Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

 Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se se neng sa tlhotlheletsa mosha yo o neng a rata mmino wa roko e bile a se botsalano gore a ithute go rata batho le go ba thusa? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna mongwe kwa Mexico gore a tlogele go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang? Ke ka ntlha yang fa mogaisani wa mabelo a dibaesekele wa kwa Japane a ne a di tlogela gore a direle Modimo? Ela tlhoko se batho bano ba se buang.

“Ke ne ke le lonyatso, ke ikgodisa e bile ke le bogale.”—DENNIS O’BEIRNE

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1958

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: ENGELANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOSHA YO O SENG BOTSALANO E BILE A RATA MMINO O O LERATLA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ba gaabo Rre e ne e le Ba-Ireland mme ke goletse mo kerekeng ya Katoliki ya kwa Ireland. Le fa go ntse jalo, gantsi ke ne ke tshwanelwa ke go ya kerekeng ke le esi le fa ke ne ke sa rate go ya. Mme ke ne ke batla go tlhaloganya Baebele. Ke ne ke rapela Thapelo ya Morena ka metlha, mme ke gopola ke rapame mo bolaong go le bosigo ke ipotsa gore e kaya eng. Ke ne ke tle ke leke go akanya gore karolo nngwe le nngwe ya yone e kaya eng.

Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka nna leloko la mokgatlho wa Marasta. Gape ke ne ke kgatlhegela mekgatlho ya dipolotiki e e jaaka Anti-Nazi League. Mme ke ne ka simolola go nna le moya wa botsuolodi wa setlhopha sa mmino wa roko. Ke ne ke dirisa diokobatsi, segolobogolo marijuana mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. E re ka ke ne ke na le boikutlo “jwa go se kgathale,” ke ne ke nwa ka tsela e e feteletseng, ke tsenya botshelo jwa me mo kotsing e bile ke sa kgathalele batho ba bangwe. Ke ne ke se botsalano, ke bua le batho fela fa ke akanya gore motlotlo oo o tla ntsholegela molemo. E bile ke ne ke gana go tsewa dinepe. Jaanong fa ke akanya kwa ke tswang, ke a lemoga gore ke ne ke le lonyatso, ke ikgodisa e bile ke le bogale. Ke ne ke nna pelonomi e bile ke nna pelotshweu fela mo bathong ba ba atamalaneng le nna.

Fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 20 ke ne ka kgatlhegela Baebele. Tsala ya me e e neng e rekisa diokobatsi e ne e simolotse go bala Baebele fa e le kwa kgolegelong mme re ne ra tlotla ka boleele ka bodumedi, Kereke le seabe sa ga Satane mo lefatsheng. Ke ne ka reka Baebele mme ka simolola go e ithuta ke le esi. Nna le tsala ya me re ne re bala dikarolo dingwe tsa Baebele re bo re kopana go tlotla ka se re se ithutileng re bo re dira ditshwetso ka sone. Re ne ra nna ra dira seno ka dikgwedi di le mmalwa.

Tseno ke dingwe tsa ditshwetso tse re neng ra di dira ka se re neng re se badile: gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno; gore Bakeresete ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo; gore ga ba a tshwanela go nna karolo ya lefatshe leno, go akaretsa le dipolotiki tsa lone; le gore Baebele e naya kaelo e e mosola ya boitsholo. Re ne ra lemoga gore Baebele e boammaaruri le gore go tshwanetse ga bo go na le bodumedi jwa boammaaruri. Mme e ne e le bofe? Re ne ra akanya ka dikereke tse dikgolo tse di ratang dilo tsa magasigasi le go dira dilo ka tsela ya go itlotlomatsa le go tsenela dipolotiki, mme re ne ra bona gore Jesu o ne a sa dire sepe sa dilo tseo. Re ne re itse gore ba ne ba sa kaelwe ke Modimo, ka jalo re ne ra swetsa ka gore re sekaseke mangwe a madumedi  a a neng a sa itsege thata go bona gore one a ne a ruta eng.

