di duelelwa jang? Ka meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe, e gantsi e ntshiwang go dirisiwa ditsela tse di farologaneng mo donate.jw.org. Re lebogela meneelo e lo e ntshang ka bopelotshweu!