Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Kgotsofalo ya go Nna Mmè

Go Bona Kgotsofalo ya go Nna Mmè

 Go Bona Kgotsofalo ya go Nna Mmè

GO RALALA lefatshe gompieno, basadi ba le bantsi ba a bereka. Mo dinageng tse di tlhabologileng, palo ya basadi ba ba berekang e batla e lekana le ya banna. Mo dinageng tse di tlhabologang, gantsi basadi ba dira diura di le dintsi mo tirong ya temothuo ba dira ka natla go thusa go tlamela ba malapa a bone.

Basadi ba le bantsi ba tshwanelwa ke go dira tiro ya boitshediso ba bo ba tlhokomele ba malapa a bone le magae a bone. Basadi bano ga ba tlise fela madi a go reka dijo, diaparo le go duelela bonno mme gape ba a apaya, ba a tlhatswa le go phepafatsa ntlo.

Mo godimo ga moo, basadi ba Bakeresete ba leka go ruta bana ba bone kafa ba ka nnang le kamano e e molemo le Modimo ka teng. Mmè wa basetsanyana ba le babedi e bong Cristina, a re: “Go bua boammaaruri fela go boima go bereka le go tlhokomela lelapa segolobogolo fa o na le bana ba bannye. Ga go bonolo go tlhokomela bana ka tsela e o neng o ka rata ka yone.”

Ke eng se se tlhotlheletsang bommè gore ba ye go bereka? Ba lebana le dikgwetlho dife? A mmè o tlhoka tiro ya boitshediso gore a ikutlwe a kgotsofetse?

Lebaka La go Bo Bommè ba Bereka

Bommè ba le bantsi ba patelesega go nna le tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng. Bangwe ga ba na molekane yo o ka ba thusang ka madi a go tlamela lelapa. Banyalani bangwe ba lemogile gore madi a a amogelwang ke molekane a le mongwe ga a lekana go tlamela lelapa ka dilo tse di le tlhokang.

Mme gone ke boammaaruri gore ga se bommè botlhe ba ba dirang tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng gonne ba tlhoka madi. Bontsi jwa bone ba bereka gonne ba batla go ikutlwa ba le mosola. Bangwe ba bereka gonne ba batla go dirisa madi a bone ka tsela e ba e ratang kgotsa ba batla go ithekela dilo tse di manobonobo. Ba le bantsi ba dira tiro ya bone sentle e bile ba a e rata.

Lebaka lengwe le le ka dirang gore bommè bangwe ba ikutlwe ba patelesega go bereka ke kgatelelo ya balekane. Le fa gone batho ba le bantsi ba dumela gore bommè ba ba berekang ba lwantshana le kgatelelo ya maikutlo le letsapa, gantsi ga ba tlhaloganye mabaka a go bo bommè ba bangwe ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba bereka—e bile ba a ba sotla. Mosadi mongwe o ne a re: “Ga go  bonolo go bolelela batho ba bangwe gore ‘ga o bereke.’” A re: “Tsela e batho ba bangwe ba buang ka yone le e ba go lebang ka yone e bontsha gore ba akanya fela gore o itshenyetsa nako.” Rebeca yo o nang le morwadi wa dingwaga tse pedi a re: “Le mororo batho ba ba mo lefelong la rona ba itse gore basadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone, ke akanya gore ka tsela nngwe ba tseela bommè ba ba sa berekeng kwa tlase.”

Go Bapisa Tlhamane le Boammaaruri

Mo mafelong mangwe mo lefatsheng, metswedi ya tshedimosetso e tlhalosa “mosadi wa mmatota” e le yo o atlegileng kwa tirong—yo o duelwang madi a mantsi, a apara diaparo tsa maemo e bile a itshepa. Fa a goroga kwa gae, o kgona go kgalema bana ba gagwe, go baakanya diphoso tsa monna wa gagwe le go rarabolola mathata le fa e le afe a mo lapeng. Ke boammaaruri gore ke basadi ba le mmalwa fela ba ba ka kgonang go tshela botshelo jono jwa ditoro.

