Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Leno ke Letsatsi la Lona”

“Leno ke Letsatsi la Lona”

Kalogo ya Bo129 ya Gileade

“Leno ke Letsatsi la Lona”

KA September 11, 2010, batho ba ka nna 8 000 ba ne ba kokoane mo tiragalong e e kgethegileng—kalogo ya bo129 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Samuel Herd wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o ne a raya baithuti a re: “Leno ke letsatsi la lona. Re tlile go itumela le lona!”

“Tsebe e e Utlwang”

Mokaulengwe Herd o ne a simolola thulaganyo ka go tlhalosa kafa go leng botlhokwa ka gone gore Bakeresete botlhe ba dirise “tsebe e e utlwang” go reetsa Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. (Diane 20:12) Mokaulengwe Herd o ne a raya baithuti a re: “Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng lo ntse lo reeditse Jehofa, mme lo tla tswelela lo dira jalo ka bosakhutleng.”

Barongwa ba basha ba ka dirisa ditsebe tsa bone jang ka botlhale? Mokaulengwe Herd o ne a re, “Ka go reetsa Lefoko la Modimo.” O ne a oketsa ka go re: “Mo thulaganyong ya gompieno go tla buiwa ka dilo di le dintsi tse di tla lo baakanyetsang go dira tiro ya borongwa mo dingwageng tse di larileng kwa pele.”

“Ikanye Jehofa ka Pelo ya Gago Yotlhe”

Gerrit Lösch, wa Setlhopha se se Laolang o ne a bua le baithuti ka setlhogo seno se se dirang gore motho a akanye. O ne a anela ka ditiragalo di le mmalwa tse mo go tsone batho ba Modimo ba motlha wa bogologolo le ba gompieno ba bontshitseng kafa ba ikanyang Jehofa ka gone.

Mokaulengwe Lösch o ne a re, ka tsela e e tshwanang “barongwa ba tshwanetse go ikanya Jehofa malebana le dikabelo tsa bone.” A bo a re, “Ka sekai, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke tla kgona go ithuta puo e ntšha? A ke tla kgona go tlwaela setso se sesha? A ke tla kgona go lwa le bothata jwa go nna ke gopola kwa lapeng?’” Karabo e ne ya nna efe? Mokaulengwe Lösch o ne a kgothaletsa baithuti gore ba “ikanye Jehofa.”

Gape Mokaulengwe Lösch o ne a bala Diane 14:26, e e reng: “Go na le tshepo e e nonofileng mo go boifeng Jehofa.” Tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e tla gola fa re akanya ka ditsela tse dintsi tse a re segofaditseng ka tsone.

Baebele ya re motho yo o ikanyang Jehofa “ruri o tla nna jaaka setlhare se se jadilweng fa metsing, se se romelang medi ya sone mo moseleng wa metsi; mme ga a na go bona fa mogote o tla, dikala tsa gagwe tse di nang le makakaba di tla nna tse di golang thata.”—Jeremia 17:7, 8.

Se re se ithutang se utlwala sentle. Mokaulengwe Lösch o ne a re, “Le fa lo ka lebana le eng, lo tshwanetse go ikanya Jehofa.

“Etsa Baengele ba ba Ikanyegang”

Seno e ne e le setlhogo sa puo e e neng e neelwa ke Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang. Baengele ba re tlhomela sekao se se molemo. Mokaulengwe Lett o ne a re: “Sengwe le sengwe se Baebele e re senolelang sone ka bone re ka se etsa.” Go tswa foo, o ne a bua ka dinonofo tse nnè tsa baengele ba ba ikanyegang tse go tla bong go le molemo gore re di etse—boitshoko jwa bone, boikokobetso jwa bone, go thusa ga bone le bothokgami jwa bone.

Baebele e bega gore moengele a le mongwe o ne a emelana le ‘kgosana ya Peresia’—ledimona le le maatla—ka malatsi a le 21. (Daniele 10:13) Moengele yoo o ne a bontsha boitshoko. Mokaulengwe Lett o ne a re, Bakeresete le bone ba “lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo.” (Baefeso 6:12) O ne a raya baithuti a re: “Lwang ka thata gore lo tswelele lo dira dikabelo tsa lona.”

