KGANG YA BOTSHELO JWA GA IBOLYA BARTHA
Ke ne Ka Gapa Monna Wa me Ka Boikanyegi Jwa me e ‘Seng Ka se Ke se Buang’
Go ne go na le dilo tse dintsi tse di molemo tse di neng tsa nkgogela kwa go Jehofa. Ke ne ka amiwa ke botsalano le lorato lwa Basupi, mme ka kgatlhiwa ke tsela e ba rutang boammaruri jo bo tswang mo Baebeleng ka gone. Ke ne ke itumeletse go ithuta gore Modimo o kgathalela batho le gore o tlile go ba naya bokamoso jo bo itumedisang. Le fa go ntse jalo, monna wa me o ne a sa itumelele se ke se dirang mme seo se ne sa dira gore ke nne le dikgwetlho di le dintsi.
Letsatsi la lenyalo la rona
Ke tsholetswe kwa Romania ka 1952. Le fa gone Mme e ne e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a sa tlhole a ya dipokanong ka jalo le nna ke ne ke sa ye. Mo godimo ga moo, Romania e ne e busiwa ke mmuso wa Bokomonise, e bile tiro ya Basupi ya go rera le ya go gatisa dikgatiso e ne e thibetswe. Ka jalo mo dingwageng tsa ntlha tse 36 tsa botshelo jwa me, ke ne ke sa itse Jehofa kgotsa se Baebele e se rutang. Ka ngwaga wa 1988 fa ke ntse ke nna le monna wa me István kwa toropong ya Satu-Mare, ke ne ka diragalelwa ke sengwe se se ileng sa fetola botshelo jwa me.
Taletso e ke Neng ke Batla go e Amogela
Letsatsi lengwe Mme o ne a nketela. O ne a nthaya a re: “Ke etela Mmemogolo wa gago. Go reng o sa tsamaye le nna? Morago ga moo re ka ya go dishopong mmogo.” E re ka go ne go se na sepe se ke se dirang, ke ne ka dumela go tsamaya le ene.
Fa re goroga kwa lapeng la ga Mmemogolo, re ne ra fitlhela batho ba ka nna robongwe ba tshwere dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka lemoga gore Mme o ne a boetse go nna Mosupi yo o tlhagafetseng jaaka pele. Se ke ileng ka se utlwa mo mosong oo, se ile sa nkama fela thata.
Fa dipokano di tswa mokaulengwe o ne a tla kwa go nna mme a nkitsise leina la gagwe. O ne a re, “Leina la me ke János, ke lemogile gore o ne o reeditse ka kelotlhoko. A o ratile se o se ithutileng gompieno?” Ke ne ka mmolela gore ke la ntlha ke utlwa dithuto tseno e bile ke batla go tla gape. O ne a mpotsa a re, “A o ka rata go ithuta Baebele?” Eo e ene e le taletso e ke neng ke e batla tota. Ke ne ka lemoga gore Modimo o nkgogetse kwa bathong bano.
Mo letsatsing le le latelang, János o ne a nkisa kwa go Ida, yo o ileng a simolola go ithuta Baebele le nna. Mme ke ne ke tshosiwa ke gore István o tla itshwara jang fa a ka itse gore ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke lekile ka makgetlho a le mantsi go bua le ene ka kgang eno mme o ne a se na kgatlhego. Ke ne ke itse gore ga a rate se ke se dirang.
Le fa go ntse jalo, ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele mme ke ne ka kolobediwa ka August 1989. Morago ga dikgwedi di le nnê, mmuso wa Bokomonise wa Romania o ne wa fenngwa mme moeteledipele wa puso eo o ne a bolawa.
Kganetso e a Oketsega
Fa go sena go nna le moeteledipele wa puso e ntšha re ne ra nna le kgololesego. Basupi ba ga Jehofa jaanong ba ne ba letleletswe go kopana mmogo le go rera ba gololesegile. Kgololesego eno e ne ya ntlisetsa kganetso e kgolo. István o ne a nthaya a re, “Ga ke na sepe gore o dumela eng, ga ke batle gore o ye go rera kwa malapeng a batho.”
Mme seno se ne se ka se nthibele go dira tiro ya bodiredi. (Ditiro 4:20) Ka jalo, ke ne ka leka go dira dilo ka botlhale. Letsatsi lengwe ditsala tsa ga István di ne tsa mpona ke le mo bodireding jwa ntlo le ntlo mme ba ne ba ya go mmolelela. Fa ke fitlha kwa gae, monna wa me o ne a goa ka bogale a bo a re, “O tlontlolola lelapa la rona!” O ne a tsaya thipa a bo a e baya mo molaleng wa me mme o ne a ntshosetsa ka gore o tla mpolaya fa ke sa tlogele go rera.
Ke ne ka leka go buisana le István ke mo tlhomamisetsa gore ke a mo rata. Go ne go lebega mafoko a me a mo ritibatsa maikutlo ka nakwana. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke gana go nna teng kwa lenyalong la bodumedi bo sele, la mongwe yo re atamalaneng le ene wa losika, o ne a galefa thata. Seo se ne sa dira gore a bue le nna ka puo e e sotlang.
Ke ne ka tshwanelwa ke go itshokela tsela e István a neng a ntshwara ka yone dingwaga di le 13. Ka nako eo, o ne a ntshosetsa ka gore o tla ntlhala. Ka makgetlho a le mantsi, o ne a ntswalela kwa ntle a bo a gana ke tsena mo ntlong. Ka dinako dingwe o ne a mpolelela gore ke phuthe dibeke tsa me ke tsamaye.
