SETLHOGO SA KAFA NTLE | PUSO E E SE NANG BONWEENWEE
Bonweenwee Jwa Puso bo Aname
Bonweenwee mo pusong bo tlhalosiwa e le go dirisa taolo gore motho a itsholegele molemo. Seno ga se bolo go direga. Ka sekai, Baebele e na le molao o o kgalang go amogela pipamolomo mo dikgetsing tsa boatlhodi, e leng se se bontshang gore bonweenwee bo ne bo ntse bo direga mo dingwageng di feta 3 500 tse di fetileng. (Ekesodo 23:8) Boammaaruri ke gore bonweenwee ga bo akaretse fela go amogela pipamolomo. Ka dinako tse dingwe badiredibagolo ba ba dirang bonweenwee ba utswa dithoto, ba dirisa ditirelo tsa setšhaba tse ba sa tshwanelang go di dirisa e bile ba utswa madi. Gape ba ka nna ba dirisa maemo a bone gore a solegele ditsala le ba masika a bone molemo.
Le fa go dirwa bonweenwee mo mekgatlhong yotlhe ya batho, go lebega bo aname thata mo pusong. Global Corruption Barometer ya 2013 e e gatisitsweng ke mokgatlho wa Transparency International, e ne ya bega gore mo lefatsheng lotlhe batho ba lemogile gore ditheo tse di nang le bonweenwee thata ke mekgatlho ya dipolotiki, mapodise, badiredibagolo ba puso, batlhomamelao le baatlhodi. Akanya ka dingwe tsa dipego tseno tsa bonweenwee.
-
AFRIKA: Ka 2013, badiredibagolo ba ka nna 22 000 kwa Afrika Borwa ba bonwe molato wa ditiro tse di bosula tsa bonweenwee.
-
DINAGA TSA AMERIKA: Ka 2012, kwa Brazil, batho ba le 25 ba ne ba bonwa molato wa go dirisa madi a setšhaba gore ba engwe nokeng mo dipolotiking. Mongwe wa batho ba ba neng ba bonwa molato ke motlatsamoporesidente, monna yo o tsayang maemo a bobedi ka taolo mo nageng eno.
-
ASIA: Kwa Seoul, Korea Borwa, batho ba ka nna 502 ba ne ba tlhokafala fa moago wa lebenkele lengwe o gosomana ka 1995. Babatlisisi ba ne ba lemoga gore balaodi ba toropo ba ne ba newa pipamolomo gore ba letlelele boradikonteraka go dirisa motswako o o sa amogelweng wa konkereite le go tlola melao ya pabalesego.
-
YUROPA: Mokomishinara wa European Commission Home Affairs e bong Cecilia Malmström a re: “Bothata jono [jwa bonweenwee mo Yuropa] bo aname ka tsela e e gakgamatsang.” O ne a oketsa ka go re: “Go lebega boradipolotiki ba sa ikemisetsa go fedisa bonweenwee.”
Go thata gore batho ba fedise bonweenwee mo pusong. Porofesa Susan Rose-Ackerman e bong moitse wa go lwantsha bonweenwee a re gore bothata jono bo rarabololwe “go ka tlhokega gore go dirwe diphetogo tse dikgolo mo tseleng e puso e dirang dilo ka yone.” Le fa go lebega e kete maemo a etegela pele, Baebele e bontsha gore go tla nna le diphetogo tse dikgolo e bile e re tlhomamisetsa gore di tla direga.