Fa rraagwe Samesone e bong Manoa, a ne a kopa moengele gore a mmolelele leina la gagwe, moengele o ne a gana go le mmolelela. Moengele yoo o ne a bontsha boikokobetso. (Baatlhodi 13:17, 18) Mokaulengwe Lett o ne a raya baithuti a re: “Fa mongwe a leka go go tlotlomatsa kgotsa a bua ka dinonofo tsa gago tse di molemo, ka boikokobetso dira gore tlotla e ye kwa go Jehofa le phuthego ya gagwe e seng mo go wena.”—1 Bakorintha 4:7.

Fa Jesu a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane pele ga fa a swa ‘moengele o ne a tswa kwa legodimong a bonala kwa go ene mme a mo nonotsha.’ (Luke 22:43) Moengele yoo o ne a mo thusa. Mokaulengwe Lett o ne a re: “Leka go rapela ka dilo tse tota di tlhokegang mo kabelong ya gago ya borongwa go tswa foo, kopa Jehofa gore a go thuse gore o thuse batho ka dilo tse ba di tlhokang.”

E re ka e ile ya nna baengele ba le mmalwa fela ba ba ileng ba tsuologa le Satane, re ka re bontsi jwa dibopiwa tseno tsa kwa legodimong ke dikai tse di molemo tsa go boloka bothokgami.Tshenolo 12:4.

Mokaulengwe Lett o ne a kgothatsa baithuti jaana: “Fela jaaka baengele bao ba ba ikanyegang, emelanang le Diabolo. ‘Mo ganetseng, mme o tla tshaba.’”—Jakobe 4:7.

Dintlha Tse Dingwe Tse Tharo Tsa Thulaganyo

“Nna o Dira Jehofa Lefika la Pelo ya Gago.” Gary Breaux wa Komiti ya Lekala ya United States o ne a neela puo ya setlhogo seo se se kgatlhang se se theilweng mo go Pesalema 73:26, go thusa baithuti go anaanela botlhokwa jwa go ikaega ka Jehofa. Jehofa ke lefika ka tsela efe? Mokaulengwe Breaux o ne a re: “Lefika le ka tshwara pampitshana gore e se ka ya tsewa ke sefefo. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka lo nonotsha gore lo kgone go sireletsa dipelo tsa lona.” Gone ke boammaaruri gore, pelo e ka re tsietsa fa re lebane le diteko tse di lekang boitshoko jwa rona. (Jeremia 17:9) Maemo a masha a bosa, dijo tse o sa di tlwaelang, batho ba o sa ba itseng mo matlong a barongwa—sengwe sa dilo tseno se ka dira gore o batle go tlogela. Mokaulengwe Breaux o ne a re: “Lo tla lebana le maemo a mo go one lo tla tshwanelwang ke go tlhopha dilo dingwe le go dira ditshwetso. A o tla tlhopha go dira dilo ka tsela e e tla itumedisang Jehofa? Fa o dira jalo, Jehofa o tla nna ‘lefika la pelo ya gago.’ O tla kaela dikgato tsa gago.”

