Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re motho a tsamaye dimaele tse pedi?

Mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu o ne a akantsha jaana: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) Batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ka tswa ba ile ba lemoga gore o ne a bua ka tiro e motho a patelesegang go e dira, e balaodi ba neng ba ka batla gore baagi ba e dire.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Iseraele e ne e le mo taolong ya Baroma. Baroma ba ne ba sa tshabe go pateletsa diphologolo kgotsa batho go ba direla e bile ba ne ba sa tshabe go tsaya ka dikgoka dilo dipe fela tse di neng di ka akofisa kgwebo ya puso. Ka sekai, masole a Baroma a ne a pateletsa Simone wa kwa Kurene go rwala kota ya ga Jesu ya tlhokofatso gore a e ise kwa Jesu a neng a tla bolaelwa gone. (Mathaio 27:32) Ditiro tse di ntseng jalo tse di patelediwang di ne di gatelela batho, di sa ratege gotlhelele e bile Bajuda ba ne ba di tlhoile.

Ga go itsege gore baagi ba ne ba ka patelediwa go rwala morwalo sekgala se se kana kang. Le fa go ntse jalo, ga go lebege ba ne ba iketleeleditse go tsamaya sekgala se se fetang se Baroma ba neng ba batla gore ba se tsamaye. Ka jalo, fa Jesu a ne a kgothaletsa batho ba ba neng ba mo reeditse gore ba tsamaye sekgala se se oketsegileng, jaaka go tsamaya dimaele tse pedi, o ne a ba raya a re ba dire ditiro tse balaodi ba batlang gore ba di dire, ba sa ngongorege.—Mareko 12:17.

Anase yo go buiwang ka ene mo dipegong tsa Efangele e ne e le mang?

Ka nako ya fa Jesu a ne a sekisiwa, Anase (Ananus) o ne a tlhalosiwa e le “moperesiti yo mogolo.” (Luke 3:2; Johane 18:13; Ditiro 4:6) Tota e bile, e ne e le mogwagadi wa moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele e bong Kaiafase mme ene ka boene o kile a nna moperesiti yo mogolo go tloga mo e ka nnang ka 6 kgotsa 7 C.E. go fitlha mo e ka nnang ka 15 C.E., fa a ne a tlosiwa mo maemong ao ke moemedi wa mmusi e bong Valerius Gratus wa kwa Roma. Le fa Anase e ne e sa tlhole e le moperesiti yo mogolo, o ne a tswelela a na le taolo mo Iseraele. Ba le batlhano ba bomorwawe le bagwe ba gagwe ba ne ba nna baperesiti ba bagolo.

Ka nako ya fa Iseraele e ne e sa busiwe ke ditšhaba tse dingwe, moperesiti yo mogolo o ne a nna mo maemong a gagwe go fitlha a swa. (Dipalo 35:25) Le fa go ntse jalo, fa Iseraele e ne e busiwa ke Baroma, moperesiti yo mogolo o ne a dira dilo go kgatlha babusi ba Baroma le dikgosi tse di tlhomilweng ke Baroma, e bile di ne di ka mo ntsha mo maemong a gagwe. Rahisitori mongwe e bong Flavius Josephus o ne a bega gore Quirinius, mmusi wa Moroma yo o neng a busa Siria, o ne a tlosa Joazar mo maemong a go nna moperesiti yo mogolo mo e ka nnang ka 6 kgotsa 7 C.E. a bo a tlhoma Anase go nna moperesiti yo mogolo. Le fa go ntse jalo, go lebega babusi bano ba baheitane ba ne ba tlhomamisa gore ba tlhopha baperesiti ba bagolo go tswa fela mo baperesiting ba ba neng ba le teng.

Ba lelapa la ga Anase ba ne ba itsege e le batho ba ba pelotshetlha e bile ba humile thata. Go lebega ba ne ba humisiwa ke go laola gore dilo tse go neng go dirwa ditlhabelo ka tsone kwa dikagong tsa tempele, tse di jaaka maeba, dinku, leokwane le beine, di ne di rekisiwa jang. Josephus a re Ananus (Ananiase) morwa Anase o ne a na le “badiredi ba e neng e le maferefere a bofelo ba ba [neng ba ka] tsaya ditsabosome tsa baperesiti ka dikgoka, e bile ba ne ba itaya batho ba ba neng ba gana go ba naya ditsabosome.”