Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ke Eng?

Tumelo ke Eng?

 Tumelo ke Eng?

O NE o ka tlhalosa tumelo jang? Bangwe ba re ke go dumela sengwe le sengwe. Nako nngwe mokwadi mongwe yo o tumileng wa ditlhamo wa Moamerika e bile e le mokwadi wa dikgang e bong H. L. Mencken o ne a re tumelo ke “go dumela gore sengwe se se sa kgonegeng se diragetse.”

Go farologana le seo, Baebele ga e tlhalose tumelo e le go dumela sengwe le sengwe fela ntle le bosupi jo bo feletseng kgotsa e le sengwe se se sa utlwaleng. Lefoko la Modimo la re: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.”—Bahebera 11:1.

E re ka batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka tumelo, mma re sekasekeng dikarabo tsa dipotso tse di latelang:

Tsela e Baebele e tlhalosang tumelo ka yone e farologane jang le e batho ba le bantsi ba e tlhalosang ka yone?

Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le mofuta wa tumelo o Baebele e buang ka one?

O ka nonotsha tumelo ya gago jang?

Lekwalo la Semolao le Bosupi jo bo Nonofileng

Ka nako ya fa go ne go kwalwa dibuka tsa Baebele tsa Sehebera, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go lebelela ka tlhomamisego” le ne le dirisiwa thata. Gantsi le ne le tlhagelela mo makwalong a kgwebo mme le bontsha gore motho o na le tshwanelo ya semolao ya go amogela dilo dingwe mo isagweng. Ka jalo, buka nngwe ya ditshupiso e akantsha gore Bahebera 11:1 e ka bo e ranotswe jaana: “Tumelo ke lekwalo la semolao la dilo tse di solofetsweng.”

Fa e le gore o kile wa reka sengwe mo khampaning nngwe e e ikanyegang mme go tswa foo o bo o leta gore se tlisiwe, o ne wa bontsha tumelo e e ntseng jalo. Rasiti e o e neilweng e e bontshang gore o rekile selo seo, e go naya lebaka la gore o ikanye khampani eo. Ka tsela nngwe, rasiti eo e ne e le lekwalo la gago la semolao, le le go tlhomamisetsang gore o tla newa selo se o se rekileng. Fa rasiti eo e ne e ka latlhega kgotsa wa e latlha, o ne o ka bo o latlhegetswe ke bosupi jwa gore o rekile selo seo. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba dumelang gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ba tlhomamiseditswe gore ba tla bona se ba se solofetseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ba se nang tumelo kgotsa ba ba senyegetsweng ke yone, bone ga ba na tshwanelo ya go amogela dilo tse Modimo a di solofeditseng.—Jakobe 1:5-8.

Mafoko a mangwe a a mo go Bahebera 11:1, a a ranotsweng e le “pontsho e e bonalang sentle,” a naya kgopolo ya go ntsha bosupi jwa sengwe, segolobogolo jwa sengwe se se bonalang se farologane le se go buiwang ka sone. Ka sekai, letsatsi le bonala le dikologa lefatshe—le tlhaba kwa botlhaba, le tsamaya mo loaping le bo le phirima kwa bophirima. Le fa go ntse jalo, bosupi jwa thutadinaledi le jwa dipalo bo bontsha gore lefatshe ga le mo bogareng jwa thulaganyo ya masedi a tlholego. Fa o itse gore bosupi joo bo boammaaruri e bile o bo amogela, o tla dumela gore lefatshe le dikologa letsatsi—le fa matlho a gago a ka tswa a bona sengwe se sele. Ga se gore o dumela sengwe le sengwe fela. Go na le moo, go go naya bokgoni jwa go bona dilo ka tsela e tota di leng ka yone, e seng ka tsela e di lebegang ka yone.

Tumelo e e Nonofileng e Botlhokwa go le Kana Kang?

Eno ke tumelo e Baebele e re rotloetsang go nna le yone—tumelo e e nonofileng e e theilweng mo bosuping jo bo tlhomameng, tota le fa seo se re tlhoka gore re fetole dilo tse re di dumelang. Go botlhokwa go nna le tumelo e e ntseng jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go mo itumedisa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Go na le dikgwetlho di le dintsi tse di ka dirang gore o se ka wa nna le tumelo e e nonofileng. Mme o ka atlega fa o ka latela dikgato tse nnè tse go tlotliwang ka tsone mo ditsebeng tse di latelang.