Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o a Tle a Fetole Mogopolo?

A Modimo o a Tle a Fetole Mogopolo?

A Modimo o a Tle a Fetole Mogopolo?

BAEBELE e bua jaana ka Modimo: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” Modimo ka boene o re tlhomamisetsa jaana: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Jakobe 1:17; Malaki 3:6) Ruri Jehofa Modimo o farologane le batho ba go leng thata go ba itumedisa e bile ba ka se ikanngwe ka gonne ba nna ba fetofetola megopolo ya bone!

Le fa go ntse jalo, babadi bangwe ba Baebele ba ipotsa gore a Modimo o a tle a fetole mogopolo wa gagwe. Ka sekai, nako nngwe Jehofa Modimo o ne a neile Bakeresete maatla a go dira dikgakgamatso, mme gone jaanong ga a ba neye one. Mo metlheng ya bogologolo, Modimo o ne a letlelela go nyala lefufa, mme gone jaanong ga a tlhole a go letla. Go ya ka Molao wa ga Moshe, Jehofa o ne a batla gore batho ba boloke Sabata, mme gone jaanong ga a tlhole a dira jalo. A dikai tseno ga di bontshe gore Modimo o fetola mogopolo wa gagwe?

Sa ntlha, re ka tlhomamisega gore Modimo ga a ke a fetola melao ya gagwe ya go dira ka lorato le ka tshiamiso. Gape “boikaelelo jo bo sa feleng” jwa go segofatsa batho ka Bogosi jwa gagwe ga bo ise bo fetoge. (Baefeso 3:11) Le fa go ntse jalo, fela jaaka le wena o ka fetola mogopolo ka motho yo ka metlha a go swabisang ka ntlha ya tsela e a itshwarang ka yone, Jehofa o a tle a fetole mogopolo ka ntlha ya maemo a a rileng.

Gape Modimo o fetola ditaelo tse a di nayang batho ba gagwe go ya ka maemo a bone le dilo tse ba di tlhokang. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Akanya ka se motsamaisi wa bajanala yo o nang le maitemogelo a ka se dirang fa a lemoga kotsi e e larileng kwa pele. O tla bolelela bajanala gore ba tseye tsela e nngwe, go tila kotsi. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore ga a tlhole a ya kwa a neng a batla go ya gone, a ga go jalo? Ka jalo, a re sekasekeng dikai di le tharo tse di umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, tse batho bangwe ba fitlhelang go le thata go di tlhaloganya.

Ke Eng fa Dikgakgamatso di Khutlile?

Ke eng fa Modimo a ne a naya Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga maatla a go dira dikgakgamatso? O ka tswa o gakologelwa gore fa Baiseraele e ne e le setšhaba se Modimo a se tlhophileng, gantsi Modimo o ne a dira dikgakgamatso go ba bontsha gore o na le bone. Modimo o ne a dirisa Moshe go bontsha maatla a gagwe a a gakgamatsang ka go golola Baiseraele kwa Egepeto le go ba kaela mo nageng go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ka maswabi, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba sa bontshe tumelo mo go ene. Kgabagare fa Jehofa a ne a latlha Baiseraele mme a tlhoma phuthego ya Bokeresete, o ne a naya baaposetoloi le ba bangwe maatla a go dira dikgakgamatso. Ka sekai, moaposetoloi Petere le Johane ba ne ba fodisa monna yo o neng a tsholwa a golafetse, mme Paulo o ne a tsosa monna yo o neng a sule. (Ditiro 3:2-8; 20:9-11) Dikgakgamatso tse ba neng ba di dira di ne di dira gore batho mo dinageng tse dintsi e nne Bakeresete. Ka jalo, ke eng fa dikgakgamatso di khutlile?

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa lebaka la seo a dirisa setshwantsho seno: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Fela jaaka batsadi ba sa tshware ngwana yo monnye ka tsela e ba tshwarang yo o godileng ka yone, tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le phuthego ya Bokeresete e ne ya fetoga fa e ne e sa tlhole e le “losea.” Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore dimpho tseo tsa go dira dikgakgamatso le bokgoni jwa go bua ka diteme kgotsa go porofeta di ne di “tla nyelediwa.”—1 Bakorintha 13:8.

