Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

 Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se neng sa thusa mosadi mongwe wa kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippine go tlogela go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tokafatsa botshelo jwa lelapa la gagwe? Ke ka ntlha yang fa motho mongwe yo o ratang karati wa kwa Australia a ne a nna moreri wa dikgang tse molemo yo o ratang kagiso? Bala o utlwe gore batho bano ba reng.

“Go ne Ga Ntsaya Lobaka go Dira Diphetogo.”—CARMEN ALEGRE

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1949

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: DITLHAKETLHAKE TSA PHILIPPINE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A NWA BOBE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa toropong ya San Fernando, e e kwa porofenseng ya Camarines Sur. Mme fa ke setse ke godile ke ne ka ya go nna kwa Antipolo, kwa Porofenseng ya Rizal. Antipolo e e leng mo lefelong la dithaba le bojang e bile le na le ditlhare tse dintsi, e ne e le toropo e nnye e e didimetseng fa ke ne ke goroga kwa go yone. Ga se gantsi ke neng ke bona motho a tsamaya kwa ntle bosigo. Le fa go ntse jalo, gompieno Antipolo e setse e le toropo e kgolo e e nang le baagi ba le bantsi.

Nako nngwe morago ga go fudugela kwa Antipolo ke ne ka kopana le monna mongwe yo o bidiwang Benjamin mme fa nako e ntse e ya re ne ra nyalana. Ke ne ka fitlhela botshelo jwa lenyalo bo le thata go feta kafa ke neng ke solofetse ka gone. Ke ne ka simolola go nwa bobe gore ke itebatse mathata a me. Ke ne ka simolola go nna dingalo, mme seo se ne se bonala mo tseleng e ke neng ke tshwara monna wa me le bana ka yone. Ke ne ke ba felela pelo. Ke ne ke sa bontshe monna wa me tlotlo. Tota botshelo jwa lelapa la rona bo ne bo se monate.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Kgaitsadie monna wa me e bong Editha, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a akantsha gore nna le Benjamin re ithute Baebele le Basupi. Re ne ra dumela go dira jalo, re solofela gore go ne go tla re thusa go tokafatsa botshelo jwa lelapa la rona.

Fa re ntse re ithuta Baebele, re ne ra ithuta dilo di le dintsi tse di kgatlhang tse di boammaaruri. Ke ne ka amiwa thata ke mafoko a a mo go Tshenolo 21:4. Malebana le batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng la paradaise la nako e e tlang mo Bogosing jwa Modimo, temana eo ya re Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Ke ne ke batla go nna mongwe wa batho ba ba tla itumelelang masego ao.

Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo dingwe tse dikgolo malebana le kafa ke lebang dilo ka teng le go fetola mekgwa ya me. Go ne ga ntsaya lobaka go dira diphetogo mme kgabagare ke ne ka atlega go tlogela go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Gape ke ne ka ithuta go nna pelonomi le go nna pelotelele fa ke dirisana le ba lelapa la me. Mo godimo ga moo, ke ne ka  ithuta go tlotla monna wa me le go dirisana le ene fa a ntse a etelela pele mo lelapeng la rona.

Fa nna le Benjamin re simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, re ne ra kgatlhiwa thata ke se re neng ra se bona. Basupi ga ba betšhe, ga ba nwe bobe e bile ga ba tlhaole batho. Ba tshwara mongwe le mongwe ka seriti le ka tlotlo. Re ne re tlhwatswegile pelo gore re bone bodumedi jwa boammaaruri.—Johane 13:34, 35.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Botshelo jwa lelapa la rona bo tokafetse thata. Nna le Benjamin re itumetse mo lenyalong la rona e bile re itumelela go ithuta Baebele le batho ba bangwe. Bomorwaarona ba babedi le basadi ba bone le bone ba simolotse go ithuta Baebele. Re solofela gore fa nako e ntse e tsamaya ba tla direla Jehofa mmogo le rona. Ruri eno ke tsela e e molemo ya go tshela.

“Ke ne ke ikutlwa ke sa boife sepe.”—MICHAEL BLUNSDEN

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1967

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA KARATI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Albury, toropo e ntle e e atlegileng kwa New South Wales. Jaaka ditoropo tse dingwe tse dintsi, le yone e na le bokebekwa. Le fa go ntse jalo, Albury e itsege e le lefelo le le sireletsegileng go ka nna mo go lone.

