Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NASA Photo

NNANG LO DISITSE!

A go Na le Puso e e Tlhomameng E e Ka Busang Polanete ya Rona?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A go Na le Puso e e Tlhomameng E e Ka Busang Polanete ya Rona?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Maemo a dipuso mo lefatsheng lotlhe a tlhakatlhakane. Tota le dipuso tse go neng go lebega di le botoka, di amilwe ke dipego tse di tlhabisang ditlhong tsa baeteledipele ba tsone, maduo a ditlhopho a a belaetsang, dikgaogano tsa sepolotiki le ditshupiso.

 Baebele e re bolelela ka puso nngwe e e tlhomameng. Gongwe o kile wa utlwalela puso eno. Puso eno ke e Jesu Keresete a ileng a bua ka yone mo thapelong ya sekao.

  •   “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng jaaka e diragala kwa legodimong.’”​—Mathaio 6:9, 10.

 Baebele e a reng ka Bogosi joo?

Bogosi​—puso e e tlhomameng

 Bogosi joo, bo busa bo le kwa legodimong.

 Bogosi joo bo tla busa mo boemong jwa dipuso tsa batho.

  •   Baebele e a re: “Bogosi jono. . . bo tla thubaganya bo bo bo fedisa magosi ano [a batho] otlhe mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng.”​—Daniele 2:44.

 Bogosi jono jo Kgosi ya jone e leng Jesu Keresete, ga bo kitla bo senngwa.

  •   Baebele e a re: “Puso ya gagwe ke puso e e nnang ka bosakhutleng e e se kitlang e feta, e bile bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo senngwa.”​—Daniele 7:13, 14.

 Bogosi joo bo tla dira gore go nne le kagiso le gore batho ba tshele ba sireletsegile mo lefatsheng.

  •   Baebele e a re: “Mongwe le mongwe o tla tshela ka kagiso mo segotlong sa gagwe sa morara le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige mme ga go na ope yo o tla ba tshosang.”​—Mika 4:4Good News Translation.

Ithute mo go oketsegileng ka Bogosi joo

 Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a fetsa nako e ntsi “a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.” (Mathaio 9:35) Gape o ile a bolelela pele go re:

  •   “Dikgang tseno tse di molemo tsa Bogosi di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe, mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”​—Mathaio 24:14.

 Gompieno dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwa mo dinageng di feta 240. Re go laletsa go ithuta mo go oketsegileng ka puso eno le go bona gore e ka go tswela mosola jang.

 Lebelela bidio e e reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?