Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitimokanyi! A bo Tla Tsamaya bo Fela?

Boitimokanyi! A bo Tla Tsamaya bo Fela?

PANAYIOTA o goletse kwa setlhaketlhakeng sengwe sa kwa Mediterranean. Fa e ne e le mosha, o ne a rata dipolotiki thata. Moragonyana o ne a nna mokwaledi wa lekoko lengwe la dipolotiki kwa motseng o a neng a nna kwa go one. Gape o ne a kopa madi mo malapeng a batho go tshegetsa lekoko la gagwe. Mme fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgobega marapo. Le fa maloko a lekoko la gagwe a ne a bitsana bo-comrade, ba ne ba thapa ba masika kgotsa ditsala, ba batla go atlega, ba gogagogana e bile ba fufegelana.

Daniel o goletse mo lelapeng le le ratang kereke thata kwa Ireland. Le fa go ntse jalo, o sa ntse a gopola boitimokanyi jwa baruti ba ba neng ba nwa bojalwa thata, ba betšha e bile ba utswa madi a koleke, mme ba mo rerela ba re o tla fisiwa mo diheleng fa a ka leofa.

Jeffery o feditse nako e ntsi a le mo tirong ya go phasalatsa le go dira kgwebo le beng ba dikepe ba ba nnang kwa United Kingdom le kwa United States. O sa ntse a gopola dinako di le dintsi tsa fa bareki le bagaisani ba ne ba dira kgwebo ka bonweenwee le badiredipuso. Ba ne ba ikemiseditse go bua sengwe le sengwe fela gore ba sireletse tumalano ya bone.

Ka maswabi, ditiragalo tseno di tlwaelegile. Gompieno, boitimokanyi bo gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone, e ka ne e le mo dipolotiking, mo bodumeding kgotsa mo dipapatsong. Lefoko la Seesemane le le ranolwang e le “boitimokanyi” le tswa mo lefokong la Segerika le le kayang sebui kgotsa modiragatsi wa mo seraleng yo gantsi a diragatsang a fitlhile sefatlhego. Gompieno le kaya motho yo o itirang se a seng sone gore a tsietse ba bangwe kgotsa gore a fitlhelele dilo dingwe ka bopelotshetlha.

Boitimokanyi bo ka dira gore batho ba ba amilweng ke jone ba utlwe botlhoko thata, ba nne bogale e bile ba kgopisege. Ba ka bua jaana ba utlwile botlhoko: “Boitimokanyi! A bo tla tsamaya bo fela?” Se se itumedisang ke gore Lefoko la Modimo le re naya mabaka a go dumela gore bo tla fela.

MODIMO LE MORWAWE BA IKUTLWA JANG KA BOITIMOKANYI?

Baebele ya re boitimokanyi bo simologile ka sebopiwa sengwe sa moya e seng ka batho. Kwa tshimologong, Satane Diabolo o ne a iphitlha ka noga, a bo a itira e kete o siame gore a tsietse mosadi wa ntlha e bong Efa. (Genesise 3:1-5) Fa e sa le ka nako eo, batho ba le bantsi ba itirile se ba seng sone gore ba tsietse ba bangwe le go fitlhelela dilo dingwe ka bopelotshetlha.

Fa setšhaba sa Iseraele se ne se raelesega go obamela medimo ya maaka le go itimokanya, Modimo o ne a nna a ba tlhagisa ka ditlamorago tsa gone. Jehofa Modimo o ne a bua jaana a tlhotlheletsa moporofeti Isaia: “Batho ba, ba nkatamela, ba ba ba ntlotla ka  molomo wa bone le ka dipounama tsa bone, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna.” (Isaia 29:13, Baebele e e Boitshepo) Fa setšhaba seno se ne se gana go tlogela ditsela tsa sone tse di bosula, Modimo o ne a letla dinaga di sele gore di senye lefelo la kobamelo la Baiseraele, e leng Jerusalema le tempele ya yone. E ne ya senngwa la ntlha ke Bababelona ka ngwaga wa 607 B.C.E. le ke masole a Roma ka ngwaga wa 70 C.E. Seno se bontsha sentle gore Modimo tlhoile boitimokanyi.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Modimo le Morwawe e bong Jesu, ba rata batho ba ba ikanyegang e bile ba siame. Ka sekai, fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, monna mongwe yo o bidiwang Nathanaele o ne a tla kwa go ene. Fa Jesu a mmona o ne a re: “Bona, Moiseraele ruri, yo go se nang tsietso epe mo go ene.” (Johane 1:47) Nathanaele, yo gape a bidiwang Barotholomeo, o ne a nna mongwe wa baaposetoloi ba le 12 ba ga Jesu.—Luke 6:13-16.