Re ne re tle re bue le maloko a madumedi a a ntseng jalo re bo re ba botsa dipotso tse dintsi. Re ne re itse se Baebele e se buang ka potso nngwe le nngwe, ka jalo ka bonako fela re ne re kgona go lemoga gore a dikarabo tsa bone di tsamaisana le Lefoko la Modimo. Nako le nako morago ga dipuisano tse di ntseng jalo, ke ne ke rapela Modimo ke re, ‘Fa e le gore batho bano ke ba bodumedi jwa boammaaruri, tsweetswee dira gore ke batle go kopana le bone gape.’ Re ne ra nna le dipuisano tseno ka dikgwedi di le mmalwa le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke ise ke bone setlhopha sa bodumedi se se neng sa araba dipotso tsa rona ka Baebele; e bile go ne go se na bape ba bone ba ke neng ke eletsa go kopana le bone gape.

La bofelo, nna le tsala ya me re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra ba botsa dipotso tse re neng re a tle re di botse ba bangwe mme ba ne ba di araba ka Baebele. Se ba neng ba se bua se ne se dumalana sentle le se re neng re se ithutile. Ka jalo, re ne ra tswelela ka go ba botsa dipotso tse re neng re ise re bone dikarabo tsa tsone mo Baebeleng—ka sekai, gore Modimo o leba jang go goga le go dirisa diokobatsi. Le mo kgannyeng eno ba ne ba re araba ba dirisa Lefoko la Modimo. Re ne ra dumela go ya kwa pokanong nngwe kwa Holong ya Bogosi.

Ke ne ke fitlhela go le thata go ya dipokanong. Ke ne ke se botsalano thata jaana mo ke neng ke sa rate fa batho bao ba ba botsalano e bile ba apere sentle, ba tla go ntumedisa. Ke ne ke akanya gore bangwe ba bone ba ne ba tla go bua le nna ba na le maitlhomo a a sa siamang e bile ke ne ke sa tlhole ke batla go ya kwa dipokanong gape. Jaaka gale, ke ne ka rapela Modimo gore a dire gore ke eletse go kopana le batho bano gape fa e le gore bodumedi jwa bone ke jwa boammaaruri mme ke ne ka ikutlwa ke eletsa thata go ithuta Baebele le Basupi.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go kgaotsa go dirisa diokobatsi mme ke ne ka kgona go di tlogela motlhofo fela. Mme go ne go le thata go tlogela sekerete. Ke ne ka leka go kgaotsa go goga ka makgetlo a le mmalwa mme ka palelwa. Fa ke sena go utlwa gore bangwe ba ne ba tsaya disekerete tsa bone ba di latlha mme ba bo ba sa tlhole ba goga gape, ke ne ka bua le Jehofa ka kgang eno. Morago ga moo ke ne ka kgona go tlogela go goga ka thuso ya ga Jehofa. Ke ne ke ithutile gore go botlhokwa gore fa ke rapela Jehofa ke mmulele mafatlha.

