Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Ne ba Gana Mesia?

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Ne ba Gana Mesia?

Ke ka Ntlha Yang Fa ba Ne ba Gana Mesia?

FA Jesu a ne a le mo lefatsheng, boidiidi jwa batho bo ne bo jesiwa kgakge ke dilo tse a neng a di bua e bile bo gakgamadiwa ke dikgakgamatso tse a neng a di dira. Mme seo se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba “dumele mo go ene” ba bo ba mo amogele e le Mesia kgotsa Keresete yo o solofeditsweng. Ba ne ba re: “Fa Keresete a goroga, ga a kitla a dira ditshupo tse di fetang tse monna yono o di dirileng, ga ke re?”—Johane 7:31.

Le fa go ne go na le bosupi jo bontsi jwa gore Jesu ke Mesia, batho ba le bantsi ba ba neng ba mmona le go mo utlwa ga ba a ka ba nna badumedi. Ka maswabi, tota le ba ba neng ba dumela mo go ene kwa tshimologong ba ne ba mo tlogela moragonyana. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore Jesu ke Mesia le fa go ne go na le bosupi jo bo bonalang sentle? A re sekaseke mabaka a go bo ba ne ba dira jalo, mme o ipotse jaana, ‘A le nna nka tswa ke dira phoso e e tshwanang gompieno?’

Go sa Diragadiwe ga Dilo Tse di Neng di Lebeletswe

Fa Jesu a ne a tsholwa, Bajuda ba le bantsi ba ne ba lebeletse go tla ga ga Mesia. Mme fa a ne a isiwa kwa tempeleng e le losea, o ne a amogelwa ke batho ba ba “letetseng kgololo ya Jerusalema” ka Mesia yo o solofeditsweng. (Luke 2:38) Moragonyana, batho ba le bantsi ba ba neng ba bona se Johane Mokolobetsi a neng a se dira ba ne ba ipotsa jaana: “A e ka tswa gongwe e le Keresete?” (Luke 3:15) Mme ke eng se Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba lebeletse gore Mesia a se dire?

Bajuda ba mo motlheng oo ba ne ba dumela gore Mesia o ne a tla ba golola mo pusong ya Baroma e e gatelelang a bo a tsosolosa bogosi jwa Iseraele mo lefatsheng. Pele Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe, go ne ga nna le baeteledipele ba ba nang le tlhotlheletso mo bathong mme ba buelela gore go dirisiwe thubakanyo go emelana le puso ya bopolotiki ya mo motlheng oo. Ga go pelaelo gore se banna bano ba neng ba se dira se ile sa tlhotlheletsa batho gore ba lebelele gore Mesia a dire dilo dingwe.

Jesu o ne a farologane thata le Bomesia ba ba ntseng jalo ba maaka. Ga a ka a rotloetsa thubakanyo mme o ne a ruta batho ba ba neng ba mo reetsa gore ba rate baba ba bone le go ikobela babusi. (Mathaio 5:41-44) Fa batho ba ne ba batla go mo dira kgosi o ne a gana. Mo boemong jwa moo, o ne a ruta gore bogosi jwa gagwe “ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 6:15; 18:36) Mme gone, dikgopolo tse batho ba neng ba na le tsone ka ga Mesia di ne di ba tlhotlheletsa thata.

Johane Mokolobetsi o ne a utlwa a bo a bona dikgakgamatso tse di bontshang gore Jesu ke Morwa Modimo. Le fa go ntse jalo, fa Johane a ne a le kwa kgolegelong, o ne a romela barutwa ba gagwe gore ba botse Jesu jaana: “A o Yo O Tlang, kgotsa a re tshwanetse go lebelela o sele?” (Mathaio 11:3) Gongwe Johane o ne a ipotsa gore a Jesu ke ene Mogolodi yo o solofeditsweng yo o tla diragatsang dilo tse Bajuda ba neng ba di lebeletse.

Go ne go le thata gore baaposetoloi ba ga Jesu ba dumele gore o ne a tla bolawa a bo a tsosiwe. Nako nngwe fa Jesu a ne a tlhalosa gore Mesia o ne a tla tshwanelwa ke go boga le go swa, Petere o ne a mo “tseela kwa thoko mme a simolola go mo kgalema.” (Mareko 8:31, 32) Ka nako eo, Petere o ne a ise a tlhaloganye lebaka la go bo Jesu a ne a tshwanetse go swa e le Mesia.

