Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa go Mafoko a a Neng a Buiwa—Go ya Go Mekwalo e e Boitshepo

Go Tswa go Mafoko a a Neng a Buiwa—Go ya Go Mekwalo e e Boitshepo

 Go Tswa go Mafoko a a Neng a Buiwa—Go ya Go Mekwalo e e Boitshepo

DIKOKOMANA di le dintsi tsa batho ba e leng badumedi ba ne ba fetsa nako e ntsi ba bala, ba ithuta le go sekaseka mengwe ya mekwalo e e tumileng go gaisa yotlhe e e kileng ya kwalwa—Tesetamente e Ntšha, jaaka gantsi Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bidiwa. Mekwalo eo mmogo le Baebele e feletse, e ile ya tlhotlheletsa thata tsela e batho ba tshelang ka yone, tsela e ba itshwarang ka yone, mme ya bo ya tlhotlheletsa bakwadi ba dibuka le bataki. Mo godimo ga moo, e ile ya thusa batho ba le dimilionemilione—gongwe le wena—gore ba nne le kitso ya boammaaruri ka Modimo le Jesu.—Johane 17:3.

Diefangele mmogo le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tsotlhe, ga di a ka tsa kwalwa morago fela ga loso lwa ga Jesu. Go lebega Mathaio a ne a kwala Efangele ya gagwe dingwaga di ka nna 7 kgotsa 8 morago ga loso lwa ga Jesu mme Johane ene o ne a kwala ya gagwe morago ga dingwaga di ka nna 65. Ba kgonne jang go kwala mafoko a Jesu a neng a a bua le ditiro tsa gagwe ka tsela e di diregileng ka yone? Ga go pelaelo gore ba ne ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. (Johane 14:16, 26) Mme gone, dilo tse Jesu a neng a di ruta di ne tsa kwalwa jang ka tsela e e boammaaruri, mo di neng tsa feleletsa e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo?

“A Tota Ba ne Ba sa Itse go Bala le go Kwala”?

Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, batho bangwe ba ne ba akanya gore gongwe barutwa ba pele ba ga Jesu ba ne ba sa kwale dilo tse Jesu a neng a di ruta le tse a neng a di dira go na le moo, ba ne ba di bua fela. Ka sekai, moithuti mongwe wa Baebele a re: “Go ne ga feta masome a dingwaga pele bakwadi ba Diefangele ba ka kwala se Jesu a ileng a se bua ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa. Mo nakong eo dilo tse batho ba neng ba di itse ka Jesu ba ne ba di bua fela.” Tota e bile, babatlisisi bangwe ba re  barutwa ba pele ba ga Jesu “ba ne ba sa itse go bala le go kwala.” * Gape, ba re mo nakong e dipego tse di ka ga bodiredi jwa ga Jesu di neng di buiwa fela, di ne tsa okediwa, tsa fetolwa kgotsa tsa tlhalosiwa. Ba bolela gore ka ntlha ya seo, dipego tseo di ne tsa se ka tsa nna boammaaruri.

Kgopolo e nngwe gape e baithuti bangwe ba Baebele ba e ratang, ke ya gore gongwe barutwa ba Jesu a neng a ba rata thata ba e neng e le Bajuda, ba ne ba latela mokgwa wa borabi wa go ruta—go tshwara dilo tse o di ithutileng ka tlhogo o bo o nna o di boaboeletsa—o o neng wa thusa gore ba di bue jaaka di ntse. A barutwa ba ne ba ikaegile fela ka mokgwa ono wa go bua? Kgotsa a go kwala go ne ga thusa mo go bolokeng pego e e kaga bodiredi jwa ga Jesu? Le fa re sa tlhomamisege ka seo, go ka direga gore go ne ga thusa thata.

Batho Ba ne Ba Tlwaetse go Kwala

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba mefuta yotlhe ba ne ba itse go bala le go kwala. Porofesa wa dipuo tsa bogologolo tsa Sejuda e bong Alan Millard o akgela jaana mo ntlheng eno: “Go kwala ka Segerika, Searamaika le ka Sehebera go ne go aname thata mme batho ba maemo otlhe ba ne ba kgona go kwala ka dipuo tseo.” O oketsa ka gore: “Batho bao ke bone ba Jesu a neng a ba rerela.”

