Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

A o Mo ‘Bukeng ya Modimo ya Kgakologelo’?

A o Mo ‘Bukeng ya Modimo ya Kgakologelo’?

A JEHOFA o bona maiteko a baobamedi ba gagwe ba a dirang go mo itumedisa? Ee, o a a bona! Ga a bone fela ditiro tsa bone tsa bomodimo le mafoko a bone a go mmaka. Gape o ela tlhoko le fa ba akanya ka ene ka kanaanelo. Sa botlhokwa le go feta, le ka motlha Jehofa a ka se lebale batho ba gagwe le se ba se dirileng. Re ka tlhomamisega jang ka seo? Re bona karabo mo mafokong a a kwadilweng ke moporofeti Malaki.—Bala Malaki 3:16.

Mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., fa Malaki a ne a porofeta, seemo sa bodumedi sa kwa Iseraele se ne se le maswe thata. Baperesiti ba ne ba itlhokomolosa ditiro tsa bone mme batho ba ne ba simolola go dira ditiro tse di tlontlololang Modimo tse di jaaka boloi, boaka le ditiro tsa boferefere. (Malaki 2:8; 3:5) Le fa go ntse jalo, fa batho ba ntse ba dira ditiro tseno tse di bosula, go ne go na le setlhopha sa Baiseraele se se neng sa tswelela se ikanyega. Ba ne ba dira eng?

Malaki o tlhalosa jaana: “Ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo.” Go boifa Modimo ke nonofo e e siameng. Fano Malaki o tlhalosa Baiseraele ba ba neng ba tlotla Modimo thata e bile ba na le poifo e e siameng ya go sa batle go mo kgopisa. Ela tlhoko gore batho bao ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba “buisana mmogo.” Go lebega ba ne ba kopana go bua dilo tse di siameng ka Jehofa le go kgothatsana gore ba se ka ba kgobiwa marapo kgotsa gore boitshwaro jwa bone bo se ka jwa kgotlelwa ke bosula jo bo neng bo le teng.

Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba bontsha gore ba boifa Jehofa ka tsela e nngwe e e botlhokwa eno: Ba ne ba “akanya ka leina la gagwe.” Thanolo e nngwe ya re “go tlotlomatsa leina la gagwe.” Batho bao ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba tlotla Jehofa le ka dikakanyo tsa bone. Mo dipelong tsa bone, ba ne ba akanya ka kanaanelo kgotsa ba tlhatlhanya ka Jehofa le ka leina la gagwe le legolo. A Jehofa o ne a bona se ba neng ba se dira?

Malaki a re: “Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa.” Go ne go ntse jaaka e kete go tswa kwa bonnong jwa gagwe jo bo kwa legodimong, Jehofa o ne a reetsa ka ketlotlhoko mme a utlwa lefoko lengwe le lengwe la pako le baobamedi ba gagwe ba neng ba buisana ka lone. Gape o ne a etse tlhoko dilo tsotlhe tse ba neng ba tlhatlhanya ka tsone. (Pesalema 94:11) Mme o ne a sa ele tlhoko fela mafoko a bone le dikakanyo tsa bone tse di molemo.

Malaki a re: “Buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe.” Buka eo ke rekoto ya batho botlhe ba ba neng ba direla Jehofa ka boikanyegi. Ela tlhoko gore e bidiwa “buka ya kgakologelo.” * Seo se re bontsha gore le ka motlha Jehofa a ka se lebale baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le dilo tsotlhe tse ba di dirileng go mmaka—tiro, lefoko le kakanyo nngwe le nngwe e e molemo. Mme Modimo o na le lebaka la go ba gakologelwa. O solofetsa go duela batho botlhe ba maina a bone a kwaletsweng ruri mo bukeng ya kgakologelo ka botshelo jo bo sa khutleng. *Pesalema 37:29.

A bo go gomotsa jang ne, go itse gore Jehofa o anaanela sotlhe se re se dirang go mo obamela ka tsela e e amogelesegang! Mafoko a a mo go Malaki 3:16 a tshwanetse go dira gore re akanya sentle ka kamano ya rona le Jehofa. Re dira sentle fa re ipotsa gore, ‘A leina la me le mo ‘bukeng ya kgakologelo’ ya Modimo?’ Le tla nna teng fa ka letsatsi le letsatsi re dira maiteko a go itshwara sentle, go bua le go akanya ka ditsela tse Jehofa a tla batlang go di gakologelwa.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka December:

Nahume 1-3Malaki 1-4

^ ser. 8 Lefoko la Sehebera le le reng “kgakologelo” le kaya se se fetang go gopola sengwe. Gape le ka kaya go dira sengwe ka selo se o se gopolang.

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso ya Modimo ka botshelo jo bo sa khutleng, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.