Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O se Ka wa Lebala Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo le ka Motlha”

“O se Ka wa Lebala Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo le ka Motlha”

 “O se Ka wa Lebala Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo le ka Motlha”

Jaaka go boletse Jacob Neufeld

“Le fa go ka direga eng, le ka motlha o se ka wa lebala bodiredi jwa ntlo le ntlo.” Ke ne ka tsamaya dikilometara di le tlhano go ya kwa motseng o o fa gaufi, mafoko ao a ntse a duma mo tlhogong ya me. Fa ke goroga koo, ke ne ke sena bopelokgale jwa go tsena mo ntlong ya ntlha. Morago ga maiteko a le mmalwa, ke ne ka tsena mo sekgweng mme ka rapela Modimo ka tlhoafalo gore a nneye bopelokgale jwa go rera. Kgabagare ke ne ka kgona go boela kwa ntlong ya ntlha mme ka ba rerela.

GO TLILE jang gore ke feleletse ke le mo motseng ono o o mo sekakeng sa Paraguay kwa ke neng ke leka go rera ke le nosi gone? Mma ke go bolelele se se diragetseng kwa tshimologong. Ke tshotswe ka November 1923 mo motseng mongwe wa kwa Ukraine o o bidiwang Kronstalʹ, mo koloneng ya Jeremane ya Ba-Menno. Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1700, Ba-Menno ba ne ba fudugela kwa Ukraine ba tswa kwa Jeremane mme ba ne ba na le ditshwanelo dingwe, tse di akaretsang kgololesego ya go obamela (mme e seng gore ba gatelele ba bangwe go tsena mo kobamelong ya bone), go ipusa le go sa tsenele ditirelo tsa sesole.

Fa Lekoko la Bokomonisi le tsaya puso, le ne la fedisa ditshwanelo tseo tsotlhe. Kwa bofelong jwa bo1920, dipolasi tse dikgolo tsa Ba-Menno di ne tsa fetolwa gore di laolwe ke puso. Batho ba ne ba bolaisiwa tlala go fitlha ba dira se puso e se batlang, mme fa ba ne ba gana go dira jalo ba ne ba otlhaiwa botlhoko. Mo dingwageng tsa bo1930, banna ba le bantsi ba ne ba tsewa ke mapodise a sephiri a KGB (Komiti ya Sepodisi ya Puso ya Soviet). Gantsi ba ne ba tshwarwa go le bosigo, go fitlha go sala ba se kae fela mo metseng e le mentsi. Rre le ene o ne a tsewa jalo ka 1938 fa ke ne ke na le dingwaga di le 14 mme ga ke a ka ka tlhola ke mmona kgotsa go utlwa sepe go tswa kwa go ene. Morago ga dingwaga di le pedi, nkgonne le ene o ne a tsewa.

Ka 1941 masole a ga Hitler a ne a gapa Ukraine. Re ne re golotswe mo pusong ya Bakomonisi. Le fa go ntse jalo, malapa a le robedi a Bajuda ba ba neng ba nna mo motseng wa rona a ne a nyelela mme re ne re sa itse kwa a isitsweng gone. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore ke ipotse dipotso tse di sa feleng. Ke ka ntlha yang fa dilo tseno di ne di diragala?

Go Ikanyega Go ne Ga Boloka Botshelo Jwa Me

Ka 1943 masole a Jeremane a ne a ikgogela morago, mme ba tsaya bontsi jwa malapa a Bajeremane—go akaretsa le ba lelapa la me ba ba neng ba setse—gore ba thuse mo ntweng. Ka nako eo, ke ne ke setse ke tsentswe mo sesoleng mme ke abetswe go dira mo sesoleng sa Jeremane sa SS (Schutzstaffel, batlhokomedi ba maemo a a kwa godimo  ba ga Hitler) kwa Romania. Ka nako eno go ne ga diragala sengwe se se sa reng sepe se se neng sa fetola botshelo jwa me fela thata.