Malebana le kgopolo ya gore mekwalo ya Efangele “e simolotswe ke batho ba ba neng ba sa itse go bala le go kwala gotlhelele,” Porofesara Millard o kwala jaana: “Seo ga se utlwale ka gonne mo e ka nnang gongwe le gongwe fela batho ba ne ba itse go kwala . . . Ka jalo, gantsi go ne go na le batho ba ba ka tswang ba ne ba kwala sengwe se ba se utlwileng, gore ba se dirise mo matshelong a bone kgotsa ba se bolelele ba bangwe.”

Go bonala go ne go na le matlapanakwalelo a  a tshasitsweng bonota a a neng a ka dirisiwa go kwala tshedimosetso. Sekai sa seno se fitlhelwa mo kgaolong ya ntlha ya Luke. Sekarea, yo o neng a sa kgone go bua ka lobakanyana, o ne a bodiwa gore o ne a batla gore morwawe a bidiwe mang. Temana ya 63 ya re: “A kopa [gongwe a ba bontsha ka mabogo] sekwalelo, a kwala jaana: ‘Leina la gagwe ke Johane.’” Didikishinare tsa Baebele di tlhalosa gore lefoko “sekwalelo” le ka tswa le ne le kaya boto ya go kwalela ya logong e gongwe e tshasitsweng ka bonota. Go ka tswa go ne go na le mongwe yo o neng a tlile ka boto ya go kwalela gore Sekarea a kwale mo go yone.

Go na le sekai se sengwe se se bontshang gore diboto tsa go kwalela di ne di dirisiwa thata mo metlheng eo. Mo bukeng ya Ditiro, re bala gore Petere o ne a bua le boidiidi jo bo neng bo le mo lefelong la tempele mme a ba rotloetsa jaana: “Ikwatlhayeng . . . gore maleo a lona a phimolwe.” (Ditiro 3:11, 19) Mafoko a a reng “a phimolwe” a tswa mo lediring la Segerika le le rayang “go tlosa gotlhelele.” Buka ya The New International Dictionary of New Testament Theology ya re: “Kgopolo e lediri leno le e tlhalosang fano le mo mafelong a mangwe, e ka tswa e kaya go phimola letlapanakwalelo le le tshasitsweng ka bonota gore le dirisiwe gape.”

Gape Dipego tsa Efangele di bontsha gore mo balateding ba ga Jesu le mo bathong ba ba neng ba mo reeditse go ne go na le batho ba tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi e neng e akaretsa go kwala. Ka sekai, go ne go na le Mathaio le Sakaio ba e neng e le bakgethisi (Mathaio 9:9; Luke 19:2); modiredi wa sinagoge (Mareko 5:22); modiredi wa masole (Mathaio 8:5); Joana, mosadi wa modiredimogolo yo o neng a okametswe ke Herode Antipase (Luke 8:3); mmogo le bakwadi, Bafarasai, Basadukae le maloko a Sanehederine. (Mathaio 21:23, 45; 22:23; 26:59) Ga go pelaelo gore bontsi jwa baaposetoloi le barutwa ba ga Jesu fa e se bone botlhe, ba ne ba itse go kwala.

Baithuti, Barutisi le Bakwadi

Gore barutwa ba nne barutisi ba Bakeresete, ba ne ba sa tshwanela fela go itse se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira mme gape ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya gore Molao le boporofeti jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera bo ne bo amana jang le Keresete. (Ditiro 18:5) Se se kgatlhang ke gore, Luke o ne a kwala ka pokano nngwe e Jesu a neng a nna le yone le bangwe ba barutwa ba gagwe moragonyana fela ga tsogo ya gagwe. Jesu o ne a dira eng? “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” Morago ga moo, Jesu o ne a raya barutwa a re: “‘Ano ke mafoko a me a ke neng ka a bua le lona fa ke ne ke sa ntse ke na le lona, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.’ Go tswa foo a bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:27, 44, 45) Moragonyana barutwa ‘ba gakologelwa’ dilo tse Jesu a neng a ba boleletse tsone.—Johane 12:16.

