Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Lalediwa ka Lorato

O Lalediwa ka Lorato

GONGWE o kile wa feta kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona mme wa ipotsa gore ba dira eng mo teng ga yone. A o ne o itse gore mongwe le mongwe yo o ratang a ka nna gone mo dipokanong tsa bone tse ba di tshwarang beke le beke? Baeng ba amogelwa ka diatla tsoopedi.

Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa dipotso dingwe. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba kopana mmogo? Go direga eng kwa dipokanong tseno? Mme ke eng se baeng ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba se buang ka dipokano tseno?

“Phutha Batho”

Fa e sa le mo metlheng ya bogologolo, batho ba ntse ba phuthega mmogo go obamela Modimo le go ithuta ka ene. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, Baiseraele ba ne ba bolelelwa jaana: “[Phuthang] batho, banna le basadi le ba bannye le moagi wa gago wa moeng yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba reetse le gore ba ithute, e re ka ba tshwanetse go boifa Jehofa Modimo wa lona le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao ono.” (Duteronome 31:12) Ka jalo, kwa Iseraele, bana le bagolo ba ne ba rutiwa go obamela Jehofa Modimo le go mo ikobela.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, dipokano di ne tsa tswelela e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana.” (Bahebera 10:24, 25) Fela jaaka kamano ya lelapa e nonofa fa lelapa le fetsa nako mmogo, lorato lwa batho ba ba batlang go direla Modimo le lone lo a nonofa fa ba kopanela mmogo le Bakeresete mo kobamelong.

Go dumalana le dikai tseno tsa Dikwalo, Basupi ba ga Jehofa ba kopanela mmogo kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi gabedi ka beke. Dipokano tseno di thusa batho ba ba nnang gone go lemoga botlhokwa jwa melaometheo ya Baebele, go e tlhaloganya le go e dirisa mo matshelong a bone. Fa go kgonega, dipokano tseno di tshwarwa ka tsela e e tshwanang mo lefatsheng lotlhe mme pokano nngwe le nngwe e na le boikaelelo jo bo rileng. Pele ga dipokano le morago ga tsone, batho ba ba nnang gone ba ‘kgothatsana’ ka metlotlo e e agang. (Baroma 1:12) Go direga eng mo go nngwe le nngwe ya dipokano tseno?

Puo ya Baebele

Puo ya Baebele

Pokano ya ntlha e batho ba le bantsi ba nnang mo go yone ke ya puo ya Baebele ya batho botlhe e gantsi e tshwarwang ka mafelobeke. Gantsi Jesu Keresete o ne a neela dipuo tsa phatlalatsa—nngwe ya tsone ke Thero e e itsegeng thata ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:1; 7:28, 29) Moaposetoloi Paulo o ne a bua le banna ba kwa Athena. (Ditiro 17:22-34) Go latela sekao seo, dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di na le puo e segolobogolo e diretsweng batho botlhe, ba gongwe bangwe ba bone e ka tswang e le la ntlha ba nna gone mo pokanong eno.

Pokano eno e simololwa ka pina e e tswang mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako. * Botlhe ba ba ratang go ema le go opela ba gololesegile go dira jalo. Morago ga thapelo e khutshwane, sebui se se tshwanelegang se neela puo ya metsotso e le 30. (Bona lebokoso la “ Dipuo Tse di Solegelang Batho Botlhe Molemo.”) Puo ya gagwe e theilwe mo Baebeleng. Gangwe le gape sebui se kopa bareetsi go leba ditemana tse di rileng le go tsamaisana le sone fa di se bala. Ka jalo, o ka tla le Baebele ya gago fa o rata kgotsa o ka kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go neye Baebele pele dipokano di simolola.

Thuto ya Tora ya Tebelo

Thuto ya “Tora ya Tebelo”

Mo diphuthegong di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa, morago ga puo ya phatlalatsa go latela Thuto ya Tora ya Tebelo, e leng motlotlo wa dipotso le dikarabo o o tshwarwang ka ura e le nngwe go tlotliwa ka setlhogo sengwe sa Baebele. Pokano eno e kgothaletsa botlhe ba ba leng gone go latela sekao sa Baberea ba motlha wa ga Paulo, ba ba neng ba “amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko.”—Ditiro 17:11.