Molaodi wa setlhopha se ke neng ke le mo go sone o ne a batla go bona gore a ke a ikanyega. O ne a re ke ise diaparo tsa gagwe tsa sesole kwa lefelong la go tlhatswa diaparo. Ke ne ka fitlhela madi mo go nngwe ya dipotla tsa gagwe. Fa ke a busetsa kwa go ene, o ne a re o ne a sa tsenya sepe mo diaparong tsa gagwe tsa sesole. Ke ne ka mmolelela ke tiisitse gore madi ao a tswa mo potleng ya gagwe. Moragonyana ke ne ka dirwa mothusi wa gagwe le go abelwa tiro ya mo ofising, go abela badisa tiro le go tlhokomela madi a setlhopha sa rona.

Bosigo bongwe masole a Russia a ne a tsaya ka dikgoka setlhopha sotlhe kwantle ga me; ke ne ke setse kwa tirong ke feleletsa tiro ya molaodi wa sesole. Go ya kafa ke itseng ka gone, e ne e le nna fela yo o neng a sa tshwarwa mme seo e le ka go bo ke ile ka ikanyega le ka go bo ke ne ke neilwe tiro eo e e kgethegileng. Go seng jalo le nna nkabo ke ile ka tshwarwa.

Ka jalo, ka 1944, ka tshoganyetso ke ne ka laelwa gore ke se ka ka tla tirong go fitlha ba mpitsa gape. Ke ne ka boela gae go etela mmè. Fa ke ntse ke letile gore ba mpitse gape, ke ne ka ithuta go aga ka maje le ditena, mme moragonyana thapiso eo e ne ya ntsholegela molemo. Ka April 1945 masole a Amerika a ne a gapa toropo ya rona e e gaufi le Magdeburg. Ntwa e ne ya fela kgwedi morago ga moo. Re ne re sa ntse re tshela. Isagwe ya rona e ne e bonala e solofetsa.

Letsatsi lengwe ka June, re ne ra utlwa kitsiso e e neng e dirwa ke modiredi wa puso ka sebuelagodimo, “Masole a Amerika a boetse morago maabane bosigo, mme masole a Russia a tla goroga ka 11:00 a.m. gompieno.” Re ne ra itlhoboga fa re lemoga gore re ne re gaeletswe gape mo lefelong le le laolwang ke Bakomonise. Ka bonako nna le ntsalake re ne ra simolola go rulaganya go tshaba. Mo bogareng jwa selemo re ne re setse re kgabaganyeditse mo lefelong le le laolwang ke Maamerika. Mme ka November, re ne ra tsena gape mo lefelong le le laolwang ke Ma-Russia mme ra tlodisa bamalapa a rona molelwane ka sephiri. Go dira jalo go ne go se motlhofo e bile go ka re tsenya mo kotsing.

“O Reetse ka Kelotlhoko Thata Mme o Bapise Le se O se Ithutileng”

Re ne ra nna mo lefelong le ka nako eo le neng le bidiwa Jeremane Bophirima. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go rata Baebele. Ka Bosontaga ke ne ke tle ke ye kwa sekgweng go ya go bala Baebele, mme ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse ke neng ke di bala tse go lebegang di ne di diragetse bogologolo thata. Gape ke ne ke ya kwa ditlelaseng tsa bodumedi tsa katekasima go ipaakanyetsa go kolobediwa gore ke nne Mo-Menno. Ke ne ka gakgamala fa ke bona mo bukeng ya katekasima mafoko a a reng: “Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya o o Boitshepo ke Modimo,” go bo go latela potso e e reng: “A go na le Medimo e le meraro?” Karabo e e neng e kwadilwe fa tlase e ne e re: “Nnyaa, boraro jono ke selo se le sengwe.” Ke ne ka botsa moruti gore seo se ne se ka kgonega jang. O ne a nthaya a re, “Lekau, motho ga a tshwanela go akanya thata ka dilo tseno; bangwe ba ile ba tsenwa ka ntlha ya go akanya thata ka tsone.” Ka yone nako eo, ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka kolobediwa.

