Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ruri ke Nnile le Tshiamelo”

“Ruri ke Nnile le Tshiamelo”

 Lekwalo le le Tswang Kwa Haiti

“Ruri ke Nnile le Tshiamelo”

MORAGO ga thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti ka January 12, 2010, ke ne ke palelwa le ke go leba dikgang tsa kafa e sentseng ka teng. Mme ka di20 tsala ya me e e rategang e bong Carmen o ne a nteletsa a akantsha gore re ye go ithaopa kwa Haiti. Ke ne ke kopane le Carmen dingwaga di le mmalwa pele ga foo fa re ne re le baoki ba ba ithaopileng kwa lefelong le go neng go agiwa Holo ya Bogosi kwa go lone. Fa e sale ka nako eo, re ne ra ithaopela go thusa le mo diporojekeng tse dingwe mme ra nna ditsala tse dikgolo.

Ke ne ka bolelela Carmen gore nka tswa ke se na maatla go le kalo e bile ke le bokoa mo maikutlong gore nka thusa kwa Haiti. O ne a nkgopotsa gore re ne re kgona go dira mmogo mme re ka kgona go kgothatsana. E re ka ke ne ke kgothaditswe ke mafoko a gagwe, ke ne ka founela ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Brooklyn, New York, mme ka buisana le motho yo o neng a rulaganya tiro ya namolo a le kwa United States. Ke ne ka mo kopa gore a tsenye leina la me mo lenaaneng la baithaopi. Ke ne ka mmolelela ka Carmen le gore re ka rata go bereka mmogo. O ne a mpolelela gore a ka se tlhomamise gore nna le Carmen re tla bidiwa kgotsa gore re tla kgona go bereka mmogo.

Ka jalo ke ne ka tswelela ka ditiro tsa me tsa letsatsi le letsatsi ke akanya gore nka se bidiwe. Morago ga malatsi a le manè, ka Mantaga wa di25, ke ne ka founelwa go tswa kwa Brooklyn ke bodiwa gore a nka ya kwa Haiti—mo letsatsing le le latelang fa go kgonega! Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang. Ke ne ka solofetsa gore ke tla dira sotlhe se nka se kgonang. Sa ntlha, ke ne ka kopa malatsi kwa tirong. Morago ga moo ke ne ka buisana le Carmen, mme a mpolelela gore o ne a sa bidiwa ka gonne a sa itse Sefora. Ke ne ke itumetse mme gape ke tshogile. Ka January 28 fa ke sena go reka tekete ya sefofane, ke ne ka palama sefofane go tswa New York go ya Santo Domingo e e kwa Dominican Republic go bapa le Haiti.

Mosha mongwe wa Mosupi o ne a nkgatlhantsha kwa boemafofaneng mme a nkisa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Dominican Republic. Mo go lone letsatsi leo, baoki ba bangwe ba le babedi ba ne ba goroga go tswa kwa United States mme ka robala le bone mo phaposing e le nngwe mo bosigong joo. Mo mosong o o latelang re ne ra isiwa kwa ofising ya lekala ya kwa Haiti kwa Port-au-Prince, loeto lwa diura di le supa le halofo.

Fa re sena go tshela molelwane re bo re tsena mo Haiti, re ne ra bona kafa thoromo ya lefatshe e sentseng ka gone. Re ne ra gakgamadiwa ke go bona kafa e neng e sentse naga eno e ntle ka gone ka metsotswana e le 35 fela. Go ne go le thata go leba tshenyo eo mo thelebisheneng; mme go e iponela ka matlho go ne go le thata le go feta. Matlo a le mantsi a ne a senyegile, tota le bonno jwa poresidente, mme a mangwe one a ne a ole. Bontsi jwa matlo ao e ne e le a batho ba ba ileng ba bereka ka natla botshelo jotlhe jwa bone gore ba age matlo ao mme a bo a senyega ka metsotswana e se kae fela. Seo se ile sa dira gore ke akanye thata ka gore dilo tse tota di leng botlhokwa mo botshelong ga se dithoto.

