Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Ke bomang ba ba tla yang kwa legodimong, mme ka ntlha yang?
Batho ba le dimilione ba solofetse go ya kwa legodimong. Jesu o ne a re baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla ya go tshela koo. Pele ga a swa, o ne a solofetsa gore o tla ba baakanyetsa manno kwa go Rraagwe yo o kwa legodimong.—Bala Johane 14:2.
Ke ka ntlha yang fa go tla bo go tsosiwa batho ba ba tswang mo lefatsheng gore ba ye go tshela kwa legodimong? Ba tla ya go dira eng koo? Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re ba tla nna dikgosi. Ba tla busa lefatshe.—Bala Luke 22:28-30; Tshenolo 5:10.
A batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong?
Mo dinageng di le dintsi, ke batho ba le mmalwa fela ba ba busang. E re ka Jesu a tsosa batho go ya go tshela kwa legodimong gore ba buse lefatshe, re ka lebelela gore ba ba tlhophilweng bao e nne ba le mmalwa fela. (Luke 12:32) Baebele e re bolelela gore ke batho ba le kae ba ba tla busang le Jesu.—Bala Tshenolo 14:1.
Jesu o baakanyeditse bangwe ba balatedi ba gagwe manno kwa legodimong. A o itse gore ba ile go dira eng koo?
Batho ba ba yang kwa legodimong ga se bone fela ba ba tla duelwang. Batho ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba le ka fa tlase ga Bogosi jwa ga Jesu ba tla itumelela botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la paradaise le le tsosolositsweng. (Johane 3:16) Ba bangwe ba tla tsena mo Paradaiseng ka go falola fa go senngwa ga lefatshe leno le le boikepo. Ba bangwe batla tsena mo go yone ka go tsosiwa mo baswing.—Bala Pesalema 37:29; Johane 5:28, 29.