Ke eng se se neng sa nthusa go itshokela maemo ao a a botlhoko? Ke ne ka rapela Jehofa gore ke nne ke ritibetse mme ke ne ka utlwa gore ruri o a ntshegetsa. (Pesalema 55:22) Phuthego le yone e ile ya ntshegetsa fela thata. Bagolwane le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo, ba ile ba nkgothaletsa gore ke se ka ka emisa tirelo ya me. Ba ne ba nkgopotsa ka basadi ba ba thusang banna ba bone go rata Modimo, “e seng ka lefoko” mme ka go tswelela ba tlhomame e bile ba ikanyega mo go Jehofa. (1 Petere 3:1) Fa nako e ntse e ya, mafoko ao a ne a itshupa a le boammaruri mo go nna.
Fa Dilo di Fetoga
Ka ngwaga wa 2001, István o ne a itewa ke setorouko se se ileng sa mo tlogela a sa kgone go tsamaya. O ne a fetsa kgwedi a robaditswe kwa bookelong, go tswa foo o ne a fetsa dibeke di le mmala a le kwa lefelong le le neng le mo thusa gore a fole. Ka nako eo, ke ne ke na le ene ka dinako tsotlhe. Ke ne ke mo fa dijo, ke bua le ene, ke bo ke tlhomamisa gore o na le sengwe le sengwe se a se tlhokang.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona ba ne ba tla go mo tlhola. István o ne a bona tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba amega ka ene le go mmontsha lorato ka gone. Bangwe ba ne ba ithaopela go re thusa ka ditiro tsa mo gae. Mme bagolwane ba ne ba nna ba re gomotsa le go re ema nokeng ka dinako tsotlhe.
Go eta ga bakaulengwe le bokgaitsadi go ne ga ama István mme o ne a simolola go tlhabiwa ke ditlhong ka tsela e a neng a ntshwara ka yone. O ne a lemoga gore ga go na ope wa ditsala tsa gagwe yo a neng a tla go mo tlhola. Fa István a se na go tswa kwa bookelong o ne a re, “Ke batla go ithuta Baebele mme ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Ke ne ke itumetse tota mo ke neng ka simolola go tsholola dikeledi tsa boitumelo!
István o ne a kolobediwa ka May 2005. E re ka a ne a sa kgone go tsamaya, bakaulengwe ba ne ba mo isa gaufi le letamo la kolobetso ka wheel chair ya gagwe, ba ne ba mo kuka, ba mo tsenya mo metsing mme ba mo kolobetsa. István o ne a nna moreri yo o matlhagatlhaga wa dikgang tsa Bogosi. Ke sa ntse ke gopola dinako tse di monate tse re nnileng le tsone mo bodireding. Go gakgamatsa e le ruri! Monna yo pele a neng a nkganetsa ka ntlha ya go rera boammaruri jwa lefoko la Modimo, gone jaanong wa ntshegetsa e bile o rerela ba bangwe dikgang tse di molemo ka boitumelo!
István o ne a rata Jehofa fela thata, e bile o ne a dirisa nako ya gagwe go ithuta le go tshwara ditemana tsa Baebele ka tlhogo. O ne a rata go tlotla ka ditemana tseno le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong e bile o ne dirisa ditshono tseno go ba kgothatsa.
O na le ditsala tsa gagwe kwa kopanong ya tikologo
István o ne a lwala le go feta. Morago ga go itewa ke setorouko makgetlho a le mmalwa, o ne a latlhegelwa ke bokgoni jwa go bua mme o ne a nna fela mo bolaong. A seemo seno se ne sa mo thibela go direla Jehofa? Le e seng! O ne a tswelela a bala le go ithuta go ya ka bokgoni jwa gagwe. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo etela, o ne a dirisa sediriswa sa gagwe sa ileketeroniki go bua le bone le go ba nonotsha. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Ke itumelela go bona István ka gonne ka metlha fa ke boela gae, ke ikutlwa ke lapologetswe e bile ke na le maatla.”
Ka maswabi, István o ne a tlhokafala ka December 2015. Loso lwa gagwe lo ne lwa nkutlwisa botlhoko fela thata. Go bua nnete fela, go itse gore István e ne le tsala ya ga Jehofa pele a tlhokafala, go dirile gore ke nne le kagiso ya mogopolo. Mme seo se ntlisetsa boitumelo. Gone jaanong István le Mme ba mo mogopolong wa ga Jehofa. Go tla bo go itumedisa go ba tlamparela gape le go ba amogela mo lefatsheng le lesha.
Go fetile dingwaga di ka nna 35 fa e sale nna le Mme re etetse Mmemogolo, mme nka se lebale ketelo eo. Ke na le dingwaga di feta 70 mme ke direla ke le mmulatsela wa ka metlha. Eno ke tsela e ke bontshang ka yone gore ke leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a ntiretseng tsone. (Pesalema 116:12) Jehofa o ne a nthusa gore ke nne ke ikanyega le go ritibala fa ke lebana le maemo a kganetso. Le fa ke ne ke ganediwa, ke ithutile gore maemo a rona a ka fetoga. Le fa ke ne ke sa lebelela seo, ke ne ka kgona go gapa monna ntle le lefoko lepe.