Tota gantsi ditiro di le dintsi tse basadi ba di bonang di a lapisa e bile di ba duela madi a a kwa tlase. Ka maswabi, bommè ba le bantsi ba ba berekang ba ka fitlhela gore mebereko ya bone ga e ba letle go dirisa bokgoni jwa bone ka botlalo. Buka ya Social Psychology ya re: “Le fa gone go lekiwa gore basadi ba nne le ditshwanelo tse di lekanang le tsa banna, banna ba sa ntse ba na le maemo a a kwa godimo mo ditirong e bile ba duelwa sentle. Ka jalo, basadi ba ba tsayang gore go bereka ke gone go tla dirang gore ba ikutlwe ba le botlhokwa ba mo seemong se se sa itumediseng.” Lokwalodikgang lwa kwa Spain la El País la re: “Go fopholediwa gore go ka direga gore basadi ba nne le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ka makgetlo a le mararo go na le banna, e re ka bontsi jwa bone ba na le mebereko e mebedi—kwa tirong le mo lapeng.”

Kafa Banna ba ka Thusang ka Gone

Ke boammaaruri gore ke tshwetso ya mosadi wa Mokeresete gore a o tla ya go bereka kana nnyaa. Le fa go ntse jalo, fa a nyetswe, ene le monna wa gagwe ba tshwanetse go dira tshwetso eo fa ba se na go tlotla ka kgang eo le go akanyetsa dintlha tsotlhe ka kelotlhoko.—Diane 14:15.

Go tweng fa e le gore banyalani ba swetsa gore ka ntlha ya go bo ba tlhoka madi, bobedi jwa bone ba tshwanetse go bereka tiro ya nako e e tletseng? Mo maemong ao, monna yo o botlhale o tla ela tlhoko thata kgakololo eno ya Baebele: “Lona banna lo tshwanetse lwa bontsha gore lo tlhaloganya basadi ba lona: ba tlotleng, e seng fela ka gonne ba le bokoa mo mmeleng, mme gape ka gonne lo tla itumelela mpho ya Modimo ya botshelo mmogo le bone.” (1 Petere 3:7, The Revised English Bible) Monna o bontsha go tlotla mosadi wa gagwe ka go akanyetsa gore o bokoa mo mmeleng le mo maikutlong. Fa go kgonega o tla thusa mosadi wa gagwe ka ditiro tsa mo lapeng. Jaaka Jesu, monna o tshwanetse a iketleeletsa go dira ditiro tse di tsewang e le tsa maemo a a kwa tlase, a sa gane go dira ditiro tsa mofuta oo ka gonne a tsaya gore di mo diga seriti. (Johane 13:12-15) Go na le moo, o tla leba ditiro tseno e le tsela ya go bontsha mosadi wa gagwe yo o dirang ka natla gore o a mo rata. Mosadi o tla anaanela thuso eo fela thata.—Baefeso 5:25, 28, 29.

Ga go pelaelo gore fa monna le mosadi ba patelesega go bereka, go botlhokwa gore ba dirisane mmogo kwa lapeng. Ntlha eno e ile ya gatelelwa ke pego ya lokwalodikgang la kwa Spain la ABC. Fa lo tshwaela ka patlisiso e e dirilweng ke Institute of Family Matters, lwa re palo e e kwa godimo ya tlhalo kwa Spain ga ya bakiwa fela ke “go nyelela ga melao ya boitshwaro le ya bodumedi” mme e bakilwe gape ke dintlha tse dingwe tse pedi—“go bo basadi ba bereka le go palelwa ga banna go thusa ka ditiro tsa mo lapeng.”

Seabe sa Botlhokwa sa Mmè wa Mokeresete

Le fa Jehofa a neile borre boikarabelo jo bogolo jwa go thapisa bana ba bone, bommè ba Bakeresete ba a itse gore le bone ba neilwe tiro e e botlhokwa thata—segolobogolo fa ngwana a sa ntse a le losea. (Diane 1:8; Baefeso 6:4) Jehofa o ne a bua le bommè le borre fa a ne a laela Baiseraele gore ba jalele Molao wa gagwe mo baneng ba bone. O ne a itse gore tiro eo e ne e tla ba tlhoka nako le bopelotelele, segolobogolo fa ngwana a sa ntse a gola. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne  a bolelela batsadi gore ba tshwanetse go thapisa bana ba bone fa ba le kwa gae, fa ba tsamaya mo tseleng, fa ba tsoga le fa ba rapama.—Duteronome 6:4-7.