Fa Jesu a sena go tsena kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo ya 33 C.E., o ne a amogelwa ke boidiidi jwa batho jo bo tlhagafetseng mme bo mmaka jaaka Kgosi. (Johane 12:12, 13) A bo maemo a ne a fetoga ka bonako jang ne! Mo go yone beke eo, Jesu o ne a tshwarwa a bo a bolawa. Morago ga loso lwa ga Jesu, barutwa ba gagwe ba le babedi ba ne ba bua jaana ba hutsafetse: “Re ne re solofetse gore monna yono e ne e le yo o neng a laoletswe go golola Iseraele.” (Luke 24:21) Tota le fa Jesu a sena go tsosiwa le go iponatsha kwa barutweng ba gagwe, ba ne ba sa ntse ba akanya gore Mesia o ne a tla tlhoma bogosi mo lefatsheng. Ba ne ba botsa jaana: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele mo nakong eno?” Go bonala sentle gore dilo tse di phoso tse batho ba neng ba lebeletse gore Mesia a di dire di ne di nweleletse mo dipelong le mo megopolong ya batho ba ba neng ba reetsa Jesu.—Ditiro 1:6.

Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, barutwa ba gagwe ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo mme ba simolola go tlhaloganya sentle gore Mesia o ne a tla busa e le Kgosi ya kwa legodimong. (Ditiro 2:1-4, 32-36) Moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane ba ne ba rera ka bopelokgale ka tsogo ya ga Jesu e bile dikgakgamatso tse ba neng ba di dira di ne di bontsha gore Modimo o ne a ba eme nokeng. (Ditiro 3:1-9, 13-15) Batho ba le diketekete kwa Jerusalema ba ne ba amogela molaetsa mme ba nna badumedi. Le fa go ntse jalo, seno se ne sa galefisa balaodi ba Bajuda. Fela jaaka ba ne ba ganetsa Jesu, jaanong ba ne ba ganetsa baaposetoloi le barutwa ba gagwe. Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba gana Jesu thata jaana?

Baeteledipele ba Bodumedi Ba ne Ba mo Gana

Fa Jesu a tla mo lefatsheng, dilo tsa bodumedi tse Bajuda ba neng ba di dumela le tse ba neng ba di dira di ne di sa tlhole di tsamaisana gotlhelele le se se neng se rutiwa mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. Baeteledipele ba bodumedi ba mo motlheng oo—Basadukae, Bafarasai le bakwadi—ba ne ba latela dingwao tse di neng di itlhametswe ke batho, ba di tsaya di le botlhokwa go feta Lefoko la Modimo le le kwadilweng. Gangwe le gape ba ne ba latofatsa Jesu ba re o tlodile Molao ka gonne a fodisitse batho ka kgakgamatso ka Sabata. Jesu o ne a ganetsa dithuto tsa bone tse di sa dumalaneng le Dikwalo a sa potapote, ka go rialo a bontsha gore o ganetsa taolo ya bone le maiphako a bone a gore ba amogelwa ke Modimo. Go farologana le bone, Jesu o ne a goletse mo lelapeng la maemo a a kwa tlase e bile o ne a sa tsena dikolo tsa bodumedi jaaka bone. Ga go gakgamatse go bo go ne go le thata gore batho ba ba boikgogomoso jalo ba dumele gore Jesu e ne e le Mesia! Tsela e Jesu a neng a ba ganetsa ka yone e ne e ba galefisa mo ba neng ba “gakololana kaga gagwe gore ba tle ba mmolaye.”—Mathaio 12:1-8, 14; 15:1-9.

Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ka tlhalosa jang lebaka la go bo Jesu a ne a kgona go dira dikgakgamatso? Ba ne ba sa ganele gore dikgakgamatso tseo di ne di diragetse. Go na le moo, ba ne ba leka ka lenyatso go dira gore batho ba se ka ba dumela mo go Jesu ka go bolela gore o newa maatla ke Satane ba re: “Motho yono o leleka madimona ka ntlha ya ga Belesebube, mmusi wa madimona.”—Mathaio 12:24.

Go ne go na le lebaka le lengwe la konokono la go bo ba ne ba gana go dumela gore Jesu ke Mesia. Fa Jesu a sena go tsosa Lasaro, baeteledipele ba ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi ba ne ba buisana mme ba re: “Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira ditshupo di le dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla dumela mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le setšhaba sa rona.” E re ka baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tshaba go latlhegelwa ke maemo, ba ne ba loga maano a go bolaya Jesu le Lasaro!—Johane 11:45-53; 12:9-11.

Setšhaba Se ne Sa ba Tlhoa Le go Ba Bogisa

Tsela e baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba itshwara ka yone, e ne ya dira gore motho ope yo o dumelang gore Jesu ke Mesia a se ka a amogelwa mo setšhabeng. E re ka ba ne ba ikgogomosa ka maemo a bone a a kwa godimo, ba ne ba nyatsa ope yo o dumelang mo go Jesu, ba re: “Ga go na le fa a le mongwe wa babusi kgotsa wa Bafarasai yo o dumetseng mo go ene, ga ke re?” (Johane 7:13, 48) Baeteledipele bangwe ba Bajuda, ba ba jaaka Nikodemo le Josefa wa kwa Arimathea, ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu mme ba ne ba sa bontshe tumelo ya bone phatlalatsa ka ntlha ya go boifa batho. (Johane 3:1, 2; 12:42; 19:38, 39) Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba ntshitse taelo ya gore “fa mongwe a bolela fa a dumela gore [Jesu] ke Keresete, o tshwanetse go lelekwa mo sinagogeng.” (Johane 9:22) Motho yo o ntseng jalo o ne a tla tlhoiwa le go sotliwa e le mongwe yo o sa amogelweng mo setšhabeng.

Kgabagare go ganediwa ga baaposetoloi le barutwa ba ga Jesu go ne ga felela ka pogiso e e setlhogo. Baaposetoloi ba ne ba bogisiwa setlhogo ke Sanehederine e leng kgotlatshekelokgolo ya Bajuda ka ntlha ya go rera ga bone ka bopelokgale. (Ditiro 5:40) Baganetsi ba ne ba latofatsa morutwa Setefane ka maaka ba re o a tlhapatsa. Sanehederine e ne ya mmona molato mme a bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. Go tswa foo, “pogiso e kgolo ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema; botlhe kwantle ga baaposetoloi ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea.” (Ditiro 6:8-14; 7:54–8:1) Saulo, yo moragonyana e neng ya nna moaposetoloi Paulo, o ne a nna le seabe mo letsholong la go bogisa le le neng le engwa nokeng ke moperesiti yo mogolo le ‘setlhopha sa banna ba bagolwane.’—Ditiro 9:1, 2; 22:4, 5.

Tota le fa go ne go na le maemo a a thata jalo, phuthego ya Bokeresete e ne ya gola ka bofefo mo dingwageng tsa fa Jesu a sena go tlhokafala. Le fa batho ba le diketekete ba ile ba nna badumedi, palo ya Bakeresete e ne ya nna e le kwa tlase kwa Palesetina mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Fa motho a ne a bolela phatlalatsa gore ke molatedi wa ga Keresete, seo se ne se ka dira gore a kgaphelwe kwa thoko le e leng go bogisiwa.

Ithute mo Bathong ba ba Neng ba Gana Jesu

Jaaka fa re bone, dikgopolo tse di phoso, kgatelelo ya setšhaba le go bogisiwa go ne ga thibela batho ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga go dumela mo go Jesu. Gompieno dikgopolo tse di phoso ka ga Jesu le ka dithuto tsa gagwe di ka nna le ditlamorago tse di tshwanang le tseo. Ka sekai, batho ba le bantsi ba ile ba rutiwa gore Bogosi jwa Modimo bo mo dipelong tsa bone kgotsa bo tla tlisiwa ke batho. Ba bangwe ba tlhotlhelediwa go batla tharabololo ya mathata a batho mo dilong tsa saense kgotsa tsa botegeniki, mme seo se dira gore ba se ka ba dumela mo go Mesia. Batshwayadiphoso ba le bantsi gompieno ba re ditiragalo tsa bodiredi jwa ga Jesu tse di kwadilweng mo Baebeleng ga se ditiragalo tsa mmatota tse di diragetseng; ka jalo batho bano ba dira gore batho ba se ka ba dumela gore Jesu ke Mesia.

Dikgopolo tse di ntseng jalo di feletse ka gore batho ba le bantsi ba se ka ba itse gore seabe sa ga Mesia ke sefe kgotsa gore ba bone go sa tlhokege go akanya ka kgang eo. Le fa go ntse jalo, gompieno go na le bosupi jo bontsi go feta mo lekgolong la ntlha la dingwaga jwa gore Jesu ke Mesia, jo bo ka dirisiwang ke batho ba ba ikeetleditseng go sekaseka bosupi jono. Re na le Dikwalo Tsa Sehebera tse di feletseng tse di nang le boporofeti jo bontsi malebana le se Mesia a neng a tla se dira le pego ya Diefangele tse nnè tsa Baebele malebana le se Jesu a neng a se dira go diragatsa boporofeti joo. *

Ruri go na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jo mongwe le mongwe wa rona a ka bo dirisang gore a kgone go dira tshwetso mo kgannyeng eno. Mme tshwetso eo e tshwanetse go dirwa ka bonako. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e bolela gore go ise go ye kae Jesu, Mesia, yo e leng Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o tla tsaya kgato mme a senye ba ba senyang lefatshe a bo a tlisa puso e e siameng e e tla dirang gore babusiwa botlhe ba ba kutlo ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. (Daniele 2:44; Tshenolo 11:15, 18; 21:3-5) O ka kgona go nna le isagwe eno e e itumedisang fa o tsaya matsapa a go ithuta ka ga Jesu le go dumela mo go ene gone jaanong. Tsaya tsia mafoko ano a ga Jesu: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 Bona tšhate ya “Boporofeti jo bo Buang ka Mesia” e e mo go tsebe 200 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Fa o ka bo o ne o tshela mo motlheng wa ga Jesu, a o ka bo o ile wa lemoga gore ke ene Mesia?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

O se ka wa letla dikgopolo tse o ntseng o na le tsone di go thibela go ithuta boammaaruri ka ga Jesu