Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itshireletse mo Meyeng e e Boikepo

Itshireletse mo Meyeng e e Boikepo

 Itshireletse mo Meyeng e e Boikepo

JAMES o goletse kwa lefelong le le kwa kgakala la kwa setlhaketlhakeng sa Malaita, kwa Solomon Islands. Go tloga fela a sa le monnye o ne a rutiwa go tlotla meya. A re: “Ke ne nka se kope meya gore e gobatse batho ba bangwe mme gone ke ne ke akanya gore go ne go sa kgonege gore motho a tshele botshelo jo bo itumetseng kwa ntle ga gore a dirise rarafono [ditlwaelo tsa setso tsa go kopa thuso ya meya] go itshireletsa mo kotsing.

Jaaka kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, baagi ba kwa Solomon Islands ba dumela gore meya e ka thusa kgotsa ya gobatsa motho. Tota e bile, batho ba le bantsi ba kwa Melanesia ba rata meya e go tweng e molemo, ga ba e boife.

Go dumela mo ditirong tsa meya go bonala ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, fa James a sa le monnye basadi ba motse ba ne ba tshabisetsa bana ba bone ka bonako kwa ntlong fa ba utlwa nonyane e e bidiwang korokoro e lela. Ke ka ntlha yang ba ne ba dira jalo? Ba ne ba dumela gore go lela ga nonyane eno go ne go kaya gore mongwe o ne a tloga a tlhagelwa ke mahutsana.

Batho bangwe ba mo motseng ba baya leje lengwe le lesweu mo godimo ga mojako wa matlo a bone. James le ene o ne a dira jalo, a dumela gore leje leo le tla mo sireletsa mo meyeng e e boikepo. Mme fa James a ne a le kwa tirong o ne a tle a kokoanye dijo tse di setseng tsa motshegare a bo a di tsenya mo kgetsaneng gore a di latlhe moragonyana. O ne a dumela gore monna wa maselamose o ne a tla tsaya dijo tseo tse di setseng a bo a mo loya ka tsone.

Le fa mekgwa eno e ka tswa e sa tlwaelega mo lefelong la lona, gongwe le wena jaaka James o bona go le botlhokwa go dira mekgwa mengwe ya setso gore o itshireletse mo meyeng e e boikepo. O ka tswa o dumela gore fa o sa dire dilo tseno o ka welwa ke mahutsana ka tsela nngwe.

Fa e le gore o tlotla Baebele, ga go pelaelo gore o batla go itse gore e araba jang dipotso tse di latelang: (1) Meya e e boikepo e ka go gobatsa ka tsela efe? (2) A go dira ditlwaelo dingwe tsa setso go ka dira gore e go gobatse? (3) O ka bona kae tshireletso ya mmatota mme wa itumela?

Kafa Meya e e Boikepo e Gobatsang ka Gone

Baebele e senola gore meya e e boikepo e ka se nne meya ya baswi. Lefoko la Modimo la re: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa  e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Tota meya e e boikepo ke baengele ba batsuolodi ba ba ikopantseng le Satane go leka go tsietsa batho.—Tshenolo 12:9.

Dikwalo di bontsha sentle gore re tlhoka go sirelediwa mo meyeng e e boikepo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Efeso jaana: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le . . . mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa mmusi wa meya eno yotlhe e e boikepo e bong Satane Diabolo a tshwana le “tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—Baefeso 6:12; 1 Petere 5:8.

Satane o utlwisa batho botlhoko ka go ba tsietsa kgotsa go ba raela gore ba dire dilo tse di tla galefisang Modimo. Baebele ya re Satane “o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) O itira e kete ke moya o o sireletsang mme tota maikaelelo a gagwe a le boikepo. Satane o foufaditse megopolo ya batho gore ba se ka ba lemoga boammaaruri ka ene le boammaaruri ka Modimo. (2 Bakorintha 4:4) Boikaelelo jwa gagwe ke eng fa a tsietsa batho?

Satane o eletsa go obamelwa, mme o batla gore batho ba mo obamele, ba ka tswa ba itse kgotsa ba sa itse. Fa Jesu, Morwa Modimo a ne a le mo lefatsheng, Satane o ne a batla gore a ‘wele fa fatshe mme a mo obamele.’ Jesu o ne a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela.’” (Mathaio 4:9, 10) Jesu o ne a gana go dira sepe fela se se neng se tla bontsha gore o ikobela Satane.

Jehofa o na le maatla a a fetang meya yotlhe mme a ka se letle gore batho ba ba mo ikobelang ba utlwisiwe botlhoko ka bosakhutleng. (Pesalema 83:18; Baroma 16:20) Le fa go ntse jalo, fa e le gore re batla go itumedisa Jehofa Modimo jaaka Jesu, re tla tila tsela epe fela ya go ikobela Satane kgotsa madimona a gagwe. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go itse gore ke dingwao dife tse di bontshang go obamela meya e e boikepo. O ka dira seo jang?

Itse Meetlo E e Sa Itumediseng Modimo

Jehofa Modimo o ne a tlhagisa batho ba gagwe ba bogologolo Baiseraele gore ba se ka ba etsa ditlwaelo dingwe tsa ditšhaba tse di neng di bapile le bone. O ne a re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo . . . o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe.” Baebele e bua jaana ka batho ba ba neng ba dira meetlo eno: “Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10-12.