Ke Eng fa go Nyala Lefufa Go ne Go Letleletswe?

Jesu o ile a bontsha gore Modimo o ne a tlhoma melao ya lenyalo fa a ne a raya banyalani ba ntlha a re: “Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.” (Mathaio 19:5) Batho ba babedi ba ba nyalaneng ba ne ba tshwanetse go nna mmogo ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Modimo a ne a rulaganya Baiseraele gore e nne setšhaba le go ba naya Molao wa gagwe, go nyala lefufa e ne e setse e le mokgwa o o tlwaelegileng. Ka jalo, le fa Modimo e se ene a simolotseng mokgwa ono kgotsa go o rotloetsa, o ne a tlhoma melao ya gagwe gore e o laole. Fa phuthego ya Bokeresete e ne e tlhomiwa, Lefoko la Modimo le ne la iletsa mokgwa ono ka tlhamalalo.—1 Timotheo 3:2.

Jehofa Modimo o letlelela dilo dingwe go fitlha a di baakanya ka nako ya gagwe. (Baroma 9:22-24) Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o ne a itshoketse ka nakwana ditlwaelo tse di sa siamang tsa lenyalo a akanyetsa “dipelo tse di logwadi” tsa batho ba Iseraele.—Mathaio 19:8; Diane 4:18.

Ke Eng fa go Boloka Sabata E ne E le Ga Nakwana?

Fa Modimo a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto, o ne a ba laela gore ba boloke Sabata beke le beke. Moragonyana o ne a dira gore e nne karolo ya Molao wa setšhaba. (Ekesodo 16:22-30; 20:8-10) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu o intshitse setlhabelo mme a “fedisa . . . Molao wa ditaolo tse di mo ditaelong” le go “phimola lekwalo le le kwadilweng ka seatla.” (Baefeso 2:15; Bakolosa 2:14) Molao wa Sabata le one o ne wa ‘fedisiwa’ le go ‘phimolwa,’ ka gonne Baebele e tswelela ka go re: “Jalo a motho ope a se ka a lo atlhola ka go ja le go nwa kgotsa ka ga moletlo kgotsa go ilela ngwedi e ntšha kgotsa sabata.” (Bakolosa 2:16) Mme gone, ke eng fa Modimo a ne a tlhoma Molao, go akaretsa le wa Sabata?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete.” Morago ga moo a oketsa ka go re: “Jaanong e re ka tumelo e gorogile, ga re tlhole re le kafa tlase ga mogogi.” (Bagalatia 3:24, 25) Go na le gore Modimo a fetole mogopolo wa gagwe, o ne a dirisa Sabata e le thulaganyo ya nakwana ya go ruta batho gore ba tshwanetse gore ka metlha ba beele nako kwa thoko go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya. Le fa molao wa Sabata e ne e le wa nakwana, o ne o bontsha gore mo isagweng go tla nna le nako ya fa mathata a batho a mo mmeleng le mo semoyeng a tla khutlang ka yone.—Bahebera 4:10; Tshenolo 21:1-4.

Modimo yo o Ikanyegang Le yo O Lorato

Dikai tsa Baebele tse re sa tswang go di sekaseka di bontsha gore Jehofa Modimo o ne a ntsha ditaelo le dikaelo tse di farologaneng ka dinako tse di sa tshwaneng. Mme seo ga se reye gore o ne a fetola mogopolo wa gagwe. Go na le moo, o ne a thusa batho ba gagwe ka dilo tse ba neng ba di tlhoka mo maemong a a farologaneng, mme o ne a dira jalo go ba thusa. Go ntse fela jalo le gompieno.

E re ka Jehofa a sa fetole melao ya gagwe, ka metlha re a itse gore re tshwanetse go dira eng gore re mo itumedise. Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore sengwe le sengwe se Modimo a se solofeditseng se tla diragala. Jehofa a re: “Ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang . . . Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.”—Isaia 46:10, 11.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Modimo ga a ke a fetola melao ya gagwe ya go dira dilo ka lorato le ka tshiamiso

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Paulo o ne a tlhalosa gore fa nako e ntse e tsamaya, dimpho tsa go dira dikgakgamatso di ne di “tla nyelediwa”

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Batho ba babedi ba ba nyalaneng ba ne ba tshwanetse go nna mmogo ka bosakhutleng