Lefoko la Modimo le gatelela seabe sa botlhokwa le se se tlotlegang se bommè ba nang le sone, fa le laela bana jaana: “O se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Diane 6:20) Mme gone, mosadi yo o nyetsweng o tla buisana le monna wa gagwe pele ga a beela bana melao le fa e le epe fela. Le fa go ntse jalo, jaaka temana eo e bontsha, bommè ba na le tshwanelo ya go tlhoma melao. Mme bana ba ba reetsang melao ya Dikwalo le ya boitsholo e ba e rutiwang ke mmè yo o boifang Modimo ba tla solegelwa molemo fela thata. (Diane 6:21, 22) Mmè wa basimanyana ba babedi e bong Teresa, o ne a tlhalosa lebaka la go bo a sa batle tiro ya boitshediso. O ne a re: “Tiro ya botlhokwa e ke nang le yone ke go godisa bana ba me gore ba direle Modimo. Ke batla go dira tiro eno ka tsela e e molemolemo.”

Bommè ba ba Neng ba Dira Diphetogo

Kgosi ya kwa Iseraele e bong Lemuele o ne a solegelwa molemo thata ke matsapa a magolo a mmaagwe a neng a a tsaya go mo ruta. “Molaetsa o o botlhokwa thata” o a neng a o naya Lemuele go “mo gakolola” o tsentswe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (Diane 31:1; 2 Timotheo 3:16) Tsela e mmè yono a neng a tlhalosa mosadi yo o nang le bokgoni ka yone e sa ntse e thusa makau go tlhopha molekane wa lenyalo ka botlhale. Mme ditlhagiso tse a mo nayang tsone ka boitsholo jo bo sa siamang le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng di sa ntse di dira le gompieno fela jaaka fa di ne di kwalwa la ntlha.—Diane 31:3-5, 10-31.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a akgola mmè mongwe yo o bidiwang Yunise ka tiro e e molemo e a neng a e fitlhelela fa a ne a ruta morwawe e bong Timotheo. E re ka monna wa gagwe e ne e se modumedi, gongwe o ne a obamela medimo ya kwa Gerika, Yunise o ne a tlhoka go tlhotlheletsa Timotheo go dumela “mekwalo e e boitshepo.” Yunise o ne a simolola leng go ruta Timotheo Dikwalo? Pego e e tlhotlheleditsweng ya re e ne e le “go tswa boseeng”—ka mafoko a mangwe fa Timotheo a sa ntse a le losea. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Ga go pelaelo gore tumelo ya ga Yunise le sekao sa gagwe mmogo le se a neng a mo ruta sone, se ne sa thusa Timotheo go ipaakanyetsa tirelo ya borongwa e a neng a tla e dira mo isagweng.—Bafilipi 2:19-22.

Gape Baebele e umaka bommè ba go amogela batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang mo malapeng a bone go ileng ga thusa bana ba bone go tsalana le batho ba ba neng ba ba tlhomela sekao se se molemo. Ka sekai, ka metlha mosadi mongwe wa Moshunema o ne a amogela moporofeti Elisha mo ntlong ya gagwe. Moragonyana Elisha o ne a tsosa morwawe yo o neng a sule. (2 Dikgosi 4:8-10, 32-37) Akanya gape ka sekai sa ga Marea, mmaagwe mokwadi wa Baebele e bong Mareko. Go lebega a ne a bula ntlo ya gagwe kwa Jerusalema gore barutwa ba pele ba kopanele mo go yone. (Ditiro 12:12) Ruri Mareko o ne a solegelwa molemo ke go tsalana le baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba ba neng ba tla kwa gaabo ka metlha.

Ga go pelaelo gore Jehofa o anaanela thata tiro ya basadi ba ba ikanyegang ba ba rutang bana ba bone melaometheo ya gagwe. O rata basadi bano ka ntlha ya boikanyegi jwa bone le matsapa a ba a tsayang go thusa ba malapa a bone go rata dilo tsa semoya.—2 Samuele 22:26; Diane 14:1.

Go Tlhopha Sengwe se se Kgotsofatsang Thata

Fela jaaka dikai tsa Dikwalo tse di fa godimo di bontsha, go tlhokomela lelapa sentle ka dilo tse le di tlhokang mo nameng, mo semoyeng le mo maikutlong go lere matswela a a itumedisang. Mme gone ga go motlhofo go dira jalo. Gantsi tiro ya mmè ya kwa lapeng e mo tlhoka go le gontsi go na le tiro epe fela ya boitshediso ya maemo a a kwa godimo.

