O ka Kgona Jang go Itshedisa ka Madi a Mannye?
A maemo a ikonomi a dirile gore go nne thata go nna le lotseno kgotsa go nna le madi a a lekaneng gore o ka itshedisa? Malwetse a leroborobo, masetlapelo a tlholego, dintwa kgotsa dikhuduego tse di bakiwang ke dipolotiki, di ka dira gore maemo a ikonomi a fetoge ka ponyo ya leitlho. Le fa gone go ka nna thata fa o latlhegetswe ke tiro, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang tse di theilweng mo kgakololong e e botlhale ya Baebele, tse di ka go thusang gore o kgone go tshela le fa o se na madi a mantsi.
1. Amogela maemo.
Molaomotheo wa Baebele: “Ke ithutile . . . kafa go nna le letlotlo le go tlhoka go ntseng ka gone.”—Bafilipi 4:12.
Le fa gone jaanong o se na madi a a lekaneng, o ka ithuta go amogela maemo a gago a gone jaanong. Fa lo ka amogela maemo a a fetogileng ka bonako, lo bo lo fetola tsela e lo tshelang ka yone, seo se ka thusa gore wena le ba lelapa la gago lo kgone go lebana le maemo ao.
Batlisisa ka dithuso tsa namolo tse o ka di bonang go tswa mo pusong kgotsa mo mekgatlhong mengwe mo lefelong la lona. Ikwadise ka bonako ka gonne gantsi go na le nako e e beilweng go ka tsenya kopo ya go amogela dithuso tseo.
2. Dirisanang mmogo lo le lelapa.
Molaomotheo wa Baebele: “Dithulaganyo di a kgoreletsega fa go se na puisano, mme go na le se se fitlhelelwang fa go na le bagakolodi ba bantsi.”—Diane 15:22.
Buisana le molekane wa gago le bana ba lona ka boemo jo lo leng mo go jone. Fa lo buisana, o ka kgona go thusa mongwe le mongwe mo lelapeng go tlhaloganya maemo a a fetogileng gore ba kgone go ema nôkeng diphetogo tse di tla nnang gone. Fa lo dirisana mmogo go somarela se lo nang le sone, lo ka kgona go dirisa madi a lo nang le one ka botlhale.
3. Dirang bajete.
Molaomotheo wa Baebele: ‘Nna fa fatshe pele, o bale ditshenyegelo.’—Luke 14:28.
Fa lotseno lwa gago lo fokotsegile, go botlhokwa go itse gore o dirisa madi a gago otlhe mo go eng. Dira bajete ka go kwala madi a o tlileng go a amogela, go tswa foo, kwala ditshenyegelo tsa gago tsa kgwedi le kgwedi le dilo tse o dirisang madi mo go tsone. Dira seo le fa o itse gore o tla tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe. Fa o kwala ditshenyegelo tsa kgwedi le kgwedi, leka go akaretsa madi a o tla a bolokelang maemo a tshoganyetso.
Kakantsho: Fa o kwala ditshenyegelo tsa gago o se ka wa lebala go kwala le dilo tse dinnye tse o di rekileng. O tla gakgamala fa o lemoga gore o dirisitse madi a a kana kang mo dilong tseo tse dinnye. Ka sekai, fa monna mongwe a ne a kwala ditshenyegelo tsa gagwe, o ne a lemoga gore ka ngwaga o ne a dirisa dikete tsa diranta a reka ditšhunkama.
4. Dira tshwetso ya gore ke ditshenyegelo dife tse di leng botlhokwa mme o dire diphetogo.
Molaomotheo wa Baebele: “[Lemoga] gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife.”—Bafilipi 1:10.
Bapisa madi a o a amogelang le ditshenyegelo tsa gago, leba gore ke dilo dife tse o sa tlhokeng go fetsa madi a mantsi mo go tsone kgotsa tse o sa di tlhokeng gotlhelele, gore o kgone go itshedisa ka madi a o a amogelang gone jaanong. Sekaseka dilo tse di latelang:
Dipalangwa. Fa e le gore lo na le dikoloi tse pedi, a lo ka rekisa e nngwe? Fa e le gore o na le koloi ya manobonobo, gongwe o ka reka ya maemo a a kwa tlase. A gongwe o ka berekisa dipalangwa tsa batho botlhe, kgotsa baesekele fa e le gore go a kgonega?
Boitlosobodutu. A gongwe o ka tlogela go duelela thelebishene ya satelaete kgotsa dithulaganyo tsa streaming? Kgotsa a gongwe o ka batla tse di sa jeng madi a mantsi? Gongwe o ka kopa batho ba bangwe gore ba go adime di-movie kgotsa dibuka tse o ka di balang.
Metsi le Motlakase. Tlotlang lo le lelapa gore lo ka fokotsa jang tlhwatlhwa ya metsi, motlakase le leokwane. Go tima dipone tse o sa di diriseng kgotsa go sa dirise metsi a mantsi fa o tlhapa go ka bonala go se botlhokwa, mme gone fa o dira jalo, o ka kgona go boloka madi.
Dijo. Tilang go ja kwa direstuaranteng mme lo ikapeele kwa gae. Dira thulaganyo ya dijo tse lo tla di jang, di reke lo bo lo apaya mo gontsi mme fa go kgonega lo dirise dijo tse di setseng. Dira lenaane la dilo tse lo tla di rekang pele ga lo ya dishopong, mme fa lo le koo, lo se ka lwa reka dilo tse lo sa di tlhokeng. Rekang maungo le merogo ka nako e di leng dintsi, ka gonne ka nako eo ga di je madi a mantsi. Tilang go reka dijo tse di se nang dikotla. Akanyetsang go nna le tshingwana.
Diaparo. Rekang diaparo fela fa lo di tlhoka e seng gore lo tsamaisane le dinako. Lekang go reka diaparo fa paka e fela, fa ditlhwatlhwa di le kwa tlase, kgotsa lo reke diaparo tse di setseng di aperwe.
Fa o Rulaganya go Reka. Pele ga o reka sengwe ipotse gore: ‘A ke na le madi a go se reka? A ruri ke a se tlhoka?’ A o ka tsaya nako pele ga o reka kgotsa o tokafatsa dilo tsa motlakase, koloi kgotsa didirisiwa tsa ileketeroniki? A o ka rekisa dilo tse o sa tlholeng o di dirisa kgotsa tseo sa di tlhokeng? Seo se ka go thusa gore o tlhofofatse botshelo sa bo sa go okeletsa madi.
Kakantsho: Fa lotseno lo fokotsega ka tshoganyetso, seo se ka go tlhotlheletsa gore o tlogele mekgwa e e sa go siamelang e bile e ja madi a mantsi, e e jaaka go goga, go betšha kgotsa go nwa bojalwa thata. Go dira jalo go tla go thusa gore o boloke madi e bile go tla tokafatsa botshelo jwa gago.
5. Ithute se Baebele e se buang.
Molaomotheo wa Baebele: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”—Mathaio 5:3.
Baebele e re naya kgakololo eno: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso, mme molemo wa kitso le botlhale ke gore di boloka botshelo jwa mong wa tsone.” (Moreri 7:12) Botlhale jo go buiwang ka jone bo fitlhelwa mo Baebeleng, mme batho ba ba bo dirisang ba kgona go tila go nna ba tlhobaela thata ka dikgang tsa madi.—Mathaio 6:31, 32.