Thuto ya Tora ya Tebelo e simolola ka pina. Tshedimosetso e go tlotliwang ka yone le dipotso tse di bodiwang ke motshwari wa Thuto eno ya Tora ya Tebelo di tlhagelela mo kgatisong e e ithutiwang ya makasine oo. O ka amogela khopi ya makasine o o ithutiwang mo go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ditlhogo tse go sa tswang go tlotliwa ka tsone bosheng jaana ke tseno: “Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato,” “O se Ka wa Busetsa Ope Bosula ka Bosula” le “Lebaka La go Bo Pogo Yotlhe e Tla Tloga e Fela.” Le fa pokano eno e tshwarwa ka tsela ya dipotso le dikarabo, bareetsi ba ithaopela go tsaya karolo mme gantsi go akgela ba ba badileng le go akanya ka setlhogo le ditemana tse di tshegetsang se go tlotliwang ka sone. Pokano eno e konelwa ka pina le thapelo.—Mathaio 26:30; Baefeso 5:19.

Thuto ya Baebele ya Phuthego

Thuto ya Baebele ya Phuthego

Mo maitseboeng mangwe beke le beke, Basupi ba ga Jehofa ba kopana gape kwa Holong ya Bogosi go tla go reetsa thulaganyo ya dikarolo di le tharo e e tsayang ura e le nngwe le metsotso e le 45. Karolo ya ntlha ke Thuto ya Baebele ya Phuthego, e e tsayang metsotso e le 25. E thusa ba ba nnang gone gore ba itse Baebele le go fetola tsela e ba ikutlwang le e ba akanyang ka yone le gore ba gatele pele e le balatedi ba ga Keresete. (2 Timotheo 3:16, 17) Fela jaaka Thuto ya Tora ya Tebelo, pokano eno le yone ke motlotlo wa dipotso le dikarabo o o theilweng mo setlhogong sengwe sa Baebele. Ba ba akgelang mo pokanong eno ba dira jalo ka go rata. Gantsi go dirisiwa dibuka kgotsa diboroutšhara tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa go ithuta Baebele.

Ke ka ntlha yang fa go dirisiwa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng kwa pokanong eno? Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go bala Lefoko la Modimo fela go ne go sa lekana. ‘Le ne le tlhalosiwa ka botlalo, gape le ne le dirwa gore le nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.’ (Nehemia 8:8) Mo dingwageng tsa bosheng, dikgatiso tse di tlhalosang buka ya Isaia, Daniele le Tshenolo di thusitse ba ba nnang gone mo pokanong eno gore ba tlhaloganye dikarolo tseno tsa Baebele.

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Morago ga Thuto ya Baebele ya Phuthego, go latela Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Pokano eno ya metsotso e le 30 e diretswe go thusa Bakeresete go nna le “botswerere jwa go ruta.” (2 Timotheo 4:2) Ka sekai, a ngwana wa gago kgotsa tsala ya gago e kile ya go botsa potso ka Modimo kgotsa ka Baebele mme wa fitlhela go le thata go mo araba? Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ka go ruta go araba dipotso tse di thata ka tsela e e molemo o dirisa Baebele. Ka jalo, re ka nna le maitemogelo a a tshwanang le a ga moporofeti Isaia yo o neng a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nneile loleme lwa ba ba rutilweng, gore ke tle ke itse kafa ke arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko.”—Isaia 50:4.

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se simolola ka puo e e theilweng mo karolong nngwe ya Baebele e batho ba ba neng ba le gone mo bekeng e e fetileng ba neng ba kgothalediwa go e bala. Morago ga moo, sebui se tla kopa bareetsi gore ba akgele ka bokhutshwane ka se se ba solegetseng molemo mo mmalong oo. Mme morago ga puisano eno, baithuti ba ba ikwadisitseng mo sekolong seno ba neela dipuo tse ba di abetsweng.

Baithuti ba abelwa karolo nngwe ya Baebele gore ba e bale ba le kwa seraleng kgotsa gore ba bontshe kafa ba ka rutang motho yo mongwe thuto nngwe ya Baebele ka gone. Morago ga puo nngwe le nngwe, mogakolodi yo o nang le maitemogelo o akgola moithuti ka ntlha nngwe e a dirileng sentle mo go yone a theile dikakgelo tsa gagwe mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Moragonyana fa ba le kwa thoko, a ka naya moithuti yoo dikakantsho tsa kafa a ka tokafatsang ka gone.

