SETLHOGO SE SE KAFA NTLE | MAAKA A A DIRANG GORE MODIMO A LEBEGE A SA RATEGE
Maaka a Gore Modimo ke Masaitseweng
SE BA LE BANTSI BA SE DUMELANG
“Madumedi a magolo a mararo a Bokeresete e leng Katoliki ya Roma, Orthodox ya kwa Botlhaba le Boporotesetanta a dumela gore go na le Modimo a le mongwe mo Bathong ba le bararo: Modimo Rara, Modimo Morwa le Modimo Moya o o Boitshepo. Go ya ka thuto eno ya bodumedi jwa Bokeresete, go bolela jalo ga go reye gore go na le medimo e meraro mme batho ba bararo bano tota ke selo se le sengwe.”—The New Encyclopædia Britannica.
BOAMMAARURI JO BO MO BAEBELENG
Jesu, Morwa Modimo, ga a ise a ko a bolele gore o lekana kgotsa o tshwana le Rraagwe. Go na le moo, o ne a re: “Ke ya kwa go Rara, ka gonne Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Gape o ne a bolelela balatedi ba gagwe a re: “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa le me le Modimo wa lona.”—Johane 20:17.
Moya o o boitshepo ga se motho. Bakeresete ba bogologolo ba ne “ba tlala ka moya o o boitshepo,” mme Jehofa o ne a re: “Ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.” (Ditiro 2:1-4, 17) Moya o o boitshepo ga se karolo ya Tharonngwe. Ke maatla a a dirang a Modimo.
LEBAKA LA GO BO GO LE BOTLHOKWA
Bakanoki ba Katoliki e bong Karl Rahner le Herbert Vorgrimler, ba tlhalosa gore Tharonngwe “e ka se tlhaloganngwe fa e sa tlhalosiwe mme le fa e setse e tlhalositswe e ka se ka ya tlhaloganngwa ka botlalo.” A tota o ka rata motho yo o sa kgoneng go mo itse kgotsa go mo tlhaloganya? Ka jalo, thuto ya Tharonngwe e kgoreletsa batho go itse le go rata Modimo.
Marco, yo o nopotsweng pelenyana mo go nngwe ya motseletsele ono wa ditlhogo o ne a lemoga gore Tharonngwe ke sekgoreletsi. A re: “Ke ne ke akanya gore Modimo ga a batle gore ke mo itse, mme seo se ne sa dira gore a nne kgakala le go feta, a nne masaitseweng e bile e nne motho yo o seng botsalano gotlhelele.” Le fa go ntse jalo, “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano.” (1 Bakorintha 14:33) Ga a dira gore se re se ka ra mo itse. O batla gore re mo itse. Jesu o ne a re: “Re obamela se re se itseng.”—Johane 4:22.
Marco a re: “Fa ke ithuta gore Modimo ga se karolo ya Tharonngwe, kgabagare ke ne ka kgona go nna le kamano le ene.” Fa re leba Jehofa e le wa mmatota go na le gore re akanye gore ke masaitseweng, go motlhofo thata go mo rata. Baebele ya re: “Yo o sa rateng ga a itse Modimo; gonne Modimo o lorato.”—1 Johane 4:8.