Ke godisitswe re tshela botshelo jwa manobonobo. Le fa batsadi ba me ba ne ba tlhalana fa ke ne ke le dingwaga di le supa, ba ne ba tlhomamisa gore nna le nkgonne le bokgaitsadiake ba babedi ga re tlhoke sepe. Ke ne ka bona thuto e e molemo, ka tsena sekolo sa maemo a a kwa godimo sa mo lefelong leno se e seng sa puso. Rre o ne a batla gore fa ke fetsa sekolo ke dire tiro ya dikgwebo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata metshameko thata, mme ke ne ke dira sentle thata mo kgaisanong ya dibaesekele le karati. Ke ne ka feleletsa ke bereka kwa lefelong la go baakanya dikoloi mme seo sa dira gore ke nne le nako e ntsi ya go dirisa maatla a me mo metshamekong e ke neng ke e rata.

Ke ne ke ipelafatsa ka go nna ke nonofile mo mmeleng ka ntlha ya go ikatisa. Ka dinako dingwe ke ne ke ikutlwa ke sa boife sepe. Go ne go ka nna motlhofo go dirisa maatla a me gore ke utlwise batho ba bangwe botlhoko. Mme e re ka mokatisi wa me wa karati a ne a itse gore ke ne ke na le bothata jwa go se dirise maatla a me sentle, o ne a nthuta gore ke nne le boikgapo le boitsholo jo bo siameng. Ka metlha o ne a nna a mpolelela ka botlhokwa jwa go nna kutlo le go ikanyega.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele ke ne ka ithuta gore Jehofa o tlhoile thubakanyo. (Pesalema 11:5) Kwa tshimologong ke ne ka ipolelela gore karati ga se thubakanyo mme ke motshameko o o seng kotsi. Ke ne ke akanya gore melao ya boitsholo le melao ya maemo a a kwa godimo ya karati e tsamaisana le se Baebele e se rutang. Banyalani ba Basupi ba ba neng ba ithuta le nna ba ne ba le pelotelele thata. Ga ba a ka ba mpolelela gore ke tlogele metshameko e go lowang go sa dirisiwe dibetsa mo go yone; ba ne ba  tswelela fela ka go nthuta boammaaruri jwa Baebele.

Fa kitso ya me ya Baebele e ntse e oketsega le botsalano jwa me le Jehofa bo gola, ke ne ka simolola go leba dilo ka tsela e e farologaneng. Ke ne ka kgatlhiwa ke go ithuta ka sekao se Jesu, Morwa wa ga Jehofa a neng se tlhoma. Le fa Jesu a ne a na le maatla, le ka motlha ga a ise a ko a dirise dikgoka. Ke ne ka amiwa ke mafoko a gagwe a a mo go Mathaio 26:52: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.”

Fa ke ntse ke tswelela ke ithuta ka ga Jehofa, tsela e ke neng ke mo rata e bile ke mo tlotla ka yone e ne ya oketsega. Go akanya gore Mmopi wa rona, yo o botlhale e bile a le maatla jaana a ka amega ka nna go ile ga nkama thata. Go ne ga nkama thata go itse gore le fa ke ne ke swabisa Jehofa kgotsa ke akanya gore go ne go le thata e bile ke batla go latlhela seditse, le ka motlha o ne a ka se ntlhoboge fa fela ke nna ke leka. Ke ne ka gomodiwa thata ke tsholofetso eno ya gagwe: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” (Isaia 41:13) Fa ke lemoga lorato lo lo ntseng jalo lo ke lo bontshitsweng, ke ne ke sa ikaelela go itlhoboga.

Ke ne ke itse gore go tlogela karati e ne e tla nna sengwe se se thata go gaisa se nkileng ka se dira. Mme gape ke ne ke itse gore go ne go tla itumedisa Jehofa e bile ke ne ke tlhatswegile pelo gore go mo direla e ne e se matsapa a bophiri. Ke akanya gore selo se kgabagare se ileng sa nthusa e ne e le go bala mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:24: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi.” Ke ne ka lemoga gore nka se kgone go direla Jehofa ka botlalo mme ke tswelela ke tshameka karati ka gonne karati e ne e tla boa e nna selo se se tlang pele mo go nna. E ne e le nako ya go tlhopha gore mong wa me e tla nna mang, Jehofa kgotsa karati.