Thulaganyo eno e e sa tseyeng nako ga e a direlwa go thusa fela moithuti mme le botlhe ba ba leng gone ba ba ratang go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bala, go bua le go ruta. Fa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se sena go konelwa, Pokano ya Tirelo e tla simololwa ka pina e e theilweng mo Baebeleng.

Pokano ya Tirelo

Pokano ya Tirelo

Karolo ya bofelo ya thulaganyo eno ke Pokano ya Tirelo. Ba ba nnang gone mo pokanong eno ba ithuta go ruta boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e nang le matswela ka dipuo, dipontsho, dipotsolotso le dikakgelo tsa bareetsi. Pele Jesu a romela barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne a ba kokoanya mme a ba naya ditaelo ka botlalo. (Luke 10:1-16) E re ka jaanong ba ne ba ipaakantse ka botlalo go dira tiro ya go rera, ba ne ba nna le maitemogelo a mantsi a a itumedisang. Moragonyana balatedi bano ba ga Jesu ba ne ba tlisa pego kwa go ene. (Luke 10:17) Gantsi barutwa bano ba ne ba bolelelana se se diragetseng fa ba rera.—Ditiro 4:23; 15:4.

Thulaganyo ya metsotso e le 35 ya Pokano ya Tirelo e tlhagelela mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya kgwedi le kgwedi. Ditlhogo tse go tlotlilweng ka tsone bosheng jaana ke tseno: “Go Obamela Jehofa Jaaka Lelapa,” “Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape,” le “Etsa Keresete mo Bodireding Jwa Gago.” Thulaganyo eno e konela ka pina mme mokaulengwe yo e leng leloko la phuthego o abelwa go tswala ka thapelo.

Se Baeng ba se Buileng

Diphuthego di leka ka natla go dira gore mongwe le mongwe a ikutlwe a amogelesegile. Ka sekai, Andrew o kile a utlwa go buiwa dilo di le dintsi tse di sa siamang ka Basupi ba ga Jehofa. Mme le fa go ntse jalo, o ne a gakgamadiwa ke tsela e a neng a amogelwa ka yone fa a ne a le gone mo pokanong ka lekgetlo la ntlha. Andrew a re: “Go ne go itumedisa go nna gone mo lefelong le le ntseng jalo. Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e batho ba neng ba le botsalano ka yone le kafa ba neng ba nkgatlhegela ka gone.” Mosha mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome wa kwa Canada e bong Ashel, o dumalana le seo. A re: “Pokano e ne e itumedisa tota! Go ne go le motlhofo go tlhaloganya se se neng se rutiwa.”

José yo o nnang kwa Brazil, o ne a itsege mo motseng wa gagabo e le motho yo o dikgoka. Le fa go ntse jalo, o ne a lalediwa go tla pokanong nngwe kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la bone. A re: “Batho ba ba neng ba le kwa Holong ya Bogosi ba ne ba nkamogela ka lorato, le fa gone ba ne ba itse kafa ke neng ke itshwara ka gone mo nakong e e fetileng.” Atsushi yo o nnang kwa Japane o gakologelwa jaana: “Ke boammaaruri gore fa ke ne ke le kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka lekgetlo la ntlha, ke ne ke ikutlwa ke sa phuthologa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore batho bano ba tshwana fela le batho ba bangwe. Ba ne ba leka go dira gore ke ikutlwe ke phuthologile.”

O Amogelwa ka Diatla Tsoopedi

Fela jaaka dikakgelo tse di fa godimo di bontsha, go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi go ka nna le matswela a a molemo. O tla ithuta ka Jehofa Modimo mme ka ditaelo tse di theilweng mo Baebeleng tse o tla di bonang fa o le koo, o tla go ruta “gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17.

Go tsenwa mahala mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa e bile ga go tsewe koleke. A o ka rata go nna teng mo pokanong nngwe kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona? O lalediwa ka lorato gore o nne teng.

^ ser. 10 Dikgatiso tsotlhe tse di umakiwang mo setlhogong seno di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.