 Fa re goroga kwa ofising ya lekala, motho yo o amogelang baeng o ne a re bona re tsena mme a itlhaganela go tswa mo tafoleng ya gagwe a tla go re kgatlhantsha mo kgorong a bo a re tlamparela a nyenya ka lorato. O ne a re lebogela go bo re tlogetse ditiro tsa rona gore re ye koo. Morago ga dijo tsa motshegare, re ne ra ya kwa Holong ya Dikopano e e fa gaufi, e e neng e dirilwe bookelo. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le Basupi ba bangwe ba ba neng ba ithaopile, go akaretsa banyalani bangwe go tswa kwa Jeremane, ba e neng e le dingaka, mothusi wa bone le mmelegisi yo o tswang kwa Switzerland.

Ke ne ka simolola go bereka mo go jone bosigo joo jwa ntlha. Go ne go na le balwetse ba le 18, ba e neng e le Basupi le ba e neng e se Basupi, ba robetse mo materaseng mo Holong ya Dikopano. Molwetse mongwe le mongwe o ne a tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang e bile a newa kalafi mahala ke badiri ba tsa kalafi ba Basupi.

Mo bosigong joo molwetse mongwe, monnamogolo wa dingwaga di le 80 o ne a tlhokafala. Mosadi wa gagwe o ne a le teng foo, a na le nna le mooki yo mongwe yo ke neng ke nna le ene mo phaposing. Morago ga foo, lekgarebe lengwe le le bidiwang Ketly le ne la simolola go goa ka ntlha ya ditlhabi. Letsogo la gagwe la moja le ne le kgaotswe ka gonne a ne a gobetse ka nako ya thoromo ya lefatshe. Ketly o ne a bapile le Mosupi mongwe yo o neng a mo ruta Baebele. Mmè yono o ne a tlhola a robala go bapa le Ketly bosigo bongwe le bongwe kwa Holong ya Dikopano.

Ke ne ka ya fa go Ketly ke eletsa e kete nka mo okobaletsa ditlhabi, le fa go ntse jalo o ne a sa utlwa botlhoko mo mmeleng fela mme gape o ne a ngomogile pelo. O ne a mpolelela gore o ne a le kwa legaeng la tsala ya gagwe fa thoromo ya lefatshe e simologa. Ba ne ba sa itse gore go diragalang. Ba ne ba tabogela kwa mathuding ba tshwarane ka matsogo mme ba welwa ke lobota mo ba neng ba palelwa ke go tswa kafa tlase ga lone. O ne a bitsa tsala ya gagwe mme ya se ka ya araba. O ne a re o ne a lemoga ka yone nako eo gore tsala ya gagwe e tlhokafetse. Karolo ya mmele wa tsala ya ga Ketly e ne e le fa godimo ga gagwe go fitlha batho ba ba neng ba ya go ba namola ba tla morago ga diura di le nnè. Ketly o ne a kgaolwa letsogo la moja go tswa mo legetleng.

Bosigo jwa ntlha fa ke le koo, nako le nako fa Ketly a leka go robala o ne a gopola se se mo diragaletseng. O ne a bua jaana a ntse a lela: “Ke a itse gore Dikwalo tsa reng ka metlha ya bofelo le ka dithoromo tsa lefatshe. Ke a itse gore re na le tsholofelo ya isagwe e e itumedisang. Ke a itse gore ke tshwanetse go leboga go bo ke sa swa. Mme a ko o ipeye mo seemong sa me. Akanya fela dilo di ntse di go tsamaela sentle, mme ka tshoganyetso sengwe le sengwe se bo se fetoga.” Go ne go se na se nka se dirang, ke ne ka mo tshwara fela mme ka simolola go lela le ene. Re ne ra lela go fitlha a thulamela.

