Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | DEBORA

“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”

“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”

FA Debora a ntse a lebile masole a a kokoaneng mo setlhoeng sa Thaba ya Tabore o ne a amega pelo tota. Phakela fa go nna lesedi, o ne a akanya thata ka bopelokgale jwa bone le tumelo ya moeteledipele wa bone e bong Barake. Le fa ba ne ba le 10 000, tumelo le bopelokgale jwa bone di ne di tla lekiwa mo letsatsing leno. Ba ne ba le bannye ka palo e bile ba se na dibetsa mme ba ne ba tla tlhabana le baba ba ba setlhogo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tla go tlhabana ka gonne ba tlhotlheleditswe ke mosadi yono.

Akanya seaparo sa ga Debora se phepheulwa ke phefo fa ene le Barake ba lebile lebala le le bulegileng. Thaba ya Tabore e ne e na le setlhoa se se sephaphathi. Fa motho a eme mo thabeng eno e e bogodimo jwa dimetara di ka nna 400, o ne a ka bona Poa ya Esederaelone e e ikadileng go ela kwa borwabophirima. Noka ya Kishone e ne e itsoketsa ka Thaba ya Karemele mo lefelong le le sephaphathi le le nang le bojang mme e elelela kwa Lewatleng le Legolo. Go ka direga gore mo mosong oo noka e ne e kgadile, mme go ne go na le sengwe se se neng se phatsima mo poeng eo. E ne e le lesedi la ditshipi tse di phatsimang tsa masole a ga Sisera a a neng a atamela. Masomo a ga Sisera a ne a tla ka dikara tsa ntwa di ka nna 900 tse maotwana a tsone a ka tswang a ne a na le disekele mo matlhakoreng. Sisera o ne a ikaeletse go bolaya Baiseraele jaaka motho a roba barele!

Debora o ne a itse gore Barake le banna ba gagwe ba ne ba letetse go utlwa kaelo kgotsa sesupo se se tswang mo go ene. A e ne e le ene fela mosadi koo? Go ne go ntse jang go sikara maikarabelo a a kalo mo maemong ao? A a ka tswa a ne a ipotsa gore o dirang koo? Nnyaa le e seng! Modimo wa gagwe e bong Jehofa, o ne a mmoleletse gore a simolole ntwa; gape o ne a mo senoletse gore o tla dirisa mosadi go e fedisa. (Baatlhodi 4:9) Debora le batlhabani bano ba ba pelokgale ba re ruta eng ka tumelo?

“TSAMAYA MME O IKALE MO THABENG YA TABORE”

Fa Baebele e bua ka Debora lekgetlo la ntlha, ya re ke “moporofeti wa mosadi.” Le fa e se ene fela a bidiwang jalo, pego eno ya Baebele e dira gore a tlhomologe. * Debora o ne a na le maikarabelo a mangwe. O ne a fedisa dikgotlhang ka go bolelela batho se Jehofa a se buileng go rarabolola mathata a a tlhagileng.—Baatlhodi 4:4, 5.

Debora o ne a nna mo kgaolong ya dithaba ya Eferaime, fa gare ga metse ya Bethele le Rama. O ne a tle a nne mono kafa tlase ga setlhare sa mokolane, a atlhola batho jaaka Jehofa a ne a mo laetse. Tiro e Debora a neng a e abetswe e ne e se motlhofo, mme ga a ka a e letla go mo kgoba marapo. Tiro ya gagwe e ne e solegela batho ba le bantsi molemo. Tota e bile moragonyana o ne a nna le seabe mo go tlhameng pina e e tlhotlheleditsweng malebana le batho ba gagabo ba ba sa ikanyegeng e e nang le mafoko ano: “Ba ne ba tlhopha medimo e mesha. Mme ga nna ntwa mo dikgorong.” (Baatlhodi 5:8) E re ka Baiseraele ba ile ba tlogela Jehofa mme ba direla medimo e mengwe, o ne a se ka a ba sireletsa fa baba ba bone ba ba tlhasela. Kgosi ya Kanana e bong Jabine o ne a ba fenya a dirisa molaodi yo o nonofileng wa masole e bong Sisera.