Phetogo e nngwe e kgolo e ke neng ka e dira e ne e le malebana le moaparo le tsela e ke neng ke ipaakanya ka yone. Fa ke ne ke ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi lekgetlo la ntlha, moriri wa me o ne o tlhatlhabetse e kete dimapo tsa noko e bile o na le mothalo o o pududu. Moragonyana ke ne ka o taya ka mmala o o galotseng wa namune. Ke ne ke apara dibokate le baki ya letlalo e e nang le mekwalo. Ke ne ke sa bone go tlhokega gore ke fetoge, tota le fa Basupi ba ne ba mpontsha mabaka ka bopelontle. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka akanya ka 1 Johane 2:15-17: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.” Ke ne ka swetsa ka go re tsela e ke neng ke lebega ka yone e ne e bontsha gore ke rata lefatshe mme ke ne ke tshwanetse go fetoga gore ke bontshe gore ke rata Modimo. Ke ne ka dira fela jalo.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore e ne e se Basupi fela ba ba neng ba batla gore ke nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Bahebera 10:24, 25 e ne ya mpontsha gore Modimo o batla gore ke dire jalo. Fa ke sena go simolola go ya kwa dipokanong tsotlhe le go tlwaela batho, ke ne ka swetsa ka gore ke bontshe boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke amilwe thata ke tsela e Jehofa a re letlang go nna le kamano e e gaufi le ene ka yone. Kutlwelobotlhoko ya gagwe le tsela e a re tlhokomelang ka yone e ntlhotlheleditse gore ke mo etse le gore ke latele Morwawe e bong Jesu Keresete e le sekao mo botshelong jwa me. (1 Petere 2:21) Ke ithutile gore le fa ke kgaratlhela go nna le botho jwa Bokeresete ke sa ntse ke ka farologana le batho ba bangwe. Ke dirile ka natla gore ke nne le moya wa go rata batho le go amega ka bone. Ke leka go itshwara jaaka Keresete fa ke dirisana le mogatsake le morwaake. Mme ke amega thata ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba me. Go latela Keresete go dirile gore ke nne le seriti, ke itlotle ke bo ke kgone go rata batho ba bangwe.

 “Ba ne ba ntlotla.”—GUADALUPE VILLARREAL

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1964

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: MEXICO

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke ne ke le mongwe wa bana ba le supa ba ba goletseng kwa Hermosillo, kwa Sonora, lefelo le le kwa Mexico, le le neng le aparetswe ke lehuma. Rre o ne a tlhokafala ke sa le mosimanyana, ka jalo Mmè o ne a tshwanelwa ke go bereka gore a re tlamele. Gantsi ke ne ke tsamaya ka lonao ka gonne re ne re se na madi a go reka ditlhako. Ke ne ka simolola go bereka ke sa le monnye gore ke thuse ba lelapa la gaetsho ka madi. Jaaka malapa a mangwe a mantsi re ne re nna re le bantsi mo ntlong.

Mmè o ne a sa tlhole mo gae ka jalo re ne re sa sireletsega. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 6 ke ne ka sotliwa ke mosimane mongwe wa dingwaga di le 15 ka tlhakanelodikobo. O ne a nna a ntshotla jalo ka lobaka lo loleele. Seno se ne sa dira gore ke felele ke tlhakane tlhogo malebana le kgang ya tlhakanelodikobo. Ke ne ke akanya gore go siame gore ke kgatlhegele banna ba bangwe. Fa ke kopa thuso mo dingakeng kgotsa mo baruting, ba ne ba ntlhomamisetsa gore ga go sepe se se phoso ka tsela e ke ikutlwang ka yone.

Fa ke ne ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka swetsa ka gore ke tshele ka tsela e e bontshang gore ke motho yo o kgatlhegelang batho ba bong jo bo tshwanang le jwa me. Ke ne ka tshela jalo ka dingwaga di le 11, e bile mo nakong eo ke ne ka nna le banna ba le bantsi ba ba farologaneng. Kgabagare, ke ne ka dira khoso ya go baakanya batho meriri mme ka bula lefelo le batho ba tlang kwa go lone go tla go intlafatsa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itumela. Ke ne ke nna ke sotliwa e bile ke tsiediwa. Ke ne ke na le boikutlo jwa gore se ke neng ke se dira se ne se sa siama. Ke ne ka simolola go ipotsa gore, ‘A go na le batho bape ba ba siameng le ba ba molemo?’

Ke ne ka gopola kgaitsadiake. O ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme kgabagare a kolobediwa. O ne a tle a mpolelele se a neng a se ithuta mme ke ne ke sa mo tseye tsia. Le fa go ntse jalo, ke ne ke mo tlotla ka ntlha ya tsela e botshelo jwa gagwe le lenyalo la gagwe di neng di le ka yone. Ke ne ke bona gore ene le monna wa gagwe ba ne ba ratana tota e bile ba tlotlana. Ba ne ba dirisana ka bopelonomi. Fa nako e ntse e ile, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola go ithuta Baebele le nna. Kwa tshimologong ke ne ke ithuta ka go ikgolola fela—ke se na matlhagatlhaga ape. Mme dilo di ne tsa fetoga.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Basupi ba ne ba ntaletsa kwa go nngwe ya dipokano tsa bone, mme ke ne ka ya. Ke ne ka tshwarwa ka tsela e ke iseng ke tshwarwe ka yone pele. Batho ba bangwe ba ne ba tlhola ba ntshega mme e seng Basupi. Ba ne ba ntumedisa ba le botsalano e bile ba ne ba ntlotla. Seno se ne sa nkama fela thata.

