Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Dirisana le Batsadi ba Molekane wa Gago

Go Dirisana le Batsadi ba Molekane wa Gago

Jenny * a re: Mmaagwe Ryan o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go mpolelela kafa a sa nthateng ka gone. Mme fa re ne re etetse batsadi ba me, le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Tota e bile ga ke ise ke tsamaye ke bone batsadi ba me ba bifela ope fela ka tsela eo! Go ne go se motlhofo go etela batsadi ba rona.

Ryan a re: Mmè o ne a sa akanye gore go na le motho yo o siametseng bana ba gagwe, ka jalo go tloga fela kwa tshimologong o ne a bontsha gore ga a rate Jenny. Le batsadi ba ga Jenny ba ne ba dira se se tshwanang, ba ne ba nna ba ntshwayatshwaya diphoso. Bothata e ne e le gore fa dilo tseno tsotlhe di sena go direga, nna le Jenny re ne re leka go femela batsadi ba rona re bo re tshwayatshwayana diphoso.

GO SA dirisane sentle le batsadi ba molekane wa gago e ka nna selo se badirametlae ba dirang metlae ka sone, mme ga go sepe se se tshegisang ka kgang eno. Mosadi mongwe wa kwa India, e bong Reena a re: “Matsalaake o ne a itshunya nko mo lenyalong la rona ka dingwaga di le dintsi. Gantsi ke ne ke galefela mogatsake ka gonne ke ne nka se galefele mmaagwe. Ka metlha go ne go lebega e kete o ne a tshwanetse go tlhopha fa gare ga go nna monna yo o molemo le go nna morwa yo o molemo.”

Ke eng fa batsadi bangwe ba itshunya nko mo matshelong a bana ba bone ba ba nyetsweng? Jenny yo go builweng ka ene pelenyana, o akantsha se e ka tswang e le lebaka. A re: “Go ka nna thata mo go bone go akanya gore motho yo mosha e bile a se na maitemogelo a ka kgona go tlhokomela morwaabone kgotsa morwadiabone.” Dilip, monna wa ga Reena o tlhalosa lebaka le lengwe. A re: “Batsadi ba ba neng ba tlamela ngwana wa bone le go itima dilo dingwe ka ntlha ya gagwe ba ka ikutlwa ba kgaoganngwa le ene. Gape ba ka tswa ba tshwenyegile thata ka gore morwaabone kgotsa morwadiabone ga a ise a gole sentle go dira gore lenyalo la gagwe le atlege.”

Go bua boammaaruri, ka dinako tse dingwe bana ke bone ba letlang batsadi ba bone gore ba itshunye nko mo lenyalong la bone. Ka sekai, akanya ka Michael le Leanne, banyalani ba kwa Australia. Michael a re: “Leanne o tswa mo lelapeng le le atamalaneng thata le mo go lone mongwe le mongwe a buang fela a gololesegile. Ka jalo, fa re sena go nyalana, o ne a tle a bue le rraagwe  ka ditshwetso tse e neng e le nna le ene fela re neng re tshwanetse go di dira. Rraagwe o ne a na le kgakololo e e molemo, le fa go ntse jalo ke ne ke utlwisiwa botlhoko ke gore o ne a bua le ene e seng le nna!”

Go bonala sentle gore go dirisana le batsadi ba molekane wa gago go ka baka mathata mo lenyalong. A go ntse fela jalo ka wena? Molekane wa gago o dirisana jang le batsadi ba gago mme wena o dirisana jang le batsadi ba gagwe? Ela tlhoko dikgwetlho tse pedi tse di ka nnang gone le se o ka se dirang ka tsone.

KGWETLHO 1:

Molekane wa gago o lebega a atamalane thata le batsadi ba gagwe. Monna mongwe wa kwa Spain yo o bidiwang Luis a re: “Mogatsake o ne a ikutlwa e kete e ne e tla bo e se go ikanyega fa re ne re ka nna kgakala le batsadi ba gagwe.” O oketsa jaana: “Fa morwaarona a sena go tsholwa, batsadi ba me ba ne ba eta letsatsi le letsatsi mo ba neng ba tlogela mogatsake a gateletswe mo maikutlong. Seno se ne se dira gore re nne le dikgotlhang tse di sa feleng.”