Sisera! Go utlwa leina leo fela go ne go kgaola Baiseraele pelo. Bodumedi le setso sa Bakanana di ne di tlese bosetlhogo, di akaretsa go dira bana ditlhabelo le go dira boaka mo tempeleng. Maemo a ne a ntse jang  fa molaodi yono wa Kanana le masole a gagwe ba laola? Pina ya ga Debora e bontsha gore go ne go se motlhofo gore batho ba tsene le go tswa mo nageng e bile go ne go se na batho mo metseng. (Baatlhodi 5:6, 7) Re ka akanya ka batho ba roroma ba iphitlhile mo dikgweng le mo dithoteng, ba tshaba go lema kgotsa go nna mo motseng o o sa sireletsegang, ba tshaba go tsamaya mo ditseleng tse di bulegileng mo ba neng ba tla tlhaselwa motlhofo, bana ba bone ba tsewa mo go bone le basadi ba bone ba betelelwa. *

Go tsere dingwaga di le 20 batho ba tshelela mo poifong go fitlha Jehofa a bona bosupi jwa gore batho ba gagwe ba ba ditlhogodithata ba ne ba ikemiseditse go dira diphetogo, kgotsa jaaka pina e e tlhotlheleditsweng ya ga Debora le Barake e tlhalosa, “Go fitlha nna, Debora, ke ema, go fitlha ke ema jaaka mmè mo Iseraele.” Ga re itse gore a tota Debora, mosadi wa ga Lapidothe, o ne a na le bana mme mafoko ano a dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso. Ka jalo, Jehofa o ne a abela Debora tiro ya go sireletsa setšhaba jaaka mmè a dira. O ne a laela gore go bidiwe monna yo o nang le tumelo e bong Moatlhodi Barake a bo a mo laela gore a tlhabane le Sisera.—Baatlhodi 4:3, 6, 7; 5:7.

Debora o ne a kgothaletsa Barake gore e nne mofalotsi wa batho ba Modimo

Jehofa o ne a laela jaana a dirisa Debora, “Tsamaya mme o ikale mo Thabeng ya Tabore.” Barake o ne a tshwanetse go kokoanya banna ba le 10 000 go tswa mo ditsong tse pedi tsa Iseraele. Debora o ne a ba bolelela gore Modimo o solofeditse gore ba tla fenya Sisera yo o nonofileng le dikara tsa gagwe tse 900! Tsholofetso eo e tshwanetse ya bo e ile ya gakgamatsa Barake. Baiseraele ba ne ba se na masole le dibetsa. Le fa go ntse jalo, Barake o ne a re o tla ya ntweng fa Debora a ka tsamaya le bone kwa Thabeng ya Tabore.—Baatlhodi 4:6-8; 5:6-8.

Batho ba bangwe ba akanya gore Barake o ne a se na tumelo fa a ne a batla gore Debora a tsamaye le ene mme seo ga se boammaaruri. Mme gone, ga a ka a kopa Modimo gore a ba neye dibetsa tse di oketsegileng. Go na le moo, Barake o ne a bona go tlhokega gore moemedi wa ga Jehofa a nne gone gore a neye ene le banna ba gagwe maatla. (Bahebera 11:32, 33) Jehofa o ne a amogela seo. O ne a letla Debora go tsamaya le bone, jaaka Barake a ne a kopile. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Debora go porofeta gore morago ga ntwa, kgalalelo e ne e ka se newe monna. (Baatlhodi 4:9) Modimo o ne a sweditse ka gore Sisera yo o bosula o ne a tla bolawa ke mosadi!

Gompieno mo lefatsheng basadi ba direlwa tshiamololo, ba tshwarwa ka dikgoka le go sotlakakiwa. Ga se gantsi ba tlotliwa jaaka Modimo a batla. Le fa go ntse jalo, banna le basadi ba a lekana mo Modimong e bile o ba amogela botlhe. (Baroma 2:11;  Bagalatia 3:28) Sekai sa ga Debora se re gakolola gore Modimo o naya basadi maikarabelo mangwe le go ba senolela dilo tse di amanang le tiro e a ba neileng yone e bile o ba ema nokeng. Go botlhokwa gore re se ka ra tseela basadi kwa tlase jaaka batho ba le bantsi ba dira.

“LEFATSHE LE NE LA REKETLA, MAGODIMO LE ONE A NE A ROTHA”

Barake o ne a ya go phutha masole a gagwe. E ne e le banna ba le 10 000 ba ba neng ba le pelokgale go ya go tlhabana le masole a a boifisang a ga Sisera. Fa Barake a ne a eteletse pele banna ba gagwe go ya kwa Thabeng ya Tabore, o ne a itumeletse gore go na le sengwe se se tla ba nonotshang. Re bala jaana: “Debora a tlhatloga le ene.” (Baatlhodi 4:10) Akanya kafa masole ao a neng a kgothadiwa ka gone ke go bona mosadi yono yo o pelokgale a tsamaya le bone go ya kwa Thabeng ya Tabore, a ikemiseditse go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka gonne a na le tumelo mo go Jehofa Modimo!

Fa Sisera a utlwa gore Iseraele e phuthile masole kgatlhanong le ene, o ne a tsaya kgato ka bonako. Dikgosi dingwe tsa Bakanana di ne tsa ema Kgosi Jabine nokeng, yo o ka tswang a ne a na le maatla go ba feta. Ka jalo, setlhopha se segolo sa dikara tsa ga Sisera se ne sa reketlisa lefatshe ka modumo wa sone fa di ntse di taboga mo lebaleng le le bulegileng. Bakanana ba ne ba tlhomamisegile gore ba maatla go gaisa Baiseraele le gore ba tla ba fenya ka bonako.—Baatlhodi 4:12, 13; 5:19.

