Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

A go Na le Mongwe Yo o Ka Bonelang Pele Isagwe?

A go Na le Mongwe Yo o Ka Bonelang Pele Isagwe?

Rotlhe re akanya ka isagwe. Re akanya ka gore botshelo bo tla nna jang mo go rona le mo bathong ba re ba ratang. Re ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: ‘A banake ba tla tshela mo lefatsheng le le botoka? A lefatshe le tla fedisiwa ke masetlapelo? A go na le sengwe se gone jaanong nka se fetolang go dira gore isagwe ya me e nne botoka?’ Go swegaswega pelo gono ke se re leng sone; ka tlholego fela re batla go tlhomamisega, re batla tolamo le go tsepama. Fa o ne o ka tlhomamisega ka isagwe, o ne o tla ipaakanyetsa yone tota le mo maikutlong.

Ka jalo, isagwe ya gago e ntse jang? A go na le yo o ka e itseng? Baitse ba ba lekang go bolelela pele isagwe ba kgonne go atlega ka dinako dingwe mme gape ba ile ba retelelwa gantsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o kgona go bolelela pele ka nepo ditiragalo tse di tla diragalang. Lefoko la gagwe la re: “[Ke nna] yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isaia 46:10) O atlegile go le kana kang?

DIPOLELELO PELE TSA MODIMO DI NEPILE GO LE KANA KANG?

Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse kafa Modimo a atlegileng ka gone mo dipolelelong pele tsa bogologolo? A re re letsatsi le letsatsi motho yo o bolelelang pele maemo a bosa o opa kgomo lonaka, ga go pelaelo gore o ne o tla itumelela seo. Eleruri o ne o tla reetsa se a se buileng ka maemo a bosa a letsatsi le le latelang. Ka tsela e e tshwanang, fa o ne o ka itse gore Modimo o ile a bolelela pele ditiragalo dingwe mme tsa direga fela jalo, ruri o ne o tla kgatlhegela go itse se a se bolelelang pele ka isagwe ya gago.

Lebota le le agilweng sesha mo maropeng a Ninife wa bogologolo

GO FEDISIWA GA MOTSE O MOGOLO:

Ka sekai, ruri e ka nna selo se se gakgamatsang go kgona go bolelela pele ka nepo gore motse o mogolo, o o sa bolong go nna o nonofile ka makgolokgolo a dingwaga, o tloga o fedisiwa. Modimo o ne a dirisa mongwe wa babueledi ba gagwe go bolelela pele gore motse wa Ninife o tla kgakgabala. (Sefania 2:13-15) Ke eng se baitsehisitori ba  lefatshe ba neng ba se kwala? Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., mo e ka nnang dingwaga di le 15 morago ga gore Modimo a bolelele pele jalo, Bababelona le Bameda ba ne ba tlhasela le go fedisa Ninife. Mo godimo ga moo, Modimo o ne a bolelela pele gore motse wa Ninife o tlile go ‘kgakgabadiwa, jaaka sekaka kwa nageng.’ A kitsiso eno e e dirilweng e sa le gale e ne ya diragala fela jalo? Ee. Le fa gone motse oo le metsana ya one e ne e le bogolo jwa disekwere kilometara di le 518, batlhabani ga ba a ka ba o gapa le go o dirisa, jaaka go ne go solofetswe. Go na le moo, ba ne ba o fedisa. A go na le moitsedipolotiki mongwe yo o neng a ka kgona go bolelela pele ditiragalo tseo ka nepo jalo?

MARAPO A BATHO A TLA SHA:

Ke mang yo o ka nnang pelokgale jaana gore a itsise—dingwaga di le 300 go sa le gale—leina la motho le gore o tla tswa mo losikeng lofe le gore o tla fisa marapo a batho mo sebesong, le leina la motse o sebeso seo se tla bong se le kwa go one? Fa e le gore polelelo pele eo e e sa tlwaelegang e ile ya diragala, ga go pelaelo gore motho yo o e boleletseng pele o tla itsege thata. Mmueledi wa Modimo o ne a itsise jaana: “Morwa yo o tsholetsweng ntlo ya ga Dafide, yo leina la gagwe e leng Josia! . . . , marapo a batho o tla a fisetsa” mo sebesong kwa motseng wa Bethele. (1 Dikgosi 13:1, 2) Dingwaga di le 300 moragonyana, kgosi e e bidiwang Josia—ga se leina le le tlwaelegileng mo Baebeleng—o ne a tsholwa mo losikeng lwa ga Dafide. Fela jaaka go ne go boleletswe pele, Josia o ne a dira gore “go tsewe marapo mo mafelong a go fitlhela mme a a fisa mo sebesong” se se neng se le kwa Bethele. (2 Dikgosi 23:14-16) Motho o ne a ka kgona jang go bolelela pele dilo tseno tsotlhe kwantle ga gore a bo a kaelwa ke maatla mangwe a a fetang a motho?