Morago ga malatsi a le mmalwa ke ne ka utlwa motho mongwe a bua le ntsalake. Ka ke ne ke batla go itse, ke ne ka tsaya karolo mo motlotlong wa bone mme ka botsa dipotso di le mmalwa. Ka nako eo ke ne ke sa itse gore motho yono e ne e le Erich Nikolaizig, yo o neng a tswa kwa kampeng ya pogisetso ya Wewelsburg. O ne a mpotsa gore a ke batla go tlhaloganya Baebele. Fa ke dumela, o ne a ntlhomamisetsa gore sengwe le sengwe se a neng a tla nthuta sone se ne se le teng le mo Baebeleng ya me.

Fa Erich a sena go nketela makgetlo a se kae, o ne a ntaletsa go ya kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, e ke akanyang gore e ne e le yone ya ntlha go rulaganngwa morago ga ntwa. Ke ne ke kgatlhegile tota mme ka kwala ditemana tsotlhe tse di neng di balwa kgotsa di umakiwa ke dibui. Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore go itse se Baebele e se rutang go lere maikarabelo a a rileng, mme ke ne ka swetsa gore ke tlogele go ithuta Baebele. Gape go ne go le boima go tlhaloganya gore go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri. Fa Erich  a lemoga gore ke ne ke ikemiseditse go boela kwa kerekeng e ke neng ke e tsena pele, o ne a nkgakolola jaana, “O reetse ka kelotlhoko thata, mme o bapise le se o se ithutileng.”

Ke ne ka etela baruti ba kereke ya me makgetlo a le mabedi fela mme ka lemoga gore ba ne ba sa itse se ba neng ba se bua le gore ba ne ba sa rute boammaaruri gotlhelele. Ke ne ka kwalela baruti ba le mmalwa mme ka ba botsa dipotso ka Baebele. Yo mongwe o ne a araba jaana, “Ga o a tshwanela go ithuta Baebele ka gonne ga o ise o tsalwe sesha.”

Lekgarebe le ke neng ke ratana le lone le ne la mpateletsa go dira tshwetso e e boima. E ne e le leloko la lekoko le le neng le tsetswe sesha la Ba-Menno. O ne a ineela fa a ne a gatelelwa ke ba lelapa la gaabo, ba ba neng ba tlhoile Basupi ba ga Jehofa, mme a mpolelela gore fa ke sa tlogele bodumedi jono jo bosha, o ne a tla ntlogela. Ka nako eo, ke ne ke setse ke tlhaloganya boammaaruri sentle mo ke neng ke itse gore go na le tshwetso e le nngwe fela e ke tshwanetseng go e dira—ke ne ka kgaogana le ene.

Go ise go ye kae Erich o ne a nketela gape. O ne a re go na le batho ba ba tlileng go kolobediwa mo bekeng e e latelang mme a mpotsa gore a le nna nka rata go kolobediwa. Ke ne ke dirile tshwetso ya gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri mme ke ne ke batla go direla Jehofa Modimo. Ka jalo, ke ne ka dumela mme ka kolobediwa mo bateng ka May 1948.

Moragonyana fela fa ke sena go kolobediwa, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Paraguay, e e kwa Borwa jwa Amerika, mme Mmè o ne a nkopa gore ke tsamaye le bone. Ke ne ke sa batle go tsamaya ka gonne ke batla go tswelela ke ithuta Baebele le go thapisiwa. Fa ke ne ke etetse ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Wiesbaden, ke ne ka kopana le August Peters. O ne a nkgopotsa boikarabelo jwa me jwa go tlhokomela lelapa la gaetsho. Gape o ne a nkgakolola  jaana: “Le fa go ka direga eng, le ka motlha o se ka wa lebala bodiredi jwa ntlo le ntlo. Fa o ka bo lebala, o tla bo o tshwana fela le maloko a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete.” Go fitlha gompieno, ke lemoga botlhokwa jwa kgakololo eo le lebaka la go bo ke tshwanetse go rera “ka ntlo le ntlo.”—Ditiro 20:20, 21.