Barake le Debora ba ne ba tla dira eng fa mmaba a atamela? Fa ba ne ba ka ema kwa godimo mo Thabeng ya Tabore ba ne ba ka kgona go fenya masole a Bakanana ka gonne dikara tseo di ne di ka se kgone go palama thaba. Mme Barake o ne a tla tlhabana ka tsela e Jehofa a neng a e laetse, ka jalo o ne a emela kaelo ya ga Debora. Kgabagare nako e ne ya goroga. Debora o ne a re: “Nanoga, gonne leno ke letsatsi le ka lone Jehofa ruri a tla tsenyang Sisera mo seatleng sa gago. A Jehofa ga se ene a duleng a le kwa pele ga gago?” Gape re bala jaana: “Barake a fologa mo Thabeng ya Tabore a na le banna ba le dikete di le lesome ba mo setse morago.”—Baatlhodi 4:14. *

Masole a Iseraele a ne a fologela mo lebaleng le le bulegileng a lebile kwa dikareng tse di boitshegang tsa ntwa. A Jehofa o ne a dule a le kwa pele ga bone jaaka Debora a solofeditse? Karabo e ne ya bonala ka bonako. Re bala jaana: “Lefatshe le ne la reketla, magodimo le one a ne a rotha.” Go ne ga nna le tlhakatlhakano mo masoleng a a ikgogomosang a ga Sisera. Pula e ne ya tshologa! Go lebega e ile ya na thata jaana mo lefatshe le neng la koloba ka bonako. Go ise go ye kae, dikara tseo di ne di sa tlhole di thusa ka sepe. Di ne tsa nwela le go tshwarwa ke seretse.—Baatlhodi 4:14, 15; 5:4.

Barake le banna ba gagwe ba ne ba sa tshosiwe ke pula. Ba ne ba itse lebaka la go bo e na. Ba ne ba tabogela kwa masoleng a Bakanana. E re ka Modimo a ne a dirisa Baiseraele, ba ne ba bolaya masole otlhe a ga Sisera. Noka ya Kishone e ne ya tlala ya bo ya gogolela ditopo kwa Lewatleng le Legolo.—Baatlhodi 4:16; 5:21.

Fela jaaka Debora a boleletse pele, Jehofa o ne a lwela batho ba gagwe ka go fenya masole a ga Sisera

Gompieno Jehofa ga a tlhole a laela batlhanka ba gagwe gore ba ye ntweng. Le fa go ntse jalo, o ba laela gore ba lwe ntwa ya semoya. (Mathaio 26:52; 2 Bakorintha 10:4) Fa re ikobela Modimo, re bontsha gore re eme mo letlhakoreng lefe mo ntweng eo. Re tshwanetse go nna pelokgale ka gonne ba ba mo letlhakoreng la Modimo ba ka ganediwa setlhogo. Mme Jehofa ga a fetoga. O sa ntse a sireletsa ba ba dumelang mo go ene le go mo tshepa jaaka Debora, Barake le masole a a pelokgale a kwa Iseraele wa bogologolo.

“O TLA SEGOFADIWA SEGOLO MO BASADING”

Mmaba mongwe yo o kotsi wa Mokanana o ne a tlhanola direthe! Sisera, yo o neng a gatelela batho ba Modimo thata, o ne a tshaba kwa ntweng a tsamaya ka maoto. O ne a tlogela banna ba gagwe ba swela mo seretseng a bo a ralala masole a Baiseraele a ya kwa lefelong le le sa releleng a ya go kopa thuso kwa ditsaleng. E re ka a ne a tshogile gore masole a Baiseraele a tla mo tshwara, o ne a taboga dikilometara di le dintsi mo tseleng e e bulegile, a ya a lebile kwa megopeng ya ga Hebere, Mokene yo o neng a kgaogane le batho ba gagabo a nna kwa borwa e bile a dirile kgolagano le Kgosi Jabine.—Baatlhodi 4:11, 17.

