SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BOKHUTLO BO GAUFI?
“Bokhutlo”—Bo Kaya Eng?
“Bokhutlo bo gaufi!” go tla eng mo mogopolong fa o utlwa mafoko ano? A o akanya ka moruti yo o rerang ka matlhagatlhaga, a tshwere Baebele? Kgotsa gongwe o akanya ka monnamogolo yo o nang le ditedu a eme mo tseleng a apere purapura a e bofile mo dinokeng, a tshwere lotshwao lo lo kwadilweng molaetsa o o buang ka bokhutlo? Go akanya ka ditiragalo tseno go ka dira gore batho bangwe ba tshwenyege, bangwe bone ba ka nna le dipelaelo kgotsa ba itumela.
Baebele ya re: “Bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Gape bokhutlo bo bidiwa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo’ le “Hara-Magedona.” (Tshenolo 16:14, 16) Boammaaruri ke gore kgang eno e tlhakanya batho ba bantsi ba ba tsenang dikereke tlhogo e bile go na le dikgopolo tsa maaka tse di tshosang tse di anamang. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa bokhutlo ka tsela e e utlwalang sentle—se tota bo leng sone le se bo seng sone. Gape Lefoko la Modimo le re thusa go bona gore a bokhutlo bo gaufi. Sa botlhokwa le go feta, le re ruta gore re ka dira eng gore re falole! A re simolole pele ka go sekaseka dikgopolo tse di seng boammaaruri le go bona gore tota bokhutlo ke eng. Baebele ya re “bokhutlo” ke eng?
SE BOKHUTLO E SENG SONE
-
BOKHUTLO GA SE GO FEDISIWA GA LEFATSHE KA MOLELO.
Baebele ya re: “[Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Temana eno le tse dingwe di re tlhomamisetsa gore Modimo a ka se fedise lefatshe e bile ga a kitla a le tlogela le senngwa le ka motlha!—Moreri 1:4; Isaia 45:18.
-
BOKHUTLO GA SE TIRAGALO E E SA RULAGANNGWANG.
Baebele ya re bokhutlo bo beetswe nako—Modimo o bo beetse nako e e tlhomameng. Re bala jaana: “Ka ga letsatsi leo kgotsa nako ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong kgotsa Morwa, fa e se Rara. Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.” (Mareko 13:32, 33) Go bonala sentle, gore Modimo (“Rara”) o beile “nako e e tlhomilweng” ya go tlisa bokhutlo.
-
BOKHUTLO GA BO TLISIWE KE BATHO KGOTSA DILO TSE DI WANG KWA LEFAUFAUNG.
Bokhutlo bo tla tlisiwa ke eng? Tshenolo 19:11 ya re: “Ka bona legodimo le bulega, mme, bona! pitse e tshweu. Mme yo o ntseng mo go yone o bidiwa Boikanngo le Boammaaruri.” Temana 19 e tswelela ka go re: “Mme ka bona sebatana le dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone a phuthegetse go lwa ntwa le yo o pagameng pitse le masole a gagwe.” (Tshenolo 19:11-21) Le fa mono go dirisitswe puo ya tshwantshetso, re lemoga gore: Modimo o tla romela baengele ba le bantsi gore ba fedise baba ba gagwe.
Molaetsa wa Baebele o o buang ka bokhutlo ke dikgang tse di molemo e seng tse di bosula
SE BOKHUTLO E LENG SONE
-
GO FEDISIWA GA DIPUSO TSA BATHO.
Baebele ya re: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [puso] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema Daniele 2:44) Jaaka go boletswe pelenyana mo go ntlha 3, “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone” tse di tla bong di “phuthegetse go lwa ntwa le yo o pagameng pitse le masole a gagwe” di tla fedisiwa.—Tshenolo 19:19.
ka bosakhutleng.” ( -
GO FEDISIWA GA NTWA, THUBAKANYO LE TSHIAMOLOLO.
“[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9) “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.
-
GO FEDISIWA GA DIKEREKE TSE DI SA IKOBELENG MODIMO E BILE DI TIMETSA BATHO.
“Baporofeti ba porofeta maaka; mme fa e le baperesiti bone, ba fenya go ya ka maatla a bone. . . . Lo tla dira eng kwa bokhutlong jwa teng?” (Jeremia 5:31) “Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?’ Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: ‘Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.’”—Mathaio 7:21-23.
-
GO FEDISIWA GA BATHO BA BA TLHAKATLHAKANYANG LEFATSHE.
Jesu Keresete o ne a re: “Jaanong ono ke motheo wa katlholo, gore lesedi le tlile mo lefatsheng mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le boikepo.” (Johane 3:19) Baebele e bua ka go fedisiwa ga lefatshe mo motlheng wa monna yo o ikanyegang e bong Noa. “Lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi. Mme magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.”—2 Petere 3:5-7.
Ela tlhoko gore go tla ga ‘letsatsi la katlholo le la go senngwa’ go tshwantshiwa le go senngwa ga “lefatshe” mo motlheng wa ga Noa. Ke lefatshe lefe le le fedisitsweng mo motlheng oo? Ga se polanete e re nnang mo go yone; “baikepi”—baba ba Modimo—ke bone ba ba neng ba “senngwa.” Ka ‘letsatsi la [Modimo la] katlholo,’ batho ba ba nnang baba ba Modimo le bone ba tla fedisiwa. Mme fela jaaka Noa le lelapa la gagwe, ditsala tsa Modimo di tla sirelediwa.—Mathaio 24:37-42.
Akanya fela gore lefatshe le tla nna lentle jang fa Modimo a sena go tlosa bosula jotlhe! Ga go pelaelo gore molaetsa wa Baebele o o buang ka bokhutlo ke dikgang tse di molemo e seng tse di bosula. Mme gone, o ka tswa o ipotsa go re: ‘A Baebele e re bolelela gore bokhutlo bo tla tla leng? A bo gaufi? Nka falola jang?’