Baporofeti ba Baebele ba ne ba bolelela pele ka nepo go wa ga Babelona

BOFELO JWA MMUSOMOGOLO:

Go tla bo go gakgamatsa fa motho mongwe a ka bolelela pele ka nepo leina la monna mongwe lobaka lo loleele pele a tsholwa gore o tlile go rulaganya go menola mmusomogolo wa lefatshe lotlhe, a bo a bontsha le mokgwa o o sa tlwaelegang o a tla o dirisang. Modimo o ne a itsise gore monna mongwe yo o bidiwang Kurose o tla fenya setšhaba sengwe. Gape Kurose yono o ne a tla golola batshwarwa ba Bajuda a bo a ema nokeng tiro ya go agiwa sesha ga tempele ya bone e e boitshepo. Mo godimo ga moo, Modimo o ne a bolelela pele gore leano la ntwa la ga Kurose le ne le tla akaretsa go kgadisa dinoka, a bo  a bontsha gore dikgoro di ne di tla tlogelwa di sa tswalwa mme seo se dire gore go nne motlhofo go tlhasela. (Isaia 44:27–45:2) A dintlha di le dintsi tsa boporofeti jwa Modimo di ne tsa direga ka nepo? Baitsehisitori ba dumela gore Kurose eleruri o ne a gapa motse oo. Masole a ga Kurose a ne a dirisa botlhale jo bogolo jwa go faposa nngwe ya dinoka tsa Babelona, tota e bile ba dira gore di kgale. A ne a tsena mo motseng ka dikgoro tse di neng di sa tswalwa. Morago ga moo, Kurose o ne a golola Bajuda a bo a ba bolelela gore ba ka aga sesha tempele ya bone kwa Jerusalema. Seo se ne se sa tlwaelega ka gonne Kurose o ne a sa obamele Modimo wa Bajuda. (Esera 1:1-3) Ke Modimo fela yo o neng a ka kgona go bolelela pele ditiragalo tseo.

Re umakile dikai di le tharo tse di bontshang kafa Modimo a atlegileng ka gone go bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng. Tseno ga se ditiragalo tse di ileng tsa itiragalela fela ka botsone. Moeteledipele wa Bajuda e bong Joshua o ne a bua ntlha eno e bareetsi ba gagwe ba le bantsi ba neng e itse thata: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” (Joshua 23:1, 2, 14) Batho bao ba ne ba ka se ganetse boammaaruri joo jwa gore ditsholofetso le dipolelelo pele tsa Modimo di ne tsa direga fela jalo. Mme gone Modimo o dira jang seo? Go na le pharologano e kgolo magareng ga tsela e Modimo a dirang dilo ka yone le e batho ba dirang dilo ka yone. Seno se botlhokwa gore o se itse ka gonne Modimo o ne a itsise dilo dingwe tse di kgatlhang tse di malebana le isagwe tse ruri di tlileng go re ama.

BOPOROFETI JWA MODIMO FA BO BAPISIWA LE DIPOLELELO PELE TSA BATHO

Gantsi dipolelelo pele tsa batho di ikaegile ka dipatlisiso tsa saense, go sekaseka dintlha le mekgwa e e leng teng kgotsa di ikaegile ka batho ba ba iphakang gore ba na le kitso e e fetang ya batho. Fa batho ba sena go bolelela pele, gantsi ba nna fela ba sa dire sepe ba bo ba emela go bona se se tla diregang.—Diane 27:1.

Go farologana le batho, Modimo ene o itse dintlha tsotlhe. O tlhaloganya sentle tsela e batho ba leng ka yone le dilo tse ba di ratang; ka jalo, fa a rata a ka tlhopha go bonela pele gore ke eng se tota setšhaba kgotsa mongwe le mongwe a tla se dirang. Mme gone Modimo a ka dira se se fetang seo. A ka kgona go laola le e leng go fetola mabaka le mekgwa go tlhomamisa gore di direga ka tsela e a rulagantseng ka yone. A re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . .  ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, . . .  ruri le tla atlega.” (Isaia 55:11) Ka tsela e e tshwanang, dipolelelo pele dingwe tsa Modimo di re bolelela se a tla se dirang mo isagweng. O tlhomamisa gore se a se buileng se tla direga.

ISAGWE YA GAGO

A go na le polelelo pele e e ikanyegang e e malebana le isagwe ya gago le ya batho ba o ba ratang? Fa o ka itse go sa le gale ka sefefo se se tlang, o ka dira sengwe gore o itshireletse. O ka dira se se tshwanang le ka boporofeti jwa Baebele. Modimo o ne a itsise gore go ise go ye kae, go tla go nna le diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng lotlhe. (Bona lebokose, “ Se Modimo a se Senotseng ka Isagwe.”) Isagwe eno e farologane thata le e bontsi jwa batho ba ba ipitsang bomankge ba neng ba e bonela pele.

O ka nna wa akanya ka isagwe ka tsela eno: Kgang ya lefatshe leno e a itsege. Go setse go kwadilwe ka yone, e bile o kgona go itse gore e tla felela kae. Modimo a re: ‘Go tswa kwa tshimologong ke bolela se se tla diregang, . . .  Ka re, “Boikaelelo jwa me bo tla ema, mme ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang.”’ (Isaia 46:10) Wena le lelapa la gago lo ka nna le isagwe e e itumedisang. Botsa Basupi ba ga Jehofa ka se Baebele e se buang malebana le ditiragalo tse di tla diregang. Basupi ga se batho ba ba bolelelang pele isagwe; e bile ga ba iphake gore ba utlwa mantswe mangwe a semoya kgotsa ga ba iphake gore ba na le maatla a a rileng a go bonela dilo pele. Ke baithuti ba Baebele ba ba ka go bontshang dilo tse di molemo tse Modimo a ntseng a di rulaganya gore o nne le isagwe e e itumedisang.