Go ne go se motlhofo go tlogela karati. Ke ne ke lwantshana le maikutlo a a ganetsanang. Ke ne ke itumedisiwa ke go itse gore ke ipedisa Jehofa. Gape ke ne ke ikutlwa e kete ke tlhanogela mokatisi wa me wa karati. Gantsi batho ba ba tshamekang metshameko ya go lwa ba sa dirise dibetsa ba tsaya go tlhanogela mongwe e le boleo jo bo ka se itshwarelweng. Bangwe ba ka nna ba bo ba tlhopha go ipolaya go na le go lebana le go tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya seo.

Ke ne ke se na bopelokgale jwa go tlhalosetsa mokatisi wa me wa karati gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke tlogela karati. Go na le moo, ke ile ka itsamaela fela, ka kgaotsa go buisana le ene le ditsala tsa me tse dingwe tsa karati. Ke ne ke itse gore ke dirile selo se se siameng ka go tlogela karati. Le fa go ntse jalo, gape ke ne ke ikutlwa molato ka go bo ke sa tlhalosa dilo tse disha tse ke di dumelang e bile ke sa dirisa tshono ya go bolelela ba bangwe ka tumelo ya me. Ke ne ke ikutlwa ke swabisitse Jehofa le e leng pele ga ke simolola go mo direla. Seno sotlhe se ne se nkutlwisa botlhoko fela thata. Go na le makgetlho a le mantsi a ka one ke neng ke leka go rapela Jehofa mme ke bo ke feleletsa ke lela ka kutlobotlhoko.

Jehofa o tshwanetse a bo a ile a bona sengwe se se molemo mo go nna ka gonne o ne a tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong gore ba nkeme nokeng. Lorato lwa bone, kgomotso ya bone le botsala jwa bone di ne di tlhomologile. Gape ke ne ka gomodiwa ke pego ya Baebele e e ka ga Dafide le Bathesheba. Tota le fa Dafide a ne a dira maleo a a masisi, Jehofa o ne a mo itshwarela fa a sena go ikwatlhaya go tswa pelong. Go akanya ka pego eo go ne ga nthusa gore ke lebe makoa a me ka tsela e e siameng.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Pele ke ithuta Baebele ke ne ke sa kgathalele batho ba bangwe—ke ne ke ikakanyetsa ke le nosi. Mme ka thuso ya ga Jehofa le ya mosadi wa me yo montle yo re nang le dingwaga di le supa re nyalane, ke ne ka simolola go amega ka batho ba bangwe. Re na le tshiamelo ya go ithuta Baebele le batho ba le bantsi, go akaretsa bangwe ba maemo a bone a utlwisang botlhoko. Go bona kafa lorato lwa ga Jehofa lo neng lwa ama matshelo a batho ka gone go ne ga ntlisetsa boipelo jo bo fetang jo ke neng nka bo tlisediwa ke go nna mmampodi wa karati.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

“Go akanya gore Mmopi wa rona, yo o botlhale e bile a le maatla jaana a ka amega ka nna go ile ga nkama thata”

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Ke a Lo Leboga ka Motseletsele wa Ditlhogo Tseno Tse di Molemo!”

A o itumeletse go bala maitemogelo a a mo setlhogong se se fetileng? Ke mangwe a maitemogelo a le 2 mo go a a fetang 50 a a gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo fa e sa le go tloga ka August 2008. Motseletsele wa ditlhogo tsa “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” e nnile ditlhogo tse babadi ba rona ba di ratang thata. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba di fitlhetse di kgatlha?

Batho ba go buiwang ka bone mo ditlhogong tseno ba tswa mo maemong a a farologaneng. Pele ba ithuta ka ga Jehofa Modimo, bangwe ba bone ba ne ba atlegile ka tsela nngwe mme ba ne ba sa itse gore bokao jwa botshelo ke eng. Bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go lwantsha dikgwetlho tse dikgolo tse di jaaka go laola bogale kgotsa go dirisa diokobatsi kgotsa go nwa bobe. Ba le mmalwa ba ne ba godisiwa ba itse Jehofa mme ba kgaotsa go mo direla ka nakwana. Maitemogelo otlhe a a ntseng jalo a bontsha gore batho ba ka kgona go dira diphetogo gore ba itumedise Modimo. Mme ka metlha go dira jalo go na le melemo. Dipego tseno di ama babadi ba rona jang?