Jesu o ne a fetsa nako le balatedi ba gagwe e bile a ba ruta gore Modimo o leba dilo jang. Ba ne ba sa tshwanela go nna baitimokanyi. Jesu o ne a ba tlhagisa ka go kgala boitimokanyi jo bo neng bo diriwa ke baeteledipele ba dikereke ba nako eo. Ela tlhoko dilo dingwe tse ba neng ba di dira.

Ba ne ba dira “tshiamo” gore ba bonwe. Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe a re: “Elang tlhoko thata gore lo se ka lwa nna le mokgwa wa go dira tshiamo fa pele ga batho gore ba lo bone . . . fela jaaka baitimokanyi ba dira.” Gape o ne a ba raya a re ba abe dimpho tsa kutlwelobotlhoko “mo sephiring” kgotsa ka botlhale. Ba ne ba tshwanetse go rapela mo sephiring, e seng gore ba bonwe ke batho. Fa ba ne ba ka dira jalo, kobamelo ya bone e ne e tla nna phepa e bile Rraagwe o ne a tla e amogela.—Mathaio 6:1-6.

Ba ne ba itlhaganelela go tshwaya ba bangwe diphoso. Jesu o ne a re: “Moitimokanyi! Santlha ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.” (Mathaio 7:5) Fa motho a na le diphoso mme a bo a leba diphoso tsa ba bangwe, o a bo a itira se a seng sone. Ka gonne boammaaruri ke gore “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.”—Baroma 3:23.

Ba ne ba na le maitlhomo a a sa siamang. Lekgetlho lengwe, barutwa ba Bafarasai le balatedi ba ga Herode ba ne ba tla kwa go Jesu mme ba mmotsa ka go duela lekgetho. Ba ne ba raya Jesu jaana ka boferefere: “Moruti, re a itse gore o na le boammaaruri e bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri.” Go tswa foo ba ne ba leka go mo tshwara ka potso eno: “A go kafa molaong go duela Kaesara lekgetho la tlhogo kgotsa nnyaa?” Jesu o ne a ba araba jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo nteka, baitimokanyi ke lona?” Jesu o ne a bua sentle fa a re ke baitimokanyi ka gonne tota ba ne ba sa batle karabo ya potso ya bone mme ba ne ba batla go ‘mo tshwara mo puong ya gagwe.’—Mathaio 22:15-22.

Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha “lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa le mo segakoloding se se siameng le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.”—1 TIMOTHEO 1:5

Boammaaruri le boikanyegi di ne tsa anama fa go ne go tlhomiwa phuthego ya Bokeresete ka Pentekosete ya 33 C.E. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba leka thata go tlogela mekgwa mengwe e ba neng ba na le yone ya go itimokanya. Ka sekai, mongwe wa baaposetoloi ba le 12 e bong Petere, o ne a kgothaletsa Bakeresete ka ene gore ba ‘utlwe boammaaruri mo go felelang ka gore ba nne le lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo.’ (1 Petere 1:22) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badirimmogo ka ene gore ba bontshe “lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa le mo segakoloding se se siameng le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.”—1 Timotheo 1:5.