Tsela e Basupi ba itshwarang sentle ka yone e ne ya nkama thata fa ke ne ke ile kwa kopanong ya bone. Ke ne ka bona gore tota le fa ba le mo setlhopheng se segolo, batho bano ba tshwana le kgaitsadiake—ba peloephepa. Ke ne ka ipotsa gore a seno e ka tswa e le sone setlhopha sa batho ba ba molemo le ba ba siameng ba ke neng ke sa bolo go ba batla. Ke ne ke gakgamadiwa ke lorato lwa bone le kutlwano ya bone, le tsela e ba neng ba dirisa Baebele ka yone go araba potso nngwe le nngwe. Ke ne ka lemoga gore Baebele ke yone e neng e tlhotlheletsa matshelo a bone. Gape ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dintsi gore ke nne mongwe wa bone.

Tota e bile ke ne ke tshwanetse go dira phetogo e kgolo ka gonne ke ne ke tshela jaaka mosadi. Ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke buang ka yone, e ke itshwarang ka yone, e ke aparang ka yone, e ke baakanyang moriri wa me ka yone le batho ba ke neng ke tsalane le bone. Batho ba e kileng ya bo e le ditsala tsa me ba ne ba simolola go ntshotla ba re: “Ke eng fa o dira jaana? O ne o siame ka tsela e o neng o le ka yone. O se ka wa ithuta Baebele. Ga o tlhoke sepe se sengwe.” Mme gone, dilo tse go neng go le thata le go feta gore ke di tlogele e ne e le mekgwa ya me ya boitsholo jo bo sa siamang.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore motho a ka dira  diphetogo tse dikgolo ka gonne mafoko a Baebele a a mo go 1 Bakorintha 6:9-11 a ne a fitlheletse pelo ya me: “Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo. Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa.” Jehofa o ne a thusa batho ba mo motlheng oo gore ba fetoge mme le nna o ne a nthusa. Go ne ga ntsaya dingwaga di le mmalwa ke kgaratlhela go fetoga, mme ke ne ka thusiwa fela thata ke kaelo ya Basupi le lorato lwa bone.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Gompieno ke tshela botshelo jo bo tlwaelegileng. Ke nyetse mme nna le mosadi wa me re ruta morwaarona go tshela ka melaometheo ya Baebele. Ga ke bolo go tlogela tsela e ke neng ke tshela ka yone pele, mme ke bona melemo le ditshiamelo tse dintsi fa ke ntse ke direla Modimo. Ke mogolwane mo phuthegong mme ke kgonne go thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri ka Lefoko la Modimo. Diphetogo tse ke neng ka di dira mo botshelong jwa me di ne tsa itumedisa Mmè thata jaana mo e leng gore o ne a dumela go ithuta Baebele mme jaanong ke Mokeresete yo o kolobeditsweng. Kgaitsadiake yo mongwe yo o neng a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang le ene o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa.

Tota le batho ba ba neng ba itse tsela e ke neng ke tshela ka yone pele jaanong ba lemoga gore ke tshela botshelo jo bo botoka. Mme ke itse gore ke eng se se nthusitseng go dira diphetogo tseo. Mo nakong e e fetileng ke ne ka batla thuso kwa bathong ba ba ithutetseng tiro ya go gakolola batho mme ba ne ba nnaya kgakololo e e seng yone. Le fa go ntse jalo, ruri Jehofa o ne a nthusa. Le fa ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe, o ne a nkamogela a bo a mpontsha lorato le bopelotelele. Go itse gore Modimo yo o molemo, yo o botlhale le yo o lorato jalo o ne a ka nkamogela a bo a batla gore ke tshele botshelo jo bo botoka, go ne ga nthusa fela thata.

