Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

A go kile ga direga gore Jerusalema e dikaganyediwe ka dikota tse di motsu, jaaka Jesu a ile a bolelelapele?

Jesu o ne a bua jaana mo boporofeting jwa gagwe jo bo kaga go senngwa ga Jerusalema: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba bo ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe.” (Luke 19:43) Mafoko ao a gagwe a ne a diragala ka ngwaga wa 70 C.E. fa Baroma, ba ba neng ba laetswe ke Titus, ba ne ba aga lobota go dikologa motse oo gore batho ba ba mo go one ba se ka ba bona dijo le dilwana tse dingwe. Ka go dira jalo Titus o ne a ikaeletse go dira dilo tse tharo—go thibela Bajuda gore ba se ka ba tshaba, go dira gore ba ineele le go dira gore baagi ba teng ba bolawe ke tlala.

Go ya ka mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus, fa go sena go dirwa tshwetso ya gore go agiwe lobota, mephato e e farologaneng ya masole le ditlhopha tse dinnye tsa sesole sa Roma di ne tsa gaisana go bona gore ke bomang ba ba neng ba tla fetsa pele karolo e ba neng ba e neilwe ya go aga lobota lo lo dikaganyetsang motse oo. Kwa ntlheng nngwe le nngwe go dikologa motse ka dikilometara di le 16, masole a Roma a ne a rema ditlhare tsotlhe gore a age logora lwa dikgong lo lo neng lo le boleele jwa dikilometara di le supa, mo go neng ga tsaya malatsi a le mararo fela go lo fetsa. Josephus a re ka ntlha ya seo “go ne go sa kgonege gore Bajuda ba ka tshaba.” Ka ntlha ya go agiwa ga logora lono lwa dikgong, go ne ga nna leuba, mo gare ga motse ditlhopha tse di farologaneng tsa batho di ne di lwa ka dibetsa mme di bolaana, mo e leng gore dikgwedi di le tlhano moragonyana motse oo o ne wa fenngwa ke Baroma.

A tota Kgosi Hesekia o ne a aga mogogoro o o tsenang mo Jerusalema?

Hesekia e ne e le kgosi ya Juda kwa bofelong jwa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., ka nako e ba neng ba lwa le Asiria e e maatla ka yone. Baebele e re bolelela gore o ne a dira ka natla go sireletsa baagi ba Jerusalema le go tlhomamisa gore ba nna le metsi ka nako ya ntwa. Nngwe ya ditiro tse a neng a di dira e ne e le go aga mogogoro o o neng o le boleele jwa dimetara di le 533, o o neng o tlisa metsi a motswedi mo motseng.—2 Dikgosi 20:20; 2 Ditiragalo 32:1-7, 30.

Mogogoro oo o ne wa ribololwa mo lekgolong la bo19 la dingwaga. O ne wa itsewe e le Mogogoro wa ga Hesekia kgotsa Mogogoro wa Siloame. Mo teng ga mogogoro ono go ne ga fitlhelwa mokwalo o o gabilweng o o neng o tlhalosa dikarolo tsa bofelo tsa go epololwa ga one. Popego le tsela ya go kwala ya mokwalo ono o o gabilweng e ne ya dira gore bontsi jwa bakanoki ba re mokwalo oo ke wa motlha wa ga Hesekia. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, bangwe ba ne ba re mogogoro oo o ne wa agiwa mo e ka nnang dingwaga di le 500 moragonyana. Ka 2003, setlhopha sa borasaense ba Iseraele ba ne ba gatisa dipholo tsa dipatlisiso tsa bone tse ka tsone ba neng ba ikaeletse go tlhomamisa letsatsi le le nepileng la mogogoro ono. Ba ne ba dira tshwetso efe?

Dr. Amos Frumkin wa Yunibesithi ya Sehebera ya Jerusalema a re: “Diteko tsa carbon-14 tse re di dirileng mo dilong tse di tswang mo ditsheding tse di fitlhetsweng mo bodilong jwa Mogogoro wa Siloame le mokgwa wa go tlhotlhomisa matlha a dilo wa uranium-thorium o o dirilweng mo matlapaneng a a bopegileng go tswa kwa godimo a a mo Mogogorong, di bontsha gore Mogogoro ono o ne wa agiwa mo motlheng wa ga Hesekia. Setlhogo sa lokwalopaka lwa saense e leng Nature se oketsa jaana: “Mefuta e meraro ya bosupi—mokgwa wa go tlhotlhomisa matlha a dilo wa radiometric, thuto ya mekwalo ya bogologolo le pego ya hisitori—yotlhe e dumalana ka letlha la 700 BC, e leng se se dirang gore go fitlha jaanong Mogogoro wa Siloame e nne kago ya Motlha wa Bogologolo e go buiwang ka yone mo Baebeleng e go tlhotlhomisitsweng letlha la yone go gaisa tsotlhe.”