MAATLA A LEFOKO LA MODIMO

Dithuto tse di mo Baebeleng tsa ga Jesu le baaposetoloi di sa ntse di le maatla fela jaaka go ne go ntse ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le seo: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Go itse se  Baebele e se rutang le go leka go tshela go dumalana le sone, go thusitse batho ba le bantsi go tlogela boitimokanyi ba bo ba ikanyega. Akanya ka se se neng sa diragalela batho ba go builweng ka bone kwa tshimologong ya setlhogo seno.

“Ke ne ka bona ba bontshana lorato e bile ba kgatlhegelana tota.”—PANAYIOTA

Botshelo jwa ga Panayiota bo ne jwa fetoga fa a ne a dumela go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ga a bona batho ba dira se se siameng e le fela go kgatlha ba bangwe. A re: “Fa ke le koo, ke ne ka bona ba bontshana lorato e bile ba kgatlhegelana tota, e leng selo se ke neng ke ise ke tsamaye ke se bone mo dingwageng tse dintsi tsa fa ke ne ke le mo dipolotiking.”

Panayiota o ne a simolola go ithuta Baebele a bo a kolobediwa. Seo se diragetse dingwaga di le 30 tse di fetileng. Gone jaanong a re: “Selo se se dirileng gore ke itse gore ke tshelela eng, ke go bolelela batho ka Bogosi Jwa Modimo, e leng se se tla dirang gore lefatshe e nne le le botoka, e seng ka go ya kwa magaeng a batho ke ba kopa gore ba tlhophe mokgatlho mongwe wa dipolotiki.”

“Ke ne ke sa batle gore Bakeresete ka nna ba akanye gore ke sengwe se ke seng sone.”—DANIEL

Daniel o ne a dira sentle mo phuthegong ya Bokeresete mme a newa maikarabelo mangwe. Morago ga dingwaga di se kae, o ne a dira phoso mme segakolodi sa gagwe sa simolola go mo tshwenya. O ne a re: “Fa ke akanya ka boitimokanyi jo ke boneng bo dirwa kwa dikerekeng dingwaga tse di fetileng, ke ne ka bona go le molemo gore ke tlogele maikarabelo a ke neng ke na le one. Ke ne ke sa batle gore Bakeresete ka nna ba akanye gore ke sengwe se ke seng sone.”

Se se itumedisang ke gore morago ga lobaka lo lo rileng Daniel a sena go baakanya dilo, o ne a newa ditshiamelo tsa gagwe gape a bo a amogela maikarabelo mo phuthegong gape. Boikanyegi jono bo fitlhelwa mo bathong ba ba direlang Modimo ba se na boitimokanyi. Ba ithuta go “ntsha tlhomeso” e e mo matlhong a bone pele ba ka “ntsha lotlhaka” lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa bone.

“Ke ne ka lemoga gore ga ke a tshwanela go nna morekisi yo o tsietsang ka go bua ka bonako. . . . Segakolodi sa me se ne se ntshwenya.”—JEFFERY

Jeffery, yo o feditseng nako e ntsi a le mo go tsa kgwebo o ne a re: “Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tlogela go nna morekisi yo o tsietsang, yo o buang ka bonako le yo o ikemiseditseng go bua sengwe le sengwe go dumalana ka tsa kgwebo. Segakolodi sa me se ne sa amiwa thata ke ditemana tsa Baebele tse di jaaka Diane 11:1, e e reng ‘sekale se se tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa.’” Ee, go farologana le batho ba ba neng ba botsa Jesu ka go duela lekgetho, Jeffery o ne a ithuta go dira kgwebo sentle le Basupi le batho ba e seng basupi a sa fitlhe sepe.

Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione mo lefatsheng ba leka go tshela ka se ba se ithutileng mo Baebeleng. Ba tsaya matsapa gore ba “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:24) Re go kgothaletsa gore o bone gore Basupi ba ga Jehofa ke bomang, ba dumela eng le gore ba ka go thusa jang gore o ithute ka lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng. “Go tla nna tshiamo” mo go lone e bile boitimokanyi bo tla bo bo sa tlhole bo le gone.—2 Petere 3:13.