Ka jalo, fa o akanya ka meetlo e e atileng mo lefelong la lona, ipotse dipotso tse di latelang: A meetlo eno e kgothaletsa go dumela mo boloing? A e naya kgopolo ya gore dilo tse di sa tsheleng di ka re sireletsa ka kgakgamatso? A e akaretsa go loya batho ba bangwe kgotsa go kopa tshireletso mo ditaoleng? A e akaretsa go ikobela meya go na le go ikobela Jehofa kgotsa moemedi wa gagwe yo a mo tlhomileng e bong Jesu?—Baroma 14:11; Bafilipi 2:9, 10.

Go botlhokwa gore o tile meetlo epe fela e e kgothaletsang ditlwaelo tse di ntseng jalo. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa ga Jehofa le senwelo sa madimona.” O ile a tlhagisa gore ba ba lekang go itumedisa Modimo le meya e mengwe ba “tlhotlheletsa Jehofa gore a fufege.” (1 Bakorintha 10:20-22) Jehofa Modimo o batla boineelo jo bo feletseng e bile o tshwanelwa ke go bo newa.—Ekesodo 20:4, 5

Akanyetsa le potso eno: A moetlo oo o dira gore motho a nne le kgopolo ya gore ga a ikarabelele ka se a se dirang? Ka sekai, boaka le tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ga di amogelwe mo mafelong a le mantsi mme Baebele le yone e a go kgala. (1 Bakorintha 6:9, 10) Le fa go ntse jalo, mo ditsong dingwe tsa kwa Pacific ditlwaelo tseo di ka amogelwa fela fa mosetsana a  re o neilwe “moratiso,” * ke go re, a re o pateleditswe go tlhakanela dikobo ka gonne a loilwe.

Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta gore re a ikarabela ka se re se dirang. (Baroma 14:12; Bagalatia 6:7) Ka sekai, mosadi wa ntlha e bong Efa o ile a re o tsieditswe ke Satane go tlola molao wa Modimo fa a ne a re: “Noga—e ntsieditse mme ka ja.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mmona molato ka ntlha ya ditiro tsa gagwe. (Genesise 3:13, 16, 19) Mme le rona re a ikarabela ka se re se dirang.—Bahebera 4:13.

Ke Eng se o Tshwanetseng go se Dira?

Fa o batla go itumedisa Modimo le go tshela ka melaometheo ya Baebele o tshwanetse go dira sotlhe se o ka se kgonang go itshireletsa mo go Satane le mo madimoneng a gagwe. Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba neng ba nna kwa Efeso mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba re tlhomela sekao se se molemo mo ntlheng eno. Ba ne ba ikgaoganya le tlhotlheletso ya meya e e boikepo ka go phutha dibuka tsotlhe tsa tirisabadimo mme ba “di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.”—Ditiro 19:19.

Pele ba fisa dibuka tseo, batho bano ba ne “ba na le go tla mme ba ipobole ba bo ba bega ka phuthologo ditlwaelo tsa bone.” (Ditiro 19:18) E re ka ba ne ba amilwe pelo thata ke thuto ya ga Paulo e e kaga Keresete, ba ne ba tlhotlheletsega go fisa dibuka tsa bone tsa tirisabadimo. Gape ba ne ba fetola tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone ka mekgwa eo.

Ke boammaaruri gore, go tlogela mekgwa mengwe ya setso go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. James yo go builweng ka ene pelenyana o ne a lebana le kgwetlho eno. O ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a itumelela se a neng a se ithuta. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela go dirisa rarafono. Fa a sekaseka kafa a ikutlwang ka gone malebana le mekgwa eno, o ne a lemoga gore o ne a dumela ditsholofetso tsa ga Jehofa ka isagwe mme o ne a sa ntse a akanya gore o tshwanetse go tswelela a ikaega ka mekgwa ya tirisabadimo go itshireletsa.

Ke eng se se neng sa thusa James go fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone? A re: “Ke ne ka rapela Jehofa gore a ntshireletse le go nthusa gore ke mo ikanye. Mme ka yone nako eo ke ne ka tlogela mekgwa ya me ya tirisabadimo.” A o ne a tlhagelwa ke kotsi? James a re: “Nnyaa. Se se ileng sa direga fela ke gore ke ile ka ithuta go ikanya Jehofa. Ke ne ka lemoga kafa Jehofa a ka atamalanang thata le motho ka gone jaaka tsala.” Tota e bile, mo dingwageng tse supa tse di fetileng James e ntse e le modiredi wa nako e e tletseng, a thusa batho ba bangwe go ithuta se Baebele e se rutang.

Ke eng fa o sa etse sekao sa ga James? Sekaseka meetlo e e dirwang mo lefelong la lona mme o dirise ‘maatla a gago a go akanya’ go bona gore a e dumalana le “thato ya Modimo.” (Baroma 12:1, 2) Go tswa foo, nna pelokgale go ikgaoganya le mekgwa ya tumelabotlhodi. Fa o dira jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ‘go amogela’ le go go sireletsa. (2 Bakorintha 6:16-18) Fela jaaka James o tla lemoga gore tsholofetso eno ya Baebele e boammaaruri: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.”—Diane 18:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Lefoko leno le kaya go dirisa makakaba a sejalo sengwe se se kgethegileng kgotsa dijo go loya motho. Go tswa foo di newa mosetsana. Ga twe makakaba kgotsa dijo tseo di dira gore mosetsana a kgatlhegele monna. Mokgwa ono ga o tshwane le fa mosetsana a tsheletswe diokobatsi a sa itse a bo a patelediwa go tlhakanela dikobo. Mo maemong ao mosetsana ga a molato.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Korokoro”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Dr. Bakshi Jehangir

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Mosetsana o sela dijo tse di setseng gore a se ka a loiwa ka tsone