Mmadi mongwe o tlhalosa kafa setlhogo se se leng mo kgatisong ya February 1, 2009 se thusitseng ka gone bagolegwa bangwe kwa kgolegelong ya basadi.

▪ A re: “Bagolegwa ba le bantsi ba tlhaloganya kafa batho ba go buiwang ka bone mo setlhogong seno ba ikutlwang ka gone. Dinepe tsa pele motho a dira diphetogo le morago ga moo mmogo le dintlha malebana le kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a tshela ka gone pele, di ne tsa nna le matswela a a molemo. Bagolegwa ba le bantsi ba ne ba tswa mo maemong a a tshwanang le ao. Fa bagolegwa ba babedi ba sena go bala ka dipego tseno ba ne ba simolola go ithuta Baebele.”—C. W.

Maitemogelo a a mo motseletseleng ono wa ditlhogo a amile bangwe ba babadi ba rona fela thata. Ka sekai, kgatiso ya April 1, 2011 e na le maitemogelo a ga Guadalupe Villarreal, yo o neng a tlogela mokgwa wa go tlhakanela dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe mme a direla Jehofa. Ela tlhoko makwalo a le mabedi fela a a tswang kwa babading ba rona a a malebana le pego ya gagwe.

▪ “Maitemogelo a ga Guadalupe a ne a nkama fela thata. Go a kgatlha go bona kafa go rata Jehofa le Lefoko la gagwe go ka fetolang motho ka gone!”—LF.

▪ “Mo nakong e e fetileng ke ne ke leka go bolelela mongwe le mongwe ka se ke se dumelang go akaretsa le batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Le fa go ntse jalo, morago jaana ke lemogile gore ke tseela batho bao kwa tlase kgotsa ke a ba tila. Setlhogo seno ke sengwe se tota ke neng ke se tlhoka. Se nthusitse go ba leba ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone—e le batho ba e ka nnang baobamedi ba gagwe.”—M. K.

Maitemogelo a mangwe a babadi ba a fitlhetseng a le botlhokwa ke a ga Victoria Tong a a leng mo kgatisong ya August 1, 2011. Victoria o tlhalosa tsela e a godisitsweng botlhoko ka yone. O ne a sa akanye gore Jehofa a ka mo rata le fa a ne a setse a na le dingwaga di le dintsi a mo direla. O ne a anela ka se se neng sa mo thusa gore ka bonya ka bonya a amogele lorato lwa ga Jehofa. Ela tlhoko se babadi bangwe ba se buang ka maitemogelo a gagwe.

▪ “Maitemogelo a ga Victoria a ne a mphitlhelela pelo. Ke ne ka lebana le masetlapelo a mantsi mo botshelong jwa me. Ke nna ke ntse ke lwantshana le maikutlo a a sa siamang—tota le morago ga dingwaga di le dintsi ke le Mosupi yo o kolobeditsweng. Mme maitemogelo a ga Victoria a dira gore ke batle go dira ka natla go bona se Jehofa a se bonang mo go nna.”—M. M.

▪ “Fa ke ne ke sa le mosha ke ne ke lwa le bothata jwa go leba ditshwantsho tse di hepisang. Bosheng jaana ke ne ka boa ka di leba gape. Ke ne ka kopa thuso mo bagolwaneng ba Bakeresete mme ke ntse ke dira sentle mo go lwantsheng bothata jwa me. Bagolwane ba ne ba ntlhomamisetsa gore Modimo o a nthata le gore o nkutlwela botlhoko. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ke ikutlwa ke se motho wa sepe, e kete le ka motlha Jehofa a ka se nthate. Go bala maitemogelo a ga Victoria go nthusitse tota. Jaanong ke a lemoga gore fa ke akanya gore Modimo a ka se ntshwarele, ka tsela nngwe ke a bo ke re setlhabelo sa Morwawe ga se a lekana go duelela maleo a me. Ke segolotse setlhogo seno gore ke se bale le go tlhatlhanya ka sone nako le nako fa ke nna le maikutlo a go inyatsa. Ke a lo leboga ka motseletsele wa ditlhogo tseno tse di molemo!”—L. K.