“A o Na le Tumelo e e Lekaneng go Kolobetsa Dinao Tsa Gago?” Motlhatlheledi wa Gileade e bong, Sam Roberson o ne a tlotla ka setlhogo seno se se theilweng mo go Joshua kgaolo 3. Baiseraele ba le bantsi ba ne ba ka kgabaganya jang Noka ya Joredane e tletse? Jehofa o ne a bolelela Joshua gore a laele baperesiti gore ba ‘eme fela ba sa tshikinyege mo Joredane.’ Modimo o ne a solofetsa jaana: “Fela fa dipato tsa dinao tsa baperesiti . . . di ema mo metsing a Joredane, metsi a Joredane a tla emisiwa, . . . mme a tla ema a sa tshikhinyege jaaka letamo le le lengwe.” (Joshua 3:8, 13) Mokaulengwe Roberson o ne a bolelela baithuti jaana: “Fela jaaka Noka ya Joredane e ka bo e ile ya dira gore Baiseraele ba se ka ba kgona go bona masego a ga Jehofa, le lona lo tla lebana le dikgwetlho tse di ka dirang gore lo se ka lwa bona masego a ga Jehofa fa lo di letla go dira jalo.” Ka sekai, lo ka lebana le dikgwetlho tsa go dirisana sentle le barongwa ka lona. Tharabololo e ka nna eng? “Tlhoma mogopolo mo tirong; e seng mo badiring.” Mokaulengwe Roberson o ne a kgothatsa baithuti jaana: “Fa lo na le tumelo e e nonofileng, Jehofa o tla lo thusa go fenya dikgwetlho tse lo lebanang le tsone fa lo le barongwa.”

“Tlhomamisa Dithulaganyo Tsa Gago Thata.” Seno ke setlhogo sa puo e e neng ya neelwa ke motlhatlheledi wa Gileade e bong William Samuelson. Puo ya gagwe e ne e theilwe mo go Diane 16:3, e e reng: “Pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa mme dithulaganyo tsa gago di tla tlhomamisiwa thata.” Mokaulengwe Samuelson o ne a botsa baithuti jaana: “A temana eno e kaya gore ga lo ka ke lwa nna le seabe mo go tlhomamiseng dithulaganyo tsa lona kwantle ga go ‘pitikela ditiro tsa lona’ mo go Jehofa?” O ne a re, nnyaa, ka gonne Diane 16:1 ya re: “Motho wa mo lefatsheng o rulaganya dikakanyo tsa pelo.” Mokaulengwe Samuelson o ne a tswelela ka go re: “Jehofa ga a rulaganye dipelo tsa lona ka kgakgamatso. Go na le moo, lo tshwanetse go tlhomamisega gore lo tlhotlhelediwa ka tsela e e siameng. Fa lo ithuta, lo rapela e bile lo nna lo ikgolaganya le ofisi ya lekala e e mo lefelong la lona, lo tla nna le pelo e e tla lo thusang go dira ditshwetso tse di siameng, mme Jehofa ka boene o tla tlhomamisa dithulaganyo tsa lona thata.”

Maitemogelo le Dipotsolotso

E le karolo ya thapiso ya bone, baithuti ba Gileade ba kopanela le diphuthego tse di gaufi tsa Basupi ba ga Jehofa mo tirong ya go rera. Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade, o ne a botsolotsa baithuti ba le mmalwa ka maitemogelo a ba nnileng le one. Selo se se neng sa gatelelwa mo maitemogelong ano ke kafa thapelo e thusang ka gone go bona batho ba ba dipelo di ikanyegang mo tshimong.

Ka sekai, banyalani bangwe ba ne ba le mo resetšhurenteng. Mongwe wa bathapiwa o ne a lemoga gore ba ne ba rapela ka tidimalo. O ne a ba atamela mme a ba botsa gore a ke Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go itse gore ke bone, o ne a ba tlhalosetsa gore o godisitswe e le Mosupi mme a tlogela boammaaruri. O ne a kile a dira tlolomolao a bo a isiwa kgolegelong. Jaanong lekawana leno le ne le batla go boela kwa go Jehofa. Gape o ne a tlhalosa gore pele ga banyalani bano ba tla mo resetšhurenteng, o ne a rapela Modimo a mmolelela kafa a eletsang ka gone go tlhamalatsa ditselana tsa gagwe. Thapelo ya gagwe e ne e arabilwe!

