Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Diphodiso Tsotlhe Tsa Kgakgamatso di Tswa Kwa Modimong?

A Diphodiso Tsotlhe Tsa Kgakgamatso di Tswa Kwa Modimong?

Babadi ba a Botsa

A Diphodiso Tsotlhe Tsa Kgakgamatso di Tswa Kwa Modimong?

Ga go pelaelo gore Jehofa Modimo o na le maatla a go fodisa. Mme gape, ga go pelaelo gore a ka naya baobamedi ba gagwe maatla ao. Ka sekai, mo motlheng wa baaposetoloi, go fodisa ka kgakgamatso e ne e le nngwe ya dimpho tse di kgethegileng tsa moya wa gagwe o o boitshepo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go bonatshega ga moya go newa mongwe le mongwe ka boikaelelo jo bo mosola. Ka sekai, yo mongwe o newa puo ya botlhale ka moya, . . . yo mongwe dimpho tsa diphodiso ka one moya o le mongwe oo, . . . yo mongwe go porofeta, . . . yo mongwe diteme tse di farologaneng.”—1 Bakorintha 12:4-11.

Le fa go ntse jalo, mo go lone lekwalo leo Paulo o ne a kwalela Bakorintha gape gore dimpho tsa dikgakgamatso tsa moya wa Modimo o o boitshepo di ne di tla fela. O ne a re: “Fa go na le dimpho tsa go porofeta, di tla nyelediwa; fa go na le diteme, di tla kgaotsa; fa go na le kitso, e tla nyelediwa.”—1 Bakorintha 13:8.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go fodisa ka kgakgamatso go ne go dirwa ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Mo motlheng wa baaposetoloi fa phuthego ya Bokeresete e sa ntse e simologa, dimpho tsa moya, go akaretsa bokgoni jwa go fodisa, di ne di dirwa ka boikaelelo jwa go galaletsa Modimo mme e ne e le sesupo sa go amogelwa ke Jehofa le sa gore o segofatsa phuthego eno ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Mme fa phuthego eno ya Bokeresete e setse e na le nako e tlhomilwe e ne e tla bontsha ka tumelo e e tlhomameng, tsholofelo le lorato gore e amogelwa ke Modimo mme e seng ka go dirisa dimpho tse di kgethegileng. (Johane 13:35; 1 Bakorintha 13:13) Ka jalo, mo e ka nnang ka ngwaga wa 100 C.E., diphodiso tsa kgakgamatso tse e neng e le sesupo sa go amogelwa ke Modimo, di ne tsa fedisiwa. *

Ka jalo, o ka nna wa ipotsa, ‘Ke ka ntlha yang fa re sa ntse re utlwa batho bangwe ba re ba fodisa ka kgakgamatso?’ Ka sekai, pego nngwe ya lokwalodikgang e ne ya bua ka monna yo go tweng o ne a tshwerwe ke kankere. O ne a na le ditlhagala mo tlhogong, mo diphilong le e leng mo teng ga marapo. O ne a se na tsholofelo ka isagwe, go fitlha letsatsi lengwe fa a ne a re Modimo o ile a “bua” le ene. Pego eno ya re, malatsi a le mmalwa moragonyana, kankere ya gagwe e ne ya nyelela.

Fa o utlwa ka kgang ya mofuta ono, ke eng o sa ipotse jaana: ‘A pego eno e boammaaruri? A go na le bosupi jo bo tlhomamisitsweng jwa gore selo se se ntseng jalo ruri se diregile? Mme le fa go ka bonala go le boammaaruri gore o fodisitswe, a Baebele e ruta gore diphodiso tsotlhe tse go bonalang e le tsa kgakgamatso tse di dirwang di dirwa ka maatla a Modimo?’

Karabo ya potso eno ya bofelo e botlhokwa thata. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Itiseng mo baporofeting ba maaka . . . Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla [dikgakgamatso] ka leina la gago?’ Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.”—Mathaio 7:15, 21-23.

Go bonala sentle gore diphodiso tse go tweng ke tsa dikgakgamatso di ka tswa go sele e seng kwa Modimong. Go tila go tsiediwa ke batho ba ba reng ba dira dikgakgamatso ka leina la Modimo, re tshwanetse go nna le kitso e e boammaaruri ka Modimo, go dirisa bokgoni jo Modimo a re fileng jone jwa go akanya le go ithuta tsela ya go lemoga ba ba dirang thato ya gagwe.—Mathaio 7:16-19; Johane 17:3; Baroma 12:1, 2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bonala fa go abelwa ga batho dimpho tsa moya le tsa go dira dikgakgamatso go ile ga fela gotlhelele fa baaposetoloi ba sena go swa.