Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Badiri Kwa Gae”

“Badiri Kwa Gae”

 Kafa Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ba Neng ba Tshela ka Gone

“Badiri Kwa Gae”

“Jaanong fa ba ntse ba le mo tseleng a tsena mo motsaneng mongwe. Fano mosadi mongwe yo o bidiwang Maratha a mo amogela jaaka moeng mo ntlong. Mosadi yono gape o ne a na le monnawe yo o bidiwang Marea, le fa go ntse jalo, yono ene o ne a ntse fa dinaong tsa Morena mme a nna a reetsa lefoko la gagwe. Maratha, kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a itewa tsebe ke go dira ditiro tse dintsi. Jalo, a atamela mme a re: “Morena, a ga go go re sepe go bo nnake a ntlogetse ke dira dilo ke le nosi? Jalo, mmolelele gore le ene a nthuse.” Fa Morena a araba a mo raya a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela. Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.’”—LUKE 10:38-42.

GO BONALA sentle gore Maratha e ne e le mosadi yo o dirang ka natla. Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba ne ba mo tlotla. Go ya ka ngwao ya Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, gore mosadi a tsewe a le botlhokwa go ne go ikaega ka gore o ineetse go le kana kang go dira ditiro tsa mo lapeng le bokgoni jwa gagwe jwa go tlhokomela dilo tse lelapa la gagwe le di tlhokang.

Gape basadi ba Bakeresete ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba kgothalediwa go nna “badiri kwa gae.” (Tito 2:5) Le fa go ntse jalo, ba ne ba na le tshiamelo le boikarabelo  jo bongwe gape jwa go ruta batho ba bangwe ka tumelo ya bone ya Bokeresete. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 2:18) Dingwe tsa “ditiro tse dintsi” tse mosadi wa Mojuda yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga a neng a tshwanetse go di dira ke dife? Mafoko a ga Jesu a re ruta thuto efe ka ga Marea?

“Go Dira Ditiro Tse Dintsi” Letsatsi la mosadi yo o nyetsweng wa Mojuda le ne le simolola mo mosong, gongwe pele letsatsi le tlhaba. (Diane 31:15) Fa a sena go apeela ba lelapa la gagwe dijo tse di motlhofo e leng motogo, o ne a ka buledisa bomorwawe go ya kwa sekolong se se kwa sinagogeng. Bomorwadie bone ba ne ba sala mo lapeng ba rutwa dilo tse di tlhokegang gore e nne basadi ba ba molemo.

Mmè le bomorwadie ba simolola letsatsi ka go dira ditiro tse di motlhofo tsa mo lapeng, tse di jaaka go tlatsa dipone ka lookwane (1), go feela bodilo (2), le go gama dipodi (3). Go tswa foo, ba ne ba dira senkgwe se ba neng ba tla se ja mo letsatsing leo. Basetsana ba ne ba simolola ka go fefera dijo tsa ditlhaka (4) mme morago ga moo ba bo ba dirisa lolwala go sila dijo tsa ditlhaka gore e nne bupi jo bo seng boleta (5). Mmè o ne a bo tsaya a bo a bo kopanya le metsi le sebediso. Morago ga moo o ne a duba bupi jono (6) a bo a bo tlogela gore bo kokomoge fa a ntse a dira ditiro tse dingwe. Ka yone nako eo basetsana bone ba ka tswa ba ne ba tshwaregile ka go fetlha mashi a dipodi gore e nne tšhisi (7).

Moragonyana mo mosong, mmè le bomorwadie ba ka ya kwa marekisetsong. Fa a le koo o utlwa monko wa ditswaiso, diphologolo tse di bokolelang, bareki ba ba buisanang le morekisi gore a ba fokoletse ditlhwatlhwa mme o reka dilo tse a tla di tlhokang mo letsatsing leo (8). Merogo e e foreshe le tlhapi e e omisitsweng di ka tswa di ne di le teng mo dijong tsa letsatsi leo. Fa e le Mokeresete, fa a ntse a le kwa marekisetsong o ne a ka dirisa tshono eo go bolelela ba bangwe se a se dumelang.—Ditiro 17:17.

Mmè yo o kelotlhoko o tla dirisa ditshono tse di ntseng jalo tsa fa ba ya marekisetsong le fa ba boa go thusa bana ba gagwe go ithuta le go anaanela melaometheo ya Dikwalo. (Duteronome 6:6, 7) Gape a ka nna a tlotla le bomorwadie ka melaometheo e e tla ba thusang gore ba nne bareki ba ba bolokang madi.—Diane 31:14, 18.