Dipego tseno di akantsha gore baaposetoloi le barutwa ba tshwanetse ba bo ba ne ba batlisisa le go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo gore ba kgone go tlhaloganya ka botlalo bokao jwa dilo tse ba neng ba di bone le tse ba neng ba di utlwile tse  di amanang le Morena wa bone Jesu Keresete. (Luke 1:1-4; Ditiro 17:11) Porofesa mongwe wa dithuto tsa bodumedi kwa Yunibesithing ya kwa Virginia e bong Harry Y. Gamble, o ne a kwala jaana ka ntlha eno: “Ga go pelaelo gore go tswa kwa tshimologong go ne go na le Bakeresete, gongwe ditlhopha di le mmalwa tsa bone, ba ba neng ba ithuta ka tlhoafalo Dikwalo tsa Sehebera le bokao jwa tsone, ba kopanya bosupi jo bo tswang mo go tsone jwa dilo tse Bakeresete ba neng ba di dumela mme ba dira gore ba kgone go dirisa mekwalo eo mo tirong ya bone ya go rera.”

Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore barutwa ba pele ba ga Jesu ba ne ba sa ikaega fela ka dipego tse di buiwang, ba ne ba rata thata go ithuta, go bala le go kwala. E ne e le baithuti, barutisi le bakwadi. Sa botlhokwa le go feta, e ne e le banna ba ba ratang dilo tsa Bomodimo ba ba ikaegileng ka moya o o boitshepo gore o ba kaele. Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore “moya wa boammaaruri” o tla ‘busetsa mo megopolong ya bone dilo tsotlhe tse a neng a di ba boleletse.’ (Johane 14:17, 26) Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa ba thusa go gakologelwa le go kwala dilo tse Jesu a neng a di dira le go di bua, tota le dinopolo tse ditelele, tse di jaaka Thero ya kwa Thabeng. (Mathaio, dikgaolo 5-7) Gape moya o ne wa kaela bakwadi ba Diefangele gore ba kwale kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone ka dinako tse dingwe le se a neng a se bua fa a rapela.—Mathaio 4:2; 9:36; Johane 17:1-26.

Ka jalo, le fa gone dipego tsa bakwadi ba Efangele di ne di tswa mo dilong tse di neng tsa buiwa le tse di neng di kwadilwe, dilo tse ba di kwadileng di tswa mo motsweding o o ka ikanngwang le o mogolo go gaisa yotlhe—Jehofa Modimo ka boene. Ka gone, re ka tlhomamisega gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo” mme lo ka re ruta le go re kaela gore re dire dilo tse di mo itumedisang.—2 Timotheo 3:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Mo balateding ba ga Jesu le mo bathong ba ba neng ba mo reeditse go ne go na le batho ba tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi e neng e akaretsa go kwala

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa thusa barutwa ba ga Jesu ba pele go gakologelwa le go kwala dilo tse a neng a di bua le go di dira

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

 A Totatota Baaposetoloi Ba ne Ba sa Itse go Bala le go Kwala?

Fa babusi le banna ba bagolwane ba Jerusalema “ba bona go bua ka bopelokgale ga ga Petere le Johane, e bile ba lemoga gore e ne e le banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela, ba gakgamala.” (Ditiro 4:13) A tota baaposetoloi ba ne ba sa itse go bala le go kwala? The New Interpreter’s Bible e akgela jaana malebana le kgang eno: “Gongwe ga re a tshwanela go tsaya mafoko ano jaaka a ntse, jaaka e kete Petere [le Johane] ba ne ba sa tsena sekolo le gore ba ne ba sa kgone go kwala kgotsa go bala. Mafoko ao a re bontsha fela gore baaposetoloi le batho ba ba neng ba ba atlhola ba ne ba sena maemo a a tshwanang mo setšhabeng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

“O ne a kopa sekwalelo a kwala jaana: ‘Leina la gagwe ke Johane’”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Letlapanakwalelo le le tshasitsweng bonota le didirisiwa tsa go kwala, go simolola ka lekgolo la ntlha kgotsa la bobedi la dingwaga C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

© British Museum/Art Resource, NY