Ba ne Ba Mpitsa “Moporofeti wa Maaka” Kwa Paraguay

Morago ga go kopana le August Peters, ke ne ka palama sekepe go ya kwa Borwa jwa Amerika le lelapa la gaetsho. Re ne ra feleletsa re le kwa kgaolong ya Gran Chaco ya Paraguay, e le yone e neng e le kolone ya Ba-Menno. Morago ga dibeke di le pedi re sena go goroga, ke ne ka tsamaya ke le esi go ya kwa motseng o o fa gaufi go ya go rera. Dikgang di ne tsa anama ka bonako tsa gore go ne go na le “moporofeti wa maaka” mo bathong ba ba neng ba sa tswa go goroga.

Jaanong thapiso e ke neng ke e bone ya go nna moagi wa maje le ditena, e ne ya ntsholegela molemo. Lelapa lengwe le lengwe la batho ba ba neng ba fudugetse koo le ne le tlhoka ntlo, mme matlo ano a ne a agiwa ka ditena tse di dirilweng ka letsopa le le tlhakaneng le lotlhaka mme a rulelwa ka bojang. Mo dikgweding di le thataro tse di neng tsa latela ke ne ke na le tiro e ntsi ya go aga le ditshono tsa go rera le fa ke ne ke se mo bodireding. Batho ba ne ba le botsalano, mme fa ntlo ya bone e sena go fela, ba ne ba itumelela gore ga ba kitla ba tlhola ba mpona gape.

Le fa go ntse jalo, batshabi ba Ba-Menno ba le bantsi ba ba tswang kwa Jeremane ba ne ba goroga ka dikepe. Mo gare ga bone go ne go na le lekgarebe lengwe le le bidiwang Katerina Schellenberg, yo o neng a buisana le Basupi ka lobakanyana mme ka bonako fela o ne a lemoga gore ba ruta boammaaruri jwa Baebele. Le fa a ne a ise a kolobediwe, fa a ne a le mo sekepeng o ne a re ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya seo, ga a ka a letlelelwa go tswelela ka loeto lwa gagwe go ya kwa koloneng ya Jeremane. O ne a sala a le esi kwa Asunción, e leng motsemogolo wa Paraguay, a bona tiro ya go tlhokomela legae, a ithuta Se-Spain, a kopana le Basupi mme a kolobediwa. Ka October 1950, lekgarebe leo le le pelokgale le ne la nna mosadi wa me. O ne a nkema nokeng le go nthusa mo dilong tsotlhe tse re neng ra lebana le tsone mo dingwageng di le dintsi.

Mo lobakeng lo lokhutshwane ke ne ka boloka madi a a lekaneng gore nka reka dipitse tse pedi le kolotsana, mme ke ne ka di dirisa mo tirong ya go rera, ka metlha ke gakologelwa kgakololo ya ga Mokaulengwe Peters. Ka nako eo, kgaitsadiake yo le ene e neng e le Mosupi o ne a tsamaya le rona. Gantsi rotlhe re ne re tsoga mo mosong ka 4:00 a.m., re bo re tsamaya diura di le nnè, re rera diura di le pedi kgotsa di le tharo mme re bo re boela gae.

Ke ne ke badile mo dibukeng tsa rona gore dipuo tsa phatlalatsa di ne di neelwa, ka jalo ke ne ka rulaganya go neela nngwe. Ke ne ke ise ke nne gone kwa dipokanong tsa phuthego tsa kwa Jeremane, ka jalo, ke ne ka fopholetsa fela kafa puo eo e tshwanetseng go neelwa ka gone mme ke ne ka bua ka Bogosi jwa Modimo. Batho ba le robedi ba ne ba nna gone kwa pokanong eo, mme seo se ne sa galefisa baruti ba Kereke ya Ba-Menno. Ba ne ba rulaganya letsholo la go phutha dibuka tsotlhe tsa Baebele tse re neng re di tlogeletse batho, mme ba ba laela gore ba se ka ba re dumedisa.

