Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modiragatsi wa Ditsholofetso

Modiragatsi wa Ditsholofetso

Atamalana le Modimo

Modiragatsi wa Ditsholofetso

JOSHUA 23:14

A O GO fitlhela go le thata go ikanya batho ba bangwe? Ka maswabi, re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba sa tlholeng ba ikanyega. Fa motho mongwe yo o neng o mo ikanya a go utlwisitse botlhoko—gongwe a buile maaka kgotsa a sa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe—o ka se tlhole o mo ikanya. Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o ka mo ikanyang yo a ka se go swabiseng. Diane 3:5 e re rotloetsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe.” Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo ikanye? Gore re kgone go araba potso eo, a re sekasekeng mafoko a ga Joshua—monna yo o neng a ikanya Jehofa ka botlalo—a a mo go Joshua 23:14.

Akanya ka tiragalo eno. Joshua, e bong monna yo o neng a tlhatlhama Moshe go nna moeteledipele wa Iseraele, o tloga a nna le dingwaga di le 110. Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, o iponetse ditiro tse dintsi tse di maatla tse Jehofa a neng a di direla Iseraele, go akaretsa le go gololwa ka kgakgamatso kwa Lewatleng le Lehibidu dingwaga di ka nna 60 tse di fetileng. Fa jaanong Joshua a akanya ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng mo botshelong jwa gagwe, o bitsa ‘banna ba Iseraele ba bagolwane le ditlhogo tsa yone le baatlhodi ba yone le badiredi ba yone.’ (Joshua 23:2) Mafoko a a a buang morago ga foo ga a bontshe fela botlhale jo motho a nnang le jone fa a ntse a gola, mme a bontsha gore o ne a na le tumelo e e nonofileng.

Joshua a re: “Gompieno ke tsamaya ka tsela ya lefatshe lotlhe.” Polelwana e e reng “tsela ya lefatshe lotlhe” ke leele le le rayang loso. Ka mafoko a mangwe, Joshua a re: “Ga ke tlhole ke tla tshela lobaka.” E re ka Joshua a itse gore o tloga a swa, ga go pelaelo gore o feditse nako e ntsi a akanya ka dilo tse di diragetseng mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlogela baobamedi ka ene ka mafoko afe?

O tswelela ka go re: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” Ano ke mafoko a monna yo o ikanyang Modimo ka botlalo. Ke eng fa a mo ikanya jalo? Fa Joshua a akanya ka dilo tsotlhe tse a di boneng, o ne a itse gore ka metlha Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. * Bokao jwa mafoko a ga Joshua bo utlwala sentle: Joshua o batla gore Baiseraele ka ene le bone ba nne le tumelo ya gore dilo tsotlhe tse Jehofa a ba solofetsang gore o tla ba di direla mo isagweng le tsone di tla diragala.

Buka nngwe ya ditshupiso tsa Baebele e bua jaana ka Joshua 23:14: “Bua ka tsholofetso epe fela mo Baebeleng; batlisisa ditiragalo tsa lefatshe leno; mme o batlisise ka setshedi sengwe le sengwe se se mo lefatsheng, o bone gore a go na le lekgetlo lengwe le mo go lone Modimo a ileng a se ka a diragatsa tsholofetso ya gagwe kgotsa a ileng a e lebala.” Fa re ne re ka kgona go dira dipatlisiso tseno, le rona re ne re tla bua fela jaaka Joshua—ka metlha ditsholofetso tsa ga Jehofa di a diragala.—1 Dikgosi 8:56; Isaia 55:10, 11.

Baebele e na le pego ya ditsholofetso tsa Modimo tse di diragetseng, go akaretsa le tse dingwe tse re di bonang di direga. Gape e na le ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di itumedisang ka isagwe ya rona. * Ke eng fa o sa sekaseke pego eo ka bowena? Fa o ithuta Baebele o ka tlhomamisega gore o tshwanelwa ke gore o ikanye Modiragatsi wa ditsholofetso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Dingwe tsa ditsholofetso tse Joshua a boneng di direga ke tseno. Jehofa o ne a tla naya Baiseraele naga ya bone. (Bapisa Genesise 12:7 le Joshua 11:23.) Jehofa o ne a tla ba ntsha mo Egepeto. (Bapisa Ekesodo 3:8 le Ekesodo 12:29-32.) Jehofa o ne a tla tlhokomela batho ba gagwe.—Bapisa Ekesodo 16:4, 13-15 le Duteronome 8:3, 4.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ditsholofetso tsa Modimo ka isagwe ya rona, bona kgaolo 3, 7 le 8 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.