Setswana
Nka Tlogela Jang go Tshwenyega?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/501100018/univ/wpub/501100018_univ_sqr_xl.jpg
mrt setlhogo 29

Nka Tlogela Jang go Tshwenyega?

Nka Tlogela Jang go Tshwenyega?

 Go tshwenyega thata go ka ama botsogo jwa gago. Tota e bile, go ka dira gore o nne le bothata jo bogolo go feta jo o tshwenyegileng ka jone.

Dikakantsho tsa go fokotsa go tshwenyega

  •  Fokotsa go lebelela, go reetsa kgotsa go bala dikgang tse di utlwisang botlhoko. Ga o tlhoke go itse dikgang tsotlhe ka masetlapelo a a diregang. Go lebelela thata, go reetsa kgotsa go bala dikgang tse di utlwisang botlhoko, go ka dira gore o tshoge le go feta le gore o se ka wa tlhola o nna le tsholofelo.

     Molaomotheo wa Baebele: “Moya o o hutsafetseng o fetsa motho maatla.”​—Diane 17:22.

     “Go motlhofo gore o tshwakgolwe ke go batla go bona tshedimosetso e ntšha mo internet mme seo ke tlwaelo e e sa siamang. Fa ke fokotsa go batla go itse dikgang, go tshwenyega ga me go a fokotsega.”​—John.

     Se o ka akanyang ka sone: Go botlhokwa go le kana kang gore o itse dikgang tsa bosheng?

  •  Itirele thulaganyo ya ka metlha. Leka go tsoga, go ja, go dira ditiro tsa legae le go robala ka nako e le nngwe letsatsi le letsatsi. Go nna le thulaganyo go tla go thusa gore o nne le taolo mo go se se diregang mo botshelong jwa gago gape go tla go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.

     Molaomotheo wa Baebele: “Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege.”​—Diane 21:5.

     “Fa leroborobo la COVID-19 le simolola, ga ke a ka ka latela thulaganyo ya me ya ka metlha mme ke ile ka fetsa nako e ntsi mo boitlosobodutung. Ke ne ke batla go dirisa nako ya me ka botlhale, ka jalo ke ile ka itirela thulaganyo ya se ke tla se dirang letsatsi le letsatsi.”​—Joseph.

     Se o ka akanyang ka sone: A o na le thulaganyo ya ka metlha e e dirang gore kwa bofelong jwa letsatsi o ikutlwe o fitlheletse sengwe sa botlhokwa?

  •  Tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo. Fa o nnela go akanya ka dilo tse o ka bong o di dirile le ka dilo tse di maswe tse di ka diragalang, o tla tshwenyega le go feta. Go na le moo, akanya ka dilo tse pedi kgotsa tse tharo tse o ka di lebogelang.

     Molaomotheo wa Baebele: “Ka metlha lo leboge.”​—Bakolosa 3:15.

     “Go bala Baebele go thusa gore ke akanye ka dilo tse di molemo le gore ke se ka ka akanya ka dikgang tse di utlwisang botlhoko. Kakantsho eno e motlhofo mme gape e a bereka!”​—Lisa.

     Se o ka akanyang ka sone: A o fetsa nako e ntsi o akanya ka dilo tse di bosula tse di diregang mo botshelong jwa gago go na le go akanya ka tse di molemo?

  •  Akanya ka ba bangwe. O ka batla go itlhaola fa o tshwenyegile kgotsa o tlhobaela, le fa go ntse jalo, go akanya gore o ka thusa ba bangwe jang go ka go thusa.

     Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe, mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.”​—Bafilipi 2:4.

     “Go thusa batho ba bangwe go dira gore ke itumele. Fa ke ba direla dilo tse di tla dirang gore ba itumele, go tshwenyega ga me go a fokotsega. Tota ga ke sa tlhole ke na le nako ya go tshwenyega.”​—Maria.

     Se o ka akanyang ka sone: Ke bomang ba o ba itseng ba ba tlhokang thuso thata mme o ka ba thusa jang?

  •  Tlhokomela botsogo jwa gago. Ikatise mme o ikhutse mo go lekaneng. Ja dijo tse di nang le dikotla. Go tlhokomela botsogo jwa gago go tla go thusa go leba dilo sentle le gore o se ka wa tshwenyega.

     Molaomotheo wa Baebele: “Go ikatisa mmele go tswela mosola.”​—1 Timotheo 4:8.

     “Nna le morwaake ga re kgone go ikatisetsa mmele kwa ntle jaaka re rata, le fa go ntse jalo, re itiretse thulaganyo ya ka metlha ya go ikatisa mo ntlong. Seno se dira gore re itumele le gore re dirisane mmogo sentle.”​—Catherine.

     Se o ka akanyang ka sone: A o tlhoka go fetola se o se jang le go ikatisa gore o nne le botsogo jo bo botoka?

 Mo godimo ga dikakantsho tseno, batho ba le bantsi ba thusitswe ke go ithuta ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng tsa bokamoso jo bo botoka. Bona setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?