Dintlha:

Fa Baebele e tlhalosa thulaganyo ya lenyalo ya re ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’ (Genesise 2:24) Go nna “nama e le nngwe” ga go kaye fela go nna mmogo. Tota seno se kaya gore monna le mosadi ba nna le lelapa le lesha—le le tlang pele ga malapa a ba tsholetsweng kwa go one. (1 Bakorintha 11:3) Gone ke boammaaruri gore monna le mosadi ba sa ntse ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone, mme gantsi seo se kaya gore ba ba tlhokomele. (Baefeso 6:2) Mme go tweng fa tsela e molekane wa gago a tlhokomelang batsadi ba gagwe ka yone e dira gore o ikutlwe o tlhokomologilwe kgotsa o sa ratwe?

Se o ka se dirang:

Leba boemo ka tsela e e siameng. A molekane wa gago o atamalane thata le batsadi ba gagwe kgotsa a ke fela gore wena ga o na kamano e e ntseng jalo le batsadi ba gago? Fa e le gore go jalo, tsela e o godisitsweng ka yone e ka ama jang tsela e o lebang boemo joo ka yone? A e ka tswa e le gore o a fufega?—Diane 14:30; 1 Bakorintha 13:4; Bagalatia 5:26.

Go tlhokega gore o itlhatlhobe ka boikanyegi gore o kgone go araba dipotso tseno. Mme gone go botlhokwa gore o dire jalo. Boammaaruri ke gore, fa e le gore ka metlha wena le molekane wa gago lo tlhola lo lwa ka kgang ya batsadi ba lona, tota bothata bo mo lenyalong la lona—e seng mo batsading ba lona.

Mathata a le mantsi a lenyalo a nna gone ka gonne banyalani ga ba lebe dilo ka tsela e e tshwanang kgo. A o ka leka go leba dilo ka tsela e molekane wa gago a di lebang ka yone? (Bafilipi 2:4; 4:5) Seno ke se monna mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Adrián a ileng a se dira. A re: “Mogatsake o godiseditswe mo lelapeng le le se nang lorato, ka jalo ke ne ke tila go atamalana thata le batsadi ba gagwe. Kgabagare ke ne ka gana go kopana le bone ka dingwaga tse dintsi. Seno se ne sa baka mathata mo lenyalong la rona ka gonne mogatsake o ne a sa ntse a batla go atamalana thata le lelapa la gaabo, segolobogolo mmaagwe.”

Fa nako e ntse e tsamaya, Adrián o ne a simolola go leba dilo ka tekatekano. A re: “Tota le fa ke itse gore fa mogatsake a ikopanya le batsadi ba gagwe seo se mo ama ka tsela e e sa siamang mo maikutlong, go sa kopane le bone gotlhelele le gone go ka baka mathata. Ke dira sotlhe se nka se kgonang go leka go boa ke nna le kamano e e molemo le batsadi ba mogatsake le go e boloka e ntse e le teng.” *

LEKA SENO: Wena le molekane wa gago kwalang mo pampiring gore ke eng se lo akanyang gore se lo tshwenya thata ka batsadi ba molekane wa gago. Fa go kgonega simolola ka gore “Ke akanya gore . . . ” Morago ga moo, naya molekane wa gago pampiri e o kwadileng mo go yone mme le ene a go neye ya gagwe. Dirisanang mmogo go batla ditsela tsa go rarabolola dilo tse di lo tshwenyang.

KGWETLHO 2:

Batsadi ba molekane wa gago ba itshunya nko mo lenyalong la lona, ba lo naya kgakololo lo sa ba kopa. Mosadi mongwe wa kwa Kazakhstan yo o bidiwang Nelya a re: “Dingwaga tsa ntlha tse supa tsa lenyalo la rona  re di feditse re nna le ba gaabo monna wa me. Re ne re aga re ganetsana ka kgang ya go godisa bana le ka dikgang tse di jaaka tsela e ke apayang ka yone le e ke phepafatsang ka yone. Ke ne ka bua le mogatsake le matsale ka gone, mme seo se ne sa baka dikgotlhang tse di sa feleng!”