Ke boammaaruri gore fa mmè a tlhopha go tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso morago ga go buisana le monna wa gagwe, ba lelapa ba ka tshwanelwa ke go fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone fa a sa ntse a bereka mme a ka nna a tshwanelwa ke go itshokela go sotliwa ke batho bangwe ba ba sa tlhaloganyeng lebaka la go bo a  tlogetse tiro. Mme melemo e a tla e bonang e tla nna megolo. Paqui o na le bana ba le bararo mme o tlhoka go dira tiro e e seng ya malatsi otlhe. A re: “Ke rata gore bana ba mphitlhele mo gae fa ba tswa kwa sekolong e le gore go nne le mongwe yo ba tla tlotlang le ene.” Bana ba gagwe ba solegelwa molemo jang? A re: “Ke ba thusa ka tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae mme fa go nna le mathata, ke kgona go a rarabolola gone fela foo. Nako e re e fetsang re le mmogo letsatsi le letsatsi e thusa gore go nne le puisano e e molemo. Ke anaanela thata nako e ke e fetsang le banake mo ke neng ka gana tshono ya go bereka nako e e tletseng.”

Bommè ba le bantsi ba Bakeresete ba lemogile gore fa ba fokotsa nako e ba e dirisang mo tirong ya boitshediso, botlhe mo lelapeng ba solegelwa molemo. Cristina yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke tlogela go bereka, go ne go bonala e kete mathata a mo lelapeng a ne a fokotsega. Ke ne ka nna le nako ya go tlotla le banake le go thusa monna wa me ka ditsela di le dintsi tse di molemo. Ke ne ka simolola go itumelela go ruta basetsanyana ba me, go ba bona ba ithuta le go ba bona ba gatela pele.” Cristina o gopola tiragalo nngwe e e kgethegileng. A re: “Morwadiake wa ntlha o ne a simolola go ithuta go tsamaya a le kwa lefelong la go tlhokomela bana mme wa bobedi ene ke ne ka mo ruta go tsamaya re le kwa gae. Ke ne ka mmona fa a tsaya dikgato tsa ntlha a bo a wela mo diatleng tsa me. Tiragalo eo e ile ya dira gore ke ikutlwe ke kgotsofetse fela thata!”

Ntlha nngwe e e tlhokang go akanyediwa ke gore fa mmè a tlogela tiro go ka nna ga se ka ga nna le mathata a a kalo a madi jaaka go ne go lebeletswe. Cristina o tlhalosa jaana: “Bontsi jwa madi a ke neng ke a amogela ke ne ke a dirisetsa go duela lefelo la go tlhokomela bana le sepalangwa. Fa re sekaseka seemo sa rona ka kelotlhoko re ile ra lemoga gore tiro ya me ya boitshediso e ne e sa tlise madi a a kalo mo lapeng.”

Fa banyalani bangwe ba sena go sekaseka seemo sa bone, ba lemoga gore melemo e e nnang teng fa mmè a tlhokomela lelapa e megolo go feta madi ape fela a a ka ba latlhegelang. Monna wa ga Cristina e bong Paul a re: “Ke itumedisiwa ke go bo mosadi wa me a sa bereke mme a kgona go tlhokomela bana ba rona ba babedi. Fa mosadi wa me a ne a sa ntse a bereka re ne re ikutlwa re ngomogile pelo fela thata.” Tshwetso e banyalani bano ba neng ba e tsaya e ile ya ama jang basetsanyana ba bone ba babedi? Paul a re: “Ga ba ikutlwe ba sireletsegile fela mme ba sirelediwa thata mo tlhotlheletsong e e bosula e ba lebanang le yone fa ba ntse ba gola.” Ke ka ntlha yang fa banyalani bano ba bona go le botlhokwa thata gore ba dirise nako e ntsi ka mo go ka kgonegang le basetsanyana ba bone? Paul o araba jaana: “Ke tlhomamisegile gore fa rona batsadi re sa rute bana ba rona, mongwe o tla ba ruta.”

Go bonala sentle gore banyalani bangwe le bangwe ba tshwanetse go sekaseka seemo sa bone, mme ga go na ope yo o tshwanetseng go tshwaya phoso ditshwetso dipe fela tse ba bangwe ba ka di dirang. (Baroma 14:4; 1 Bathesalonika 4:11) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go akanyetsa melemo e mentsi e e nnang teng mo lelapeng fa mmè a sa bereke. Fa Teresa yo o umakilweng pelenyana a sobokanya kafa a ikutlwang ka teng ka kgang eno a re: “Ga go na sepe se se kgotsofatsang go feta go dirisa nako e ntsi ka mo go ka kgonegang o tlhokomela le go ruta bana ba gago.”—Pesalema 127:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bommè ba Bakeresete ba nna le seabe mo tirong e e botlhokwa ya go thapisa bana ba bone