“Ke ne ke sa kgotsofala, ke jewa ke bodutu e bile ke sa itumela.”—KAZUHIRO KUNIMOCHI

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1951

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JAPANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOGAISANI WA MABELO A DIBAESEKELE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse mo toropong e e didimetseng e e fa boemakepeng mo Kgaolong ya Shizuoka kwa Japane, kwa lelapa la gaetsho la batho ba le robedi le neng le nna gone mo ntlong e nnye. Rre o ne a na le lebenkele la dibaesekele. Go tloga fa ke sa le monnye, o ne a nkisa kwa mabelong a dibaesekele mme a dira gore ke kgatlhegele motshameko ono. Go tswa foo Rre o ne a simolola go rulaganyetsa gore ke itshedise ka go tsenela dikgaisano tsa mabelo. Pele ke ya kwa sekolong se segolwane o ne a simolola go nthapisa ka tlhoafalo. Fa ke le kwa sekolong se segolwane, ke ne ka gapa sekgele makgetlo a le mararo ka go latelana mo dikgaisanong tsa setšhaba tsa diatleletiki tse di neng di tshwarwa ngwaga le ngwaga. Ke ne ka fiwa tshono ya go ithuta kwa yunibesithing mme ke ne ka swetsa ka gore ke ye kwa sekolong sa mabelo. Fa ke le dingwaga di le 19, ke ne ka simolola go itshedisa ka go tsenela dikgaisano tsa mabelo.

Ka nako eo, ke ne ke ipeetse mokgele wa gore ke nne mmampodi wa mabelo a dibaesekele kwa Japane. Ke  ne ke ikaeletse go nna le madi a mantsi gore lelapa la me le kgone go tshela sentle le sa sotlege. Ke ne ka dira bojotlhe jwa me go ithapisa. Nako le nako fa ke ne ke boifa ka gonne ke tshwanetse go dira mefuta mengwe e e thata ya thapiso kgotsa go dira karolo nngwe e e boima ya kgaisano, ke ne ke ipolelela gangwe le gape gore ke tshwanetse go bona tsela ya gore ke tswelele ke tsenela dikgaisano tsa mabelo a dibaesekele! Mme ke ne ka dira fela jalo. Ke ne ka simolola go bona matswela a tiro ya me ya bonatla. Mo ngwageng wa me wa ntlha ke ne ka gapa sekgele mo kgaisanong ya bagaisani ba basha ba dibaesekele. Mo ngwageng wa me wa bobedi, ke ne ka tshwanelegela go tsenela lobelo lo mofenyi wa lone e neng e tla nna mmampodi wa Japane yotlhe. Ke ne ka tsaya maemo a bobedi mo lobelong loo ka makgetlo a le marataro.

E re ka ke ne ke nna ke le mongwe wa bafenyi, ke ne ka bidiwa mmampodi wa kwa Tokai, e leng lefelo lengwe le le kwa Japane. Ke ne ke na le moya wa kgaisano. Fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba ntshaba ka gonne ke ne ke sa rekegele ope mo dikgaisanong. Madi a ke neng ke a amogela a ne a oketsega, ka jalo ke ne ke kgona go reka sengwe le sengwe se se nkgatlhang. Ke ne ka reka ntlo e e nang le phaposi ya go ikatisa e bile e na le metšhine ya maemo a a kwa godimo. Ke ne ka reka koloi e e tswang kwa nageng e sele ka madi a a batlang a lekana le a a ka rekang ntlo. Gore ke se ka ka felelwa ke madi ke ne ka simolola go beeletsa madi a me mo kgwebong ya go reka le go rekisa ditsha le mo mebarakeng ya tsa madi.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgotsofala, ke jewa ke bodutu e bile ke sa itumela. Ka nako eo ke ne ke nyetse e bile ke na le bana, mme gantsi ke ne ke felela ba lelapa la me pelo. Ke ne ke a tle ke galefele mosadi wa me le banake ka dilo tse di sa reng sepe. Ba ne ba simolola go nna ba keleka sefatlhego sa me ba tshogile ba batla go bona gore a ke a bo ke galefile gape.

