KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE
Dikago Tse di Agilweng le Tse di Tlhabolotsweng Pele ga COVID-19
NOVEMBER 1, 2020
Ngwaga le ngwaga go kolobediwa batho ba le bantsi, ka jalo re tlhoka dikago tse di oketsegileng gore re kgone go obamela Jehofa mo go tsone. Ka ntlha ya seo, Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga le ne la rulaganya go aga kgotsa go tlhabolola mafelo a kobamelo a le 2 700 mo lefatsheng lotlhe mo ngwageng wa tirelo wa 2020. a
Ka maswabi, dithulaganyo tse di neng di dirilwe di ne tsa kgorelediwa ke bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19. Komiti ya Kgatiso ya Setlhopha se se Laolang e ile ya emisa diporojeke di le dintsi mo lefatsheng lotlhe, e le go sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba thusa gore ba ikobele dithibelo tsa puso. Le fa go ntse jalo, pele ga bolwetse jwa leroborobo bo tlhasela, ka ngwaga wa tirelo wa 2020 go ne go setse go agilwe e bile go tlhabolotswe mafelo a kobamelo a le 1 700. Mo godimo ga moo, go ile ga wediwa diporojeke tsa go aga le tsa go tlhabolola makala di feta 100. A re bone gore diporojeke di le pedi tse di ileng tsa wediwa di ile tsa thusa bakaulengwe ba rona jang.
Lekala la Cameroon. Lekala la ntlha le ne le le kwa Douala, mme le ne le le lennye e bile go tlhokega gore go baakanngwe dilo di le dintsi mo go lone. Komiti ya Kgatiso e ne ya akanyetsa go tlhabolola lekala leo mme madi a teng a ne a tlile go feta madi a go rekisa kago eno. Gape ba ne ba akanyetsa go aga kago e ntšha go sele kgotsa go reka le go tlhabolola kago nngwe, mme ga go a ka ga kgonega.
Fa nako e ntse e ya, bakaulengwe ba ne ba utlwelela gore kwa bokone jwa Douala puso e ne e tlile go dira tsela gaufi le Holo nngwe ya rona ya Dikopano. Tsela eno e ne e tla thusa gore go nne motlhofo go ya kwa Holong ya Dikopano le gore dilo tse di tshwanang le metsi le motlakase di nne gone. Dilo tseno tsotlhe ke tse lekala le neng le di tlhoka. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba ile ba dumalana gore go agiwe lekala le lesha mo setsheng sa Holo ya Dikopano.
Bakaulengwe le bokgatsadi ba thusa go aga lekala le lesha la Cameroon
Go ile ga hirwa khampani nngwe gore e bereke le Basupi ba bangwe mo porojekeng eno mme go dira jalo go ile ga dira gore go se ka ga dirisiwa nako le madi a mantsi. Tota e bile mo porojekeng eno go bolokilwe madi a kana ka R28 618 660! Lelapa la Bethele le ne la kgona go fudugela mo dikagong tseno tse disha pele bolwetse jwa leroborobo bo tlhasela.
Porojeke ya go aga lekala la kwa Cameroon e weditswe pele ga bolwetse jwa leroborobo bo tlhasela
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa lekaleng la Cameroon ba rata kwa ba nnang gone le kwa ba berekelang gone e bile ba tsaya lekala le lesha e le mpho e e tswang kwa go Jehofa. Banyalani bangwe ba ile ba re: “Re batla go dira ka natla le go bontsha gore re lebogela mpho eno e re e neilweng.”
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba thusa go aga ofisi ya bone ya lekala e ntšha pele ga bolwetse jwa leroborobo bo tlhasela
Ofisi ya Thanolo (RTO) ya Se-Tojolabal Kwa Mexico. Baranodi ba puo ya Se-Tojolabal ba na le dingwaga di le dintsi ba ranolela kwa lekaleng la Central America le le gaufi le Mexico City. Le fa go ntse jalo, puo ya Se-Tojolabal e buiwa thata kwa Altamirano le Las Margaritas, mafelo a a bokgakala jwa dikilometara di ka nna 1 000. Ka ntlha ya seo, go ne go se motlhofo gore bakaulengwe ba itse gore ke eng se se fetogileng mo puong ya Se-Tojolabal. Mme lekala le ne le sa kgone go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang gaufi ba ba ka thusang ka go ranola le go rekota.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba thusa go aga Ofisi ya Thanolo
Ka ntlha ya seno, Komiti ya Bokwadi ya Setlhopha se se Laolang e ne e batla go fudusa baranodi gore ba ye kwa lefelong le go buiwang Se-Tojolabal kwa go lone. Lekala le ne la swetsa ka gore le reka kago nngwe le bo le e tlhabolola. Go dira jalo go ne go sa ture jaaka go aga kgotsa go hira diofisi.
Moranodi mongwe o ile a tlhalosa kafa seno se mo thusitseng ka gone, a re: “Ke na le dingwaga di le lesome ke le moranodi, mme ga ke ise ke tsamaye ke kopane le lelapa lepe le le neng le bua puo ya me. Gone jaanong ofisi ya rona e kwa puo ya Se-Tojolabal e buiwang gone. Letsatsi le letsatsi ke tlotla le batho ba ba buang Se-Tojolabal. Ke ithutile mafoko a masha a le mantsi, gone jaanong ke dira tiro e e duleng diatla.”
Ofisi ya thanolo ya Se-Tojolabal pele ga e tlhabololwa le morago ga gore e tlhabololwe
Diporojeke Tsa Ngwaga wa Tirelo wa 2021
Mo ngwageng wa tirelo wa 2021 go dirilwe dithulaganyo tsa go aga le go tlhabolola Diofisi Tsa Thanolo di le 75 le dikago tsa dikolo tsa Baebele. Mme tiro e tla tswelela mo diporojekeng tsa makala di le robedi, go akaretsa le porojeke e e dirwang kwa Ntlokgolo ya Lefatshe lotlhe kwa Ramapo, New York le tsa kwa Argentina le Italy. Mo godimo ga moo, go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le 1 000 le go aga sesha di le 6 000 mme di le 4 000 di tlhoka go tlhabololwa.
Madi a go dira tiro eno yotlhe a tswa kae? Mokaulengwe Lázaro González, yo o direlang mo Komiting ya Lekala la Central America o ile a araba potso eno fa a ne a bua ka porojeke ya go aga Ofisi ya Thanolo ya Se-Tojolabal. A re: “Mo tshimong ya rona ya Se-Tojolabal ga re na dilo di le dintsi, mme fa re ne re sa thusiwe ke bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe re ne re ka se kgone go aga diofisi tsa thanolo. Meneelo e e ntshitsweng ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe, e re thusitse gore re kgone go dira gore baranodi ba nne kwa lefelong le puo ya bone e buiwang gone. Re leboga bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ka meneelo e ba e ntshang ka bopelotshweu.” Diporojeke tseno tsa go aga le go tlhabolola di ne di ka se kgonege kwa ntle ga meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatsheng lotlhe, e e ntshiwang mo donate.jw.org.
a Tiro ya Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga ke go rulaganya le go aga Diholo Tsa Bogosi tse di mo tshimong ya lekala leo. Tiro ya Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga le le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ke go rulaganya diporojeke tsa go tlhabolola le tsa go aga tse di mo lefatsheng.