Mo setlhogong se se reng, “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo,” Rudi Hartl wa Lephata le le arabang dipotso tsa babadi o ne a botsolotsa Wayne Wridgway go tswa kwa Mozambique, Jason Reed go tswa kwa Chile le Kenji Chichii go tswa kwa Nepal. Ka boraro jwa bone ke barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade. Bakaulengwe bano ba ne ba bua ba sa fitlhe sepe ka dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone fa ba sa ntse ba le barongwa ba basha—e ka ne e le go ithuta puo e ntšha, go itlwaetsa setso se sesha kgotsa go fenya go gopola gae. Mokaulengwe Chichii o ne a re: “Sengwe se se neng sa re thusa e ne e le go dira ditsala ka bonako mo phuthegong e ntšha. Fa re ntse re atamalana le bakaulengwe mo phuthegong, go ne ga nna motlhofo go fenya bothata jwa go gopola gae.”

Moragonyana fela ga gore baithuti botlhe ba le 56 ba amogele didipoloma tsa bone, moalogi mongwe o ne a bala lekwalo la baithuti le le amang maikutlo le le bontshang gore ba a leboga. Karolo nngwe ya lekwalo leno e e neng e lebisitswe go Setlhopha se se Laolang e ne e re: “Re le baithuti, re iponetse ka matlho kafa lo ineetseng ka go rata ka gone, lo re rulaganyeditseng ka gone gore re rutiwe, le go re etela fa re ntse re ithuta la bo la re naya kaelo e e molemo ya dilo tsa semoya. E re ka lo re bontshitse lorato, fa re fitlha kwa dikabelong tsa rona, re tla dira sotlhe se re ka se kgonang go etsa dikao tsa lona tse di molemo tsa lorato, bopelotelele, boikokobetso le go kgatlhegela batho ba bangwe.”

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

“Fa mongwe a leka go go tlotlomatsa . . . , o se ka wa itetla go tlotlomadiwa”

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“O tla lebana le dikgwetlho mo botshelong”

[Tšhate/Mmapa mo go tsebe 31]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

9 dinaga tse ba tswang kwa go tsone

56 baithuti

28 banyalani

33.0 palogare ya dingwaga tsa bone

17.9 palogare ya dingwaga tsa bone ba kolobeditswe

13.3 palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng

[Mmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Barongwa ba abetswe go ya kwa dinageng di le 25 tse di bontshitsweng fa tlase fano

DINAGA TSE BARONGWA BA ABETSWENG GO YA KWA GO TSONE

BOLIVIA

BOTSWANA

BULGARIA

CONGO (KINSHASA)

CÔTE D’IVOIRE

GAMBIA

JEREMANE

INDIA

INDONESIA

KENYA

LIBERIA

MACEDONIA

MADAGASCAR

MALAYSIA

MOZAMBIQUE

PANAMA

PERU

POLAND

ROMANIA

SERBIA

SIERRA LEONE

SWAZILAND

TANZANIA

UGANDA

ZIMBABWE

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Baithuti ba Gileade ba dira pontsho ya mangwe a maitemogelo a ba nnileng le one fa ba rera

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa bo129 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Munaretto, R.; Olofsson, Y.; Budden, K.; Najdzion, L.; Moya, G.; Treviño, G.; Dion, A.; Fleegle, A.

(2) Smith, J.; Michael Raj, J.; Smith, S.; Paramo, A.; McDonald, J.; Deans, M.; Joyal, S.; Watson, L.

(3) Joyal, C.; Crawley, T.; Hacker, D.; Shynkarenko, J.; Knapp, T.; Ayling, J.; Highley, C.; Olofsson, B.

(4) Fitzpatrick, M.; Najdzion, B.; Skallerud, L.; Harris, A.; Harris, S.; Budden, R.; Paramo, Y.; Skallerud, K.

(5) Crawley, B.; Michael Raj, J.; Lodge, A.; Lodge, R.; Herms, N.; Fitzpatrick, J.; Moya, R.; Munaretto, P.

(6) Watson, S; Deans, M.; Hacker, J.; McDonald, J.; Treviño, J.; Harris, S.; Herms, C.; Harris, P.

(7) Shynkarenko, V.; Highley, T.; Smith, A.; Dion, J.; Ayling, R.; Smith, B.; Knapp, T.; Fleegle, B.