Mme fa nako e ntse e ya, mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Seo se ne sa dira gore go nne le diphetogo tse dintsi. O ne a re o batla go ya kwa dipokanong tsa Basupi, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore re ye re le lelapa. Ke sa ntse ke gakologelwa maitseboa a mogolwane mongwe a neng a tla kwa lapeng mme a simolola go ithuta Baebele le nna. Se ke neng ke se ithuta se ne sa nkama fela thata.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Le ka motlha nka se lebale kafa go bala Baefeso 5:5 go neng ga nkama ka teng. Ya re: “Ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa kgotsa motho yo o pelotshetlha—mo go rayang go nna moobamedi wa medingwana—yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.” Ke ne ka lemoga gore dikgaisano tsa mabelo a dibaesekele di ne di amana thata le go betšha le gore motshameko ono o ne o rotloetsa go nna bogagaru. Segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ke dumela gore fa ke batla go itumedisa Jehofa Modimo, ke ne ke tla tshwanelwa ke go tlogela dikgaisano. Mme go ne go le thata gore ke dire tshwetso eo.

Ke ne ke dirile ka tsela e e kgotsofatsang go feta le fa e le leng pele mo dikgaisanong tsa mabelo mo ngwageng o o fetileng, mme ke ne ke sa ntse ke batla go fenya tse dingwe gape. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore fa ke ithuta Baebele ke ne ke ritibala e bile ke nna mo kagisong—boikutlo jo bo farologaneng thata le jo ke neng ke tshwanetse go nna le jone gore ke fenye dikgaisano! Ke ne ka tsenela dikgaisano gararo fela fa ke sena go ithuta, mme tota ke ne ke sa ntse ke di rata. Gape ke ne ke sa itse gore ke tla tlamela ba lelapa la me jang. Ke ne ke sa itse gore ke tla dirang, mme ba losika ba ne ba simolola go nkganetsa thata ka ntlha ya bodumedi jwa me jo bosha. Rre o ne a utlwile botlhoko thata. Seo se ne sa dira gore ke tshwenyege thata mo maikutlong ka ba ka nna le ditlhagala mo mpeng (gastric ulcer).

Mo nakong eo e e thata ke ne ka thusiwa ke go tswelela ke ithuta Baebele le go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa nako e ntse e ya tumelo ya me e ne ya nonofa. Ke ne ka kopa Jehofa gore a utlwe dithapelo tsa me le gore a nthuse go lemoga gore o a di utlwa. Ke ne ka kgaotsa go tshwenyega thata fa mosadi wa me a ne a ntlhomamisetsa gore ga a tlhoke go nna mo ntlong e kgolo gore a itumele. Ke ne ka gatela pele ka iketlo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ne ka lemoga gore mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33 a boammaaruri tota. O ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” Le ka motlha ga re ise re nne mo letlhokong la “dilo tse dingwe” tse Jesu a neng a bua ka tsone, ke gore, dilo tsa konokono tse re di tlhokang mo botshelong. Tota le fa madi a ke a amogelang gone jaanong a le mannye thata fa a bapisiwa le a ke neng ke a amogela fa ke tsenela dikgaisano tsa dibaesekele, nna le lelapa la me ga re ise re tlhoke sepe mo dingwageng di le 20 tse di fetileng.

Se se molemo le go feta ke gore fa ke dira mmogo le badumedikanna kgotsa ke obamela le bone, ke a itumela e bile ke kgotsofala go feta le fa e le leng pele. Nako e tsamaela ka bonako. Botshelo jwa lelapa la me le jone bo tokafetse fela thata. Jaanong bomorwaake botlhe ba bararo le basadi ba bone ke batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.