Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ba Dirisitse Baebele go Araba Potso Nngwe le Nngwe!

Ba Dirisitse Baebele go Araba Potso Nngwe le Nngwe!
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1950

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: SPAIN

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOITLAMI WA MOKATOLIKI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ka nako ya fa ke ne ke tsholwa, batsadi ba me ba ne ba na le polasi e nnye kwa motseselegaeng wa Galicia, kwa bokonebophirima jwa Spain. Ke ne ke le ngwana wa bonè mo go ba le robedi. Re ne re le lelapa le le itumetseng. Ka nako eo kwa Spain, go ne go tlwaelegile gore bobotlana ngwana a le mongwe mo lelapeng a tsenele sekolo sa boruti kgotsa e nne moitlami wa bodumedi. Mo lelapeng la gaetsho re ne ra tsaya kgato eo re le bararo.

Fa ke na le dingwaga di le 13, ke ne ka ya go direla le nkgonne kwa lefelong la baitlami kwa Madrid. Maemo a kwa lefelong la baitlami a ne a sa jese diwelang. Go ne go se na botsalano—fa e se melao, go nna re rapela le maemo a botshelo a a gagametseng. Mo mosong, re ne re kokoana kwa ntlong ya kobamelo go ya go tlhatlhanya, le fa gantsi ke ne ke fifala mogopolo. Moragonyana re ne re opela dipina tsa bodumedi re bo re keteka Mmisa, ka selatine. Ke ne ke sa tlhaloganye sepe e bile ke ne ke ikutlwa e kete Modimo o kgakala le nna. Malatsi a ne a kgabaganya ke ntse ke tlhontse. Tota le fa ke ne ke kopana le nkgonne re ne re bua fela re re “ A go Tlotlomadiwe Maria yo o Senang Selabe.” Baitlami ba ne ba re letlelela gore re tlotle metsotso e le masome a mararo fela morago ga dijo. Botshelo joo bo ne bo farologane le jo ke neng ke bo tshela kwa lapeng! Ke ne ke ikutlwa ke latlhilwe e bile gantsi ke ne ke a tle ke lele.

Le fa gone ke ne ke ise ke ikutlwe ke atamalane le Modimo, fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka dira maitlamo a go nna moitlami. Tota ke ne ke dira se go neng go lebeletswe gore ke se dire, mme go ise go ye kae ke ne ka simolola go ipotsa gore a tota Modimo o ntlhophile gore ke dire tiro eno. Baitlami ba ne ba a tle ba re ba ba ikutlwang jalo ba tla fedisiwa ka molelo wa dihele! Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le dipelaelo. Ke ne ke itse gore Jesu Keresete ga a ka a itlhaola, go na le moo, o ne a nna a tshwaregile ka go ruta le go thusa ba bangwe. (Mathaio 4:23-25) Fa ke na le dingwaga di le 20, ke ne ke sa bone botlhokwa jwa go nna moitlami. Se se gakgamatsang ke gore, mmè yo o okametseng baitlami o ne a mpolelela gore fa ke sa batle go nna moitlami ke tlogele ka bonako jo bo ka kgonegang. Ke belaela gore o ne a tshaba gore ke tla tlhotlheletsa  ba bangwe. Ka jalo, ke ne ka tswa mo lefelong la baitlami.

Fa ke boela kwa gae batsadi ba me ba ne ba tlhaloganya. Mme gone e re ka go ne go se na tiro kwa motsaneng wa gaetsho, ke ne ka fudugela kwa Jeremane, kwa mongwe wa bonnake a neng a nna gone. E ne e le leloko la setlhopha sa Makomonise sa Baagi ba Spain sa bafaladi. Ke ne ke ikutlwa ke atamalane le batho bano ba ba neng ba lwela ditshwanelo tsa babereki le tsa basadi. Ke ne ka nna Mokomanise mme kgabagare ka nyalana le leloko la setlhopha seo. Ke ne ke akanya gore ke dira sengwe se se molemo, ka go phasalatsa dikgatiso tsa Bokomonise le go nna le seabe mo megwantong ya go ipelaetsa.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, ke ne ka kgobega marapo gape. Ke ne ke bona e kete Makomonise a ne a sa dire se ba buang ka sone. Ka 1971, dipelaelo tseo di ne tsa gola fa setlhopha sengwe sa basha ba rona se ne se fisa Ntlo ya Boemedi ya Spain kwa Frankfurt. Ba ne ba dira seo e le tsela ya go ipelaetsa kgatlhanong le go tlhoka tshiamiso ga puso e e gatelelang ya kwa Spain. Mme ke ne ke tsaya gore eno e ne e se tsela e e siameng ya go bontsha tšhakgalo.

Fa go tsholwa morwa wa me wa ntlha, ke ne ka bolelela monna wa me gore nka se tlhole ke ya kwa dipokanong tsa Bokomonise. Ke ne le mo bodutung jo bogolo ka gonne ga go ope mo ditsaleng tsa me tsa bogologolo yo o neng a re etela. Ke ne ka ipotsa gore ke batla eng mo botshelong. A tota go ne go tlhokega gore ke tseye matsapa a go leka go tlhabolola setšhaba?

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 1976 re ne ra etelwa ke banyalani ba Basupi ba bo ba re naya dikgatiso tsa Baebele tse ke neng ka di amogela. Mo loetong lwa bone lwa bobedi, ke ne ka simolola go ba botsa dipotso tse dintsi tse di malebana le pogo, go sa lekalekane le tshiamololo. Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e ba dirisang Baebele ka yone go araba potso nngwe le nngwe! Ke ne ka dumela go ithuta Baebele le bone ka gangwe.

Kwa tshimologong, ke ne ke itumelela go ithuta dintlha fela. Mme dilo di ne tsa fetoga fa nna le monna wa me re ne re simolola go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ka nako eo re ne re na le bana ba le babedi. Ka bopelonomi Basupi ba ne ba re tsaya kwa lapeng ba bo ba re thusa ka go tlhokomela bana ka nako ya dipokano. Ke ne ka simolola go rata Basupi fela thata.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le dipelaelo ka bodumedi. Ke ne ka tsaya tshwetso ya go etela lelapa la gaetsho kwa Spain. Rangwane, yo e leng moruti, o ne a leka go dira gore ke se ka ka ithuta Baebele. Mme Basupi ba koo ba nthusitse fela thata. Ba ne ba araba dipotso tsa me ba dirisa Baebele fela jaaka Basupi ba kwa Jeremane. Ke ne ka dira tshwetso ya go tswelela ke ithuta Baebele fa ke boela kwa Jeremane. Le fa gone monna wa me a ne a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a ithuta Baebele, nna ke ne ka tswelela ke ithuta. Ka 1978, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Kitso ya boammaaruri jwa Baebele e dirile gore ke tshele botshelo jo bo nang le boikaelelo. Ka sekai, 1 Petere 3:1-4 e kgothaletsa basadi gore ba “nne mo taolong” ya banna ba bone ka “tlotlo e e boteng” ba bo ba nne le “moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” Melaometheo eno e nthusitse gore ke nne mosadi le mmè yo o molemo.

Go setse go fetile dingwaga di le 35 ke ntse ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ke itumelela thata go direla Modimo ke le karolo ya lelapa le le itumetseng la semoya, mme gape ke itumelela gore mo baneng ba me ba le batlhano, ba le banè ba dira se se tshwanang.