Letsatsi le letsatsi go ne go romelwa ngaka e le nngwe le baoki ba le babedi go ya go thusa batho ba ba neng ba tlhoka kalafi. Ke ne ka romelwa kwa Petit Goave e e leng loeto lwa diura di ka nna pedi go tswa kwa Port-au-Prince fa o tsamaya ka koloi. Ke ne ka tsamaya le baithaopi ba bangwe ba babedi—mooki yo o tswang kwa Florida le ngaka e e tswang kwa Fora. Re ne ra goroga ka 9:30 a.m., ra folosa dilwana re bo re di tsenya mo Holong ya Bogosi ya lefelo leo. Batho ba ne ba boleletswe gore re etla, ka jalo ba ne ba re letile.

Re ne ra tsena ka go semelela. Go ne go le mogote mme mela ya batho ba ba neng ba batla kalafi e ne e ntse e oketsega. Re ne ra bereka re sa ikhutse go fitlha mo e ka nnang ka ura ya boraro. Re le bararo re ne ra naya batho ba le 114 meento mme ra tlhatlhoba batho ba le 105 mo letsatsing leo. Ke ne ke lapile mme ke itumeletse gore ke ne ka thusa batho ba ba neng ba tlhoka thuso.

Ke ne ka fetsa dibeke tse di fetang tse pedi ke le mo tirong ya namolo kwa Haiti. Mo e batlang e le bosigo bongwe le bongwe ke ne ke bereka diura di le 12 kwa Holong ya Dikopano. Ke ne ke ise ke ko ke nne le boikarabelo jo bogolo jaana.  Le fa go ntse jalo, ke ne ke tsaya go nna teng koo e le tshiamelo le tshegofatso. Ke itumeletse gore ke kgonne go gomotsa le go namola batho ba kwa Haiti ba ba bogileng thata jaana.

Go na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang mo go bone. Ka sekai, molwetse mongwe yo ke neng ke mo tlhokometse e ne e le mosimane wa dingwaga di le 15 yo o bidiwang Eliser, yo o neng a tshwanelwa ke go kgaolwa leoto. Ke ne ka lemoga gore o ne a tlhola a sadisetsa Jimmy dijo, yo o neng a tlhola a tla go robala go bapa le ene bosigo. O ne a ntlhalosetsa gore ka metlha fa Jimmy a tla maitseboa o a bo a tlhotse ka tlala. Sekao sa ga Eliser se ne sa nthuta gore ga re tlhoke go huma—kgotsa go nna le botsogo jo bo molemo—gore re abele batho ba bangwe se re nang le sone.

Baithaopi ba ke neng ke dira le bone le bone ba ne ba iketleeleditse go abela ba bangwe ka bopelotshweu. Moithaopi mongwe o ne a lwala; yo mongwe o ne a opelwa ke mokwatla. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba dira gore dilo tse balwetse ba neng ba di tlhoka di tle pele ga tse bone ba neng ba di tlhoka. Seno se ne sa nkgothatsa gore ke tswelele pele. Rotlhe re ne re a tle re lape mo maikutlong, mo tlhaloganyong le mo mmeleng, le fa go ntse jalo re ne re thusana e bile re kgona go tswelela re bereka. Ruri seo ke sengwe se se ka se lebalegeng! Ke itumelela go bo ke le karolo ya phuthego ya Bakeresete ba ba molemo jaana ba ba pelonomi, ba ba lorato le ba ba ithontshang dilo dingwe.

Pele ke tswa kwa Haiti, balwetse ba le babedi ba ba neng ba kgaotswe matsogo a moja ba ne ba kgona go nkwalela makwalo a go leboga mme ba nkopa gore ke a bale fa ke sena go palama sefofane. Ke ne ka dira jalo. Makwalo ao a ne a nkama pelo, mme ke ne ka lela ke sa kgaotse.

Fa e sale ke boela gae, ke ntse ke buisana le dingwe tsa ditsala tse disha tse ke neng ka kopana le tsone kwa Haiti. Ka dinako tsa mathata batho ba kgona go nna ditsala tse dikgolo. Ke dumela gore botsala jwa rona bo tla kgona go lebana le diteko dipe fela mo isagweng. Ruri ke nnile le tshiamelo.