Sisera o ne a goroga kwa bothibelelong jwa ga Hebere a lapile. O ne a fitlhela Hebere a seyo. Mme mosadi wa gagwe e bong Jaele o ne a le teng. Sisera a ka tswa a ne a akanya gore Jaele o tla tlotla kgolagano e  monna wa gagwe a e dirileng le Kgosi Jabine. Gongwe a ka tswa a ne a sa akanye gore mosadi a ka dira dilo kgotsa a di leba ka tsela e e farologaneng le ya monna wa gagwe. Tota Sisera o ne a sa itse Jaele! Jaele o ne a bone bosula jo Bakanana ba bo dirileng mo nageng; gape a ka tswa a ile a bona seno e le tshono ya gore a tseye kgato. O ne a ka thusa monna yono yo o bosula kgotsa a ema mo letlhakoreng la ga Jehofa ka go bolaya mmaba yono wa batho ba Gagwe. O ne a ka dira eng? Tota mosadi o ne a ka fenya jang motlhabani yoo yo o maatla wa seganka?

Jaele o ne a tshwanetse go akanya ka bonako. O ne a naya Sisera lefelo la go ikhutsa. Sisera o ne a mo laela gore a se ka a bolelela ope yo o mmatlang gore o kwa kae. Fa a robala, Jaele o ne a mo khurumetsa ka kobo mme fa a mo kopa metsi a mo naya mashi a a nang le lobebe. Ka bonako fela Sisera o ne a thulamela. Jaele o ne a tsaya didirisiwa tse pedi tsa mo ntlong tse gantsi basadi ba ba nnang mo megopeng ba neng ba di dirisa ka botswerere—lomapo lwa mogope le noto. O ne a kukunela kwa tlhogong ya ga Sisera gore a dire tiro e e tshosang ya go nna motlhabani wa ga Jehofa. Go okaoka go le gonnye fela, go ne go ka mo tsenya mo mathateng. A o ile a akanya kafa monna yono a bogisitseng batho ba Modimo ka gone ka dingwaga tse dintsi? Kgotsa a o ne a akantse ka tshiamelo ya go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa? Pego eno ga e re bolelele sepe ka gone. Re itse fela gore o ne a tsaya kgato. Sisera o ne a swa!—Baatlhodi 4:18-21; 5:24-27.

Moragonyana, Barake o ne a ya go batla mmaba wa gagwe. Fa Jaele a mmontsha setopo sa ga Sisera se na le lomapo mo ditlhakoreng tsa tlhogo, o ne a lemoga gore boporofeti jwa ga Debora bo diragaditswe. Motlhabani wa seganka e bong Sisera o ne a bolailwe ke mosadi! Batshwayadiphoso ba motlha wa rona ba ne ba naya Jaele maina a tshotlo, mme Barake le Debora ba ne ba mo leba ka tsela e e farologaneng le ya bone. Mo pineng ya bone ba ne ba tlhotlhelediwa go baka Jaele ka ntlha ya tiro ya bopelokgale e a neng a e dira ba re “o tla segofadiwa segolo mo basading.” (Baatlhodi 4:22; 5:24) Ela tlhoko kafa Debora a neng a le pelonomi ka gone. Ga a ka a tswela Jaele pelo; go na le moo, o ne a itumeletse gore mafoko a ga Jehofa a ne a diragaditswe.

E re ka Sisera a sule, Baiseraele ba ne ba sa tlhole ba boifa Kgosi Jabine. Bakanana ba ne ba sa tlhole ba ba bogisa. Go ne ga nna le kagiso ka dingwaga di le 40. (Baatlhodi 4:24; 5:31) Ruri Debora, Barake le Jaele ba ne ba segofadiwa thata ka go bo ba ne ba dumela mo go Jehofa Modimo! Fa re etsa tumelo ya ga Debora, re ema mo letlhakoreng la ga Jehofa ka bopelokgale e bile re kgothaletsa ba bangwe go dira jalo, Jehofa o tla dira gore re fenye—a bo a re naya kagiso.

^ ser. 7 Bangwe ba baporofeti ba basadi e ne e le Miriame, Huleda le mosadi wa ga Isaia.—Ekesodo 15:20; 2 Dikgosi 22:14; Isaia 8:3.

^ ser. 9 Pina ya ga Debora e bontsha gore gantsi fa Sisera a tswa ntweng o ne a tla a gapile dilo tse dintsi go akaretsa le basetsana, mme ka dinako dingwe lesole lengwe le lengwe le ne le gapa basetsana ba feta a le mongwe. (Baatlhodi 5:30, Baebele e e Boitshepo) Lefoko “mosetsana” le le dirisitsweng mo temaneng eo le kaya “sebopelo.” Tsela e lefoko leno le dirisitsweng ka yone e bontsha gore basadi ba ne ba ratelwa dirwe tsa bone tsa tsalo. Go lebega petelelo e ne e tlwaelegile.

^ ser. 17 Ntwa e e neng ya lowa e tlhalosiwa gabedi mo Baebeleng—mo pegong ya ditiragalo tse di mo go Baatlhodi kgaolo 4 le mo pineng ya ga Debora le Barake mo kgaolo 5. Dipego tseno di a tlatsana, e nngwe e tlhalosa dintlha tse pego e nngwe e sa di tlhaloseng.