Morago ga moo, ke ne ka bilediwa kwa ntlokgolong ya batsamaisi ba kolone eo mme motsamaisi le baruti ba babedi ba ba etileng go tswa kwa Canada ba ne ba mpotsa dipotso ka diura di le mmalwa. Kgabagare, mongwe wa bone o ne a re, “Lekau, o ka dumela sengwe le sengwe se o batlang go se dumela, mme o tla tshwanela ke go re solofetsa gore ga o kitla o bua le batho ka tumelo ya gago.” Ke ne nka se ba solofetse seo. Ka jalo, ba ne ba mpolelela gore ke tswe mo koloneng ka gonne ba ne ba sa batle “moporofeti wa maaka” mo “bakaulengweng ba ba ikanyegang.” Fa ke ne ke gana, ba ne ba re ba tla duelela lelapa lotlhe la me sepalangwa. Ke ne ka gana go tsamaya.

Ka selemo seo ka 1953, ke ne ka ya kwa kopanong kwa Asunción. Fa ke le koo ke ne ka buisana le Nathan Knorr, yo o neng a tswa kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New  York. O ne a akantsha gore ke fudugele kwa motsemogolong mme ke bereke le setlhopha se sennye sa barongwa ba ba neng ba abetswe go dira koo, segolobogolo e re ka tiro ya rona ya go rera mo koloneng ya Ba-Menno e ne e se na matswela a le kalo.

Go Baya Bogosi Jwa Modimo Kwa Pele

Ka nako eo go ne go na le Basupi ba ka nna 35 fela mo Paraguay. Ke ne ka buisana le mogatsake, mme le fa a ne a sa itumelela go fudugela kwa motseng o mogolo, o ne a ikemiseditse go simolola botshelo sesha. Ka 1954, nna le Katerina re ne ra aga ntlo ya ditena—re le babedi fela mme re dira seo ka nako e re sa direng sepe ka yone. Ga re ise re ko re foswe ke dipokano mme ka metlha re ne re bua le batho ka Baebele ka mafelobeke.

Nngwe ya ditshiamelo tse ke neng ka nna le tsone e ne e le go tsamaya le molebedi wa potologo, modiredi yo o etang, go nna moranodi wa gagwe fa a etela dikolone dingwe tsa batho ba ba buang Sejeremane kwa Paraguay. E re ka ke ne ke itse Se-Spain go se kae fela, kabelo e e boima go gaisa tse nkileng ka di amogela ke fa ke ne ke ranolela puo go tswa mo Se-Spain go ya mo Sejeremaneng ka lekgetlo la ntlha.

Ka 1957 re ne ra fudugela kwa Canada ka gonne mosadi wa me o ne a lwala. Mme ka 1963, re ne ra fudugela kwa United States. Gongwe le gongwe kwa re neng re le gone re ne re leka ka dinako tsotlhe go baya dilo tsa Bogosi kwa pele mo botshelong jwa rona. (Mathaio 6:33) Ke leboga Jehofa Modimo fela thata ka go bo a ile a dira gore ke ithute boammaaruri jo bo mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele, fa ke ne ke sa ntse ke le lekau. Thapiso ya Baebele e ke e amogetseng e ile ya nthusa ka ditsela di le dintsi mo botshelong jwa me jotlhe!

Ke nnile le tshiamelo e kgolo ya go thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jo bo kgatlhang jwa Baebele jo bo ileng jwa nkgomotsa fela thata. Ke itumelela thata gore banake botlhe le ditlogolwana di solegelwa molemo ke thapiso ya Baebele e ba neng ba e amogela go tloga boseeng. Botlhe ba latela kgakololo ya ga Mokaulengwe Peters, yo o neng a nthaya jaana bogologolo, “Le fa go ka direga eng, le ka motlha o se ka wa lebala bodiredi jwa ntlo le ntlo.”

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Ke itumelela thata go bona banake botlhe le ditlogolwana di solegelwa molemo ke thapiso ya Baebele e ba neng ba e amogela go tloga boseeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Nna le Katerina pele ga lenyalo la rona ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Re na le ngwana wa rona wa ntlha kwa legaeng la rona kwa Paraguay, ka 1952

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le ba losika gompieno

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by Keith Trammel ©  2000

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Photo by Keith Trammel © 2000