Dintlha:

Fa o tsena mo lenyalong, batsadi ba gago ga ba tlhole ba go laola. Go na le moo, Baebele ya re “tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna”—ke gore monna wa gagwe. (1 Bakorintha 11:3) Le fa go ntse jalo, fela jaaka go umakilwe pelenyana, monna le mosadi ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone. Tota e bile, Diane 23:22 e re bolelela jaana: “Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” Mme go tweng fa batsadi ba gago—kgotsa ba molekane wa gago—ba sa tseye tsia ntlha ya gore monna ke tlhogo ya lelapa mme ba leka go gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya bone?

Se o ka se dirang:

Ka moya o o siameng leka go tlhaloganya lebaka la go bo ba itshunya nko mo lenyalong la lona. Ryan yo o umakilweng kwa godimo a re: “Mo maemong mangwe batsadi ba tlhoka go itse gore bana ba bone ba sa ntse ba ba tsaya ba le botlhokwa mo matshelong a bone. Batsadi ba ka tswa ba sa itshunye nko ka boomo mo lenyalong la lona mme lo ka rarabolola bothata joo ka go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore lo ‘tswelele lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.’ (Bakolosa 3:13) Mme gone go tweng fa batsadi ba molekane wa gago ba itshunya nko thata jaana mo e leng gore seo se feleletsa se baka dikgotlhang fa gare ga gago le molekane wa gago?

Banyalani bangwe ba kgonne go beela batsadi ba bone melelwane e e siameng. Seno ga se reye gore o ba beele melelwane eo o bua le bone ka tsela e e bontshang lenyatso. * Gantsi seo se tlhoka fela gore o ba bontshe ka ditiro tsa gago gore molekane wa gago ke ene a tlang pele mo botshelong jwa gago. Ka sekai, monna mongwe wa kwa Japane yo o bidiwang Masayuki a re: “Tota le fa batsadi ba gago ba go gakolola ka sengwe, o se ka wa dumalana fela le bone ka yone nako eo. Se lebale gore o aga lelapa le lesha. Ka jalo pele o dira tshwetso bua pele le molekane wa gago o utlwe gore ene o ikutlwa jang ka kgakololo eo.”

LEKA SENO: Tlotla le molekane wa gago gore ke dilo dife tse batsadi ba lona ba itshunyang nko mo go tsone tse di dirang gore lo nne le dikgotlhang mo lenyalong la lona. Kwalang melelwane e lo ka e tlhomelang batsadi ba lona le kafa lo ka e latelang ka teng mme lo sa ntse lo bontsha gore lo a ba tlotla.

O ka tila dikgotlhang di le dintsi le batsadi ba molekane wa gago ka go leka go tlhaloganya maitlhomo a bone le gore o se ka wa di letla gore di bake dikomang magareng ga gago le molekane wa gago. Jenny o bua jaana ka kgang eno: “Ka dinako tse dingwe fa nna le mogatsake re bua ka batsadi ba rona re ne re tseega maikutlo, mme re ne re lemoga sentle gore re utlwisana botlhoko thata fa re ka bua ka makoa a batsadi ba rona. Le fa go ntse jalo, kgabagare re ne ra ithuta go kgaotsa go utlwisana botlhoko ka go bua ka makoa a batsadi ba rona go na le moo re ne re rarabolola bothata jo bo leng gone. Ka ntlha ya seo, nna le mogatsake re ile ra atamalana fela thata.”

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 14 Gone ke boammaaruri gore fa batsadi ba itshwara ka tsela e e sa siamang—segolobogolo fa ba tswelela ka seo, ba sa ikwatlhaye—dikamano tsa lelapa di ka senyega tota e bile maloko a lelapa a ka se atamalane thata.—1 Bakorintha 5:11.

^ ser. 19 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke go bulela batsadi ba gago kgotsa ba molekane wa gago mafatlha. Fa o tlhoka go dira jalo, dira seo ka tlotlo le ka bonolo.—Diane 15:1; Baefeso 4:2; Bakolosa 3:12.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke dinonofo dife tse di molemo tse batsadi ba molekane wa me ba nang le tsone?

  • Nka tlotla jang batsadi ba me mme ke sa itlhokomolose molekane wa me?