Tsholofelo ya Mmatota ka Bokamoso
A o akanya gore dilo di tla nna botoka mo nakong e e tlang? Batho ba le bantsi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko ke mathata a ba lebanang le one gompieno. A mme gone dilo di tla nna botoka? Ee! Baebele e re naya tsholofelo ya mmatota.
A go dumela ditsholofetso tse di mo Baebeleng ke go ijesa dijo tsa ditoro?
Ditsholofetso tse di molemo tse di mo Baebeleng di tlile go diragadiwa jang?
Tsholofelo e Baebele e re nayang yone e ka re thusa jang gompieno?
Ke tsholofelo efe e Baebele e re nayang yone?
Baebele e a re batho ba lebana le mathata a a boima. Le fa go ntse jalo, e re solofetsa gore ga re tle go lebana le mathata ano go ya go ile. Akanya ka dikai tse di latelang.
Bothata: Go tlhoka magae
Se Baebele e se buang: “Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one.”—Isaia 65:21.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Batho ba tla nna le magae a bone.
Bothata: Botlhokatiro le go humanega
Se Baebele e se buang: “Ba tla itumelela tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:22.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Batho botlhe ba tla itumelela tiro e e kgotsofatsang, e e itumedisang le e e ba solegelang molemo.
Bothata: Go sa tshwarwe sentle
Se Baebele e se buang: “Dikgosana di tla busa gore go nne le tshiamiso.”—Isaia 32:1.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Batho ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ka tsela e e sa siamang ka gonne e le ba lotso lo lo rileng, ba se na maemo mangwe a a rileng kgotsa ba humanegile. Batho botlhe ba tla tshwarwa ka tsela e e tshwanang.
Bothata: Tlala le go tlhoka dijo tse di nang le dikotla
Se Baebele e se buang: “Go tla nna le dijo di le dintsi mo lefatsheng; Di tla tlala mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Batho ba tla nna le dijo tse di ntsi tse di nang le dikotla. Go tla bo go se na ope yo o tshwerweng ke tlala kgotsa yo o senang dijo tse di nang le dikotla.
Bothata: Bosenyi le thubakanyo
Se Baebele e se buang: “Mongwe le mongwe wa bone o tla nna ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa morara le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, Mme ga go na ope yo o tla ba tshosang.”—Mika 4:4.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Mongwe le mongwe o tla ikutlwa a sireletsegile, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le gone e bile “basiami ba tla rua lefatshe.”—Pesalema 37:10, 29.
Bothata: Dintwa
Se Baebele e se buang: “Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe, E bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Go tla bo go na le kagiso mo lefatsheng lotlhe. (Pesalema 72:7) Go tla bo go se na ope yo o utlwang botlhoko ka go nne mongwe yo a mo ratang a bolailwe mo dintweng e bile go tla bo go se na ope yo o tlhokang go tshaba ka ntlha ya dintwa.
Bothata: Bolwetse
Se Baebele e se buang: “ga go na motho ope yo o nnang mo lefatsheng leo yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’”—Isaia 33:24.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Batho ga ba kitla ba tlhola ba boga ka gonne ba golafetse kgotsa ba lwala. (Isaia 35:5, 6) Baebele e solofetsa gore “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng.”—Tshenolo 21:4.
Bothata: Go senngwa ga tikologo
Se Baebele e se buang: “Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, E bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.”—Isaia 35:1.
Kafa seno se tla re solegela molemo ka gone mo nakong e e tlang: Lefatshe e tla nna paradaise e batho ba tla nnang mo go yone fela jaaka Modimo a ne a ratile.—Genesise 2:15; Isaia 45:18.
A go dumela ditsholofetso tse di mo Baebeleng ke go ijesa dijo tsa ditoro?
Gone go a utlwala go akanya gore go dumela ditsholofetso tseno ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Le fa go ntse jalo, re go rotloetsa gore o tlhatlhobe thata se Baebele e se buang ka bokamoso. Goreng? Ditsholofetso tse di mo Baebeleng di farologane thata le ditsholofetso tse batho ba di dirang kgotsa tse ba di bolelelang pele. Ditsholofetso tse di mo Baebeleng di tswa kwa Modimong. Mabaka a go bo ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng di farologane thata le tsa batho ke ano:
Modimo o a ikanyega. Baebele e a re Modimo ga a ke “a aka.” (Tito 1:2) Mo godimo ga moo, Modimo ke ene fela a nang le bokgoni jwa go bolelela pele se se tla diregang mo nakong e e tlang. (Isaia 46:10) Baebele e na le dikai di le dintsi thata tse di supang gore se Modimo a se bolelelang pele ka metlha se a direga. Go itse mo go oketsegileng, leba bidio e e reng Re ka Itse Jang Gore Baebele e Boammaaruri?
Modimo o na le maatla a go fedisa mathata a rona. Baebele e a re Modimo o na le maatla a go dira “sengwe le sengwe se a batlang go se dira.” (Pesalema 135:5, 6) Seno se raya gore ga go na sepe se se ka thibelang Modimo go dira se a se solofeditseng. Mo godimo ga moo, Modimo o batla go re thusa ka gonne a re rata.—Johane 3:16.
Ga go makatse go bo o ka ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o batla go re thusa e bile a na le maatla a go dira jalo, goreng re sa ntse re boga?’ Go bona karabo ya potso eno, leba bidio ya setlhogo se se reng Goreng Modimo a sa Fedise Dilo Tse di Bosula?
Ditsholofetso tse di molemo tse di mo Baebeleng di tlile go diragadiwa jang?
Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe eleng puso e e kwa legodimong go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. O tlhomile Jesu Keresete go busa Bogosi joo e bile o mo neile taolo ya go tlhokomela lefatshe le batho botlhe ba ba mo go lone. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa ba ba lwalang, a fepa ba ba tshwerweng ke tlala, a laola maemo a bosa e bile a tsosa baswi. (Mareko 4:39; 6:41-44; Luke 4:40; Johane 11:43, 44) Ka go dira jalo, o ne a bontsha se a tlileng go se dira fa e setse e le kgosi ya Bogosi Jwa Modimo.
Go ithuta mo go oketsegileng ka gore Bogosi Jwa Modimo bo ka go solegela molemo jang, leba bidio e e reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
Ditsholofetso tseno di tlile go diragadiwa leng?
Mo bogautshwaneng! Re ka tlhomamisega jang? Baebele e ne ya bolelela pela ka ditiragalo dingwe tse di neng di tla re bontsha gore Bogodi Jwa Modimo bo gaufi le go busa lefatshe. (Luke 21:10, 11) Dilo tse di diragalang mo lefatsheng gone jaanong di bontsha se Baebele e sa bolong go se bolelela pele.
Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Busa Leng mo Lefatsheng?”
Tsholofelo e Baebele e re nayang yone e ka re thusa jang gompieno?
Mongwe wa bakwadi ba Baebele o ile a tshwantsha tsholofelo e Baebele e re nayang yone le “tshetledi ya matshelo a rona.” (Bahebera 6:19) Fela jaaka tshetledi e thusa sekepe fa go na le setsuatsue, tsholofelo e e mo Baebeleng ka bokamoso e re thusa go itshokela mathata a re nnang le one gompieno. Tsholofelo eo e re thusa go sireletsa maikutlo a rona, dikakanyo tsa rona le botsogo jwa rona.—1 Bathesalonika 5:8.