Tiro e nngwe e basadi ba neng ba e dira letsatsi le letsatsi e ne e le go ya kwa sedibeng (9). Ba ne ba ga metsi a a tla oketsang a ba a dirisang mo lelapeng gongwe ba dira jalo ba ntse ba tlotla le basadi ba bangwe ba le bone ba gang metsi. Fa ba boela kwa lapeng, mmè le bomorwadie ba simolola go baka. Sa ntlha, bupi jo bo dubilweng ba bo dira diphaphatha ba bo ba bo tsenya mo ontong (10) e gantsi e neng e le kwa ntle. Fa ba ntse ba itumelela monko o o monate wa senkgwe e bile ba ntse ba tlotla mmogo, ba leba fa senkgwe se ntse se butswa.

Go tswa foo ba ne ba ya kwa molatswaneng o o fa gaufi go ya go tlhatswa diaparo (11). Basadi ba simolola go tlhatswa diaparo ka lae e leng sesepa sa sodium kgotsa potassium carbonate se se dirilweng ka molora o o tswang mo dimeleng dingwe. Fa  basadi bano ba sena go tsokotsa diaparo le go di gamola, ba di anega mo ditlhatshaneng tse di fa gaufi kgotsa mo matlapeng gore di ome.

Fa mmè le bomorwadie ba sena go boa ka diaparo tse ba di tlhatswitseng, ba tsena mo ntlong mme ba roka (12) diaparo tse di gagogileng pele ba di tsenya mo khabotong ya diaparo. Moragonyana basetsana ba ka rutiwa go kgabisa matsela le go loga (13). Go ise go ye kae e tla bo e le nako ya gore basadi ba simolole go apaya dijo tsa maitseboa (14). Go ne go tlwaetswe go amogela baeng, ka jalo lelapa le ne le ipaakanyetsa go ja le bone dijo tse di motlhofo e leng senkgwe, merogo, tšhisi, tlhapi e e omisitsweng kgotsa go nwa metsi a a tsiditsana.

Kwa bofelong jwa letsatsi fa bana ba ipaakanyetsa go robala, ngwana yo o kgobogileng lengole o ne a tshasiwa leokwane le le okobatsang botlhoko. Go tswa foo, batsadi ba tshuba lobone ba bo ba lotlegela bana ba bone kgang nngwe e e tswang mo Dikwalong le go rapela le bone. Fa ba ntse mo ntlong ya bone e e seng ya manobonobo, monna o tla bo a na le lebaka le le utlwalang la go bolelela mosadi wa gagwe mafoko ano a a tlwaelegileng: “Ke mang yo o ka bonang mosadi yo o nang le bokgoni? Tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya dikorale kgakala.”—Diane 31:10.

“Go Tlhopha “Karolo e e Molemo” Ga go pelaelo gore basadi ba ba kelotlhoko ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba na le “ditiro tse dintsi” tse di neng di dira gore ba nne ba tshwaregile. (Luke 10:40) Ka tsela e e tshwanang le gompieno basadi, segolobogolo bommè, ba na le ditiro tse dintsi tse ba di dirang. Dilo tsa segompieno tse di dirilweng di tlhofofaditse ditiro dingwe tsa lelapa. Le fa go ntse jalo, bommè ba le bantsi ba patelediwa ke maemo a a rileng gore ba se ka ba tlhokomela malapa a bone fela mme ba ye le kwa ditirong tsa boitshediso.

Le fa basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba lebana le dikgwetlho tse dintsi, ba etsa sekao sa ga Marea yo o umakilweng kwa tshimologong. Ba tsaya dilo tsa semoya di le botlhokwa thata. (Mathaio 5:3) Ba tlhokomela ba malapa a bone, fela jaaka Dikwalo di ba kgothaletsa go dira jalo. (Diane 31:11-31) Le fa go ntse jalo, ba tshela ka molaomotheo o Jesu a neng a o bolelela Maratha. E re ka a ne a tsaya kamano ya gagwe le Modimo e le botlhokwa, o tshwanetse a bo a ile a dirisa kgakololo eo e e lorato. Basadi ba Bakeresete ga ba letle maikarabelo a bone a lelapa a ba kgoreletsa go ithuta ka Modimo (15) kgotsa go bolelela batho ba bangwe se ba se dumelang. (Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25) Ka jalo, ba tlhopha “karolo e e molemo.” (Luke 10:42) Seo se dira gore Modimo, Keresete le ba malapa a bone ba ba lebe ba le botlhokwa.—Diane 18:22.