Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Boikarabelo jwa molaodi wa masole a Roma e ne e le bofe?

Setshwantsho sa Molaodi wa Masole, Marcus Favonius Facilis

Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di umaka balaodi ba masole a Roma ka makgetlo a le mmalwa. Monna yo o neng a lebile fa Jesu a bolawa e ne e le molaodi wa masole fela jaaka Korenelio, yo e neng e le Moditšhaba wa ntlha go sokologela mo Bokereseteng. Gape molaodi yo o neng a lebile fa moaposetoloi Paulo a itewa, le Juliase yo o neng a isa Paulo kwa Roma, le bone e ne le balaodi ba masole.—Mareko 15:39; Ditiro 10:1.

Gantsi molaodi wa masole o ne a okamela masole a le 50 go ya go a le 100 a a tsamayang ka dinao. Boikarabelo jwa gagwe e ne e le go ba katisa le go ba otlhaya, go tlhomamisa gore diaparo tsa bone le didirisiwa tsa bone di mo maemong a a siameng le go ba naya ditaelo ka nako ya ntwa.

Maemo a molaodi wa masole a ne a feta a lesole lepe fela le le tlwaelegileng. Tiro eo e ne e newa batho ba ba sa bolong go nna masole e bile ba tshwanelegela go etelela pele. Masole a Roma a ne a ikaegile ka molaodi yono gore a ba neye ditaelo le gore ba nne sesole se se thata. Go ya ka motswedi mongwe, balaodi ba masole “gantsi e ne e le masole a a nang le maitemogelo le a a itseng sengwe le sengwe se se amanang le tiro ya bosole.”

Diipone tsa metlha ya Baebele di farologana jang le tsa gompieno?

Seipone sa kwa Egepeto wa bogologolo

Diipone tsa metlha ya Baebele di farologana le tsa gompieno ka gonne di ne di dirilwe ka metale o o phatsimisitsweng thata—gantsi e le boronse gongwe le kopore, selefera, gouta kgotsa go kopantswe dimetale dingwe. Lekgetlo la ntlha fa Baebele e umaka seipone ke fa go agiwa motlaagana, e leng lefelo la ntlha le Baiseraele ba neng ba obamela mo go lone. Basadi ba ne ba ntsha meneelo ya diipone gore go dirwe mogotšwana wa kgotlho le setlhomo sa one. (Ekesodo 38:8) Gongwe go ne go gakolosiwa diipone gore go dirwe dilo tseo.

Diipone tse baithutamarope ba di epolotseng mo Iseraele le mo mafelong a a mabapi gantsi di ne di bonwa mo dibenyaneng le mo dilong tse dingwe tsa go ikgabisa tsa basadi. Gantsi diipone tseo di ne di le kgolokwe di kgabisitswe ka logong, metale kgotsa botshwaro jwa tsone bo dirilwe ka lonaka lwa tlou mme lo dirilwe ka tsela e mosadi a bopegileng ka yone. Karolo e e ka fa morago ya seipone e ne e sa phatsimisiwe.

Diipone tseo tsa bogologolo di ne di sa bontshe sentle fa di bapisiwa le tsa gompieno tse di dirilweng ka galase. Seno se ka tswa se tlhalosa sentle se moaposetoloi Paulo a neng a se bua fa a re: “Mo nakong eno re bona ka tsela e e letobo ka seipone sa tshipi.”—1 Bakorintha 13:12.