Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Modimo o ne a leba jang mokgwa wa Baiseraele wa go dirisa tepodinaledi?

Go ya ka dikishinare nngwe tepodinaledi ke “go ithuta ka modikologo wa dipolanete, letsatsi, ngwedi le dinaledi mme go dumelwa gore modikologo ono o ka tlhotlheletsa matshelo a batho ka tsela nngwe.” Ngwaga le ngwaga fa lefatshe le dikologa letsatsi, masomosomo a dinaledi le one a lebega a dikologa. Go tloga mo metlheng ya bogologolo, batho ba ne ba ela tlhoko modikologo ono ba bo ba re o na le bokao jo bogolo mo go bone.

Go ka direga gore tepodinaledi e simolotswe ke Bababelona ba bogologolo, ba ba neng ba obamela dinaledi le masomosomo a dinaledi. Baiseraele ba ne ba simolola mofuta ono wa kobamelo fa ba ne ba fapoga mo kobamelong ya boammaaruri. Tepodinaledi e ne e aname thata mo lefatsheng fa go ne go busa Kgosi ya Juda e bong Josia. Tsela e Modimo a neng a leba dilo ka yone e ne e utlwala sentle. Go ya ka Molao wa ga Moshe o o neng wa kwalwa makgolokgolo a dingwaga pelenyana, motho yo o neng a obamela dinaledi o ne a tshwanetse go bolawa.—Duteronome 17:2-5.

Sengwe sa dilo tse Kgosi Josia a neng a di fetola mo kobamelong ya Bajuda, e ne e le go ba iletsa go ntshetsa “letsatsi le ngwedi le masomosomo a dinaledi a sodiake le masomosomo otlhe a magodimo” ditlhabelo. Pego ya Baebele ya re kgosi e ne ya tsaya kgato eno ka gonne e ne e batla “go sala Jehofa morago le go boloka ditaelo tsa gagwe.” (2 Dikgosi 23:3-5) Seo ke sekao se se molemo mo bathong ba gompieno ba batlang go obamela Modimo “ka moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:24.

“Bomorwa Seuse” ba ba umakilweng mo go Ditiro 28:11 e ne e le bomang?

Buka ya Baebele ya Ditiro ya re fa moaposetoloi Paulo a ne a ya kwa Roma, o ne a tsamaya ka mokoro go tswa kwa Maleta go ya kwa Puteoli mme mokoro oo o ne o na le setshwantsho sa logong se go neng go tshwantshitswe “Bomorwa Seuse” mo go sone. (Ditiro 28:11) Go dirisa ditshwantsho tsa “Bomorwa Seuse” go ne go tlwaelegile mo batsamaisadikepeng ba bogologolo le mo bathong ba ba neng ba tsaya loeto ka tsone.

Go ya ka tlhamane ya Bagerika le Baroma, Seuse (yo gape a neng a itsege e le Jupiter) le Leda ba ne ba na le mawelana a basimane a a neng a bidiwa, Castor le Pollux. “Bomorwa Seuse” bano, ba ne ba tsewa e le batsamaisadikepe ba ba nang le bokgoni jwa go laola phefo le makhubu. Ka jalo, ba ne ba obamelwa e le medimo e e neng e sireletsa batsamaisadikepe. Batho ba ba neng ba tsaya loeto ka sekepe ba ne ba e ntshetsa ditlhabelo mme ba kopa gore e ba sireletse mo difefong. Go ne go tlwaelegile go dumela gore medimo eno ya mawelana e ne e iponatsa le go bontsha maatla a yone a a sireletsang e le molelo wa ga St. Elmo, tlhase ya molelo e ka dinako dingwe e bonalang mo dipinagareng tsa dikepe fa go na le sefefo.

Go obamela Castor le Pollux go ne go aname thata mo Bagerikeng le mo Baromeng e bile leboko lengwe la bogologolo le na le bosupi jwa gore mofuta ono wa kobamelo o ne o dirwa mo kgaolong yotlhe ya Kurene, kwa Afrika Bokone. Mokoro o o umakiwang mo go Ditiro o ne o tswa gaufi le Alexandria, kwa Egepeto.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Leje le le gabilweng la Bababelona le go tshwantshitsweng Kgosi Nazimaruttash le masomosomo a dinaledi mo go lone

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ledi la tshipi la dinario le go tshwantshitsweng “Bomorwa Seuse” mo go lone, 114-113 B.C.E.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Stela: Réunion des Musées Nationaux/Art Resource, NY; coin: Courtesy